Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Ile ba Fetola Dilo Dingwe Tse ba Neng ba di Dumela?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Ile ba Fetola Dilo Dingwe Tse ba Neng ba di Dumela?

 Dilo tse re di dumelang di theilwe mo Baebeleng, ka jalo fa go na le sengwe se re neng re se dumela mme re bo re lemoga gore re ne re sa se tlhaloganye sentle, re a se fetola. a

 Seno se dumalana le mafoko a a mo go Diane 4:​18 a a reng: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” Go tshwana le fa go nna matsha, fa letsatsi le ntse le tlhaba, motho o simolola go bona dilo sentle, ka tsela e e tshwanang, Modimo o re thusa go tlhaloganya Baebele ka iketlo. (1 Petere 1:10-12) Baebele e ile ya bolelela pele gore Modimo o dira gore mo ‘motlheng wa bokhutlo’ lesedi leno le phatsime thata.—Daniele 12:4.

 Diphetogo tseno ga di re makatse e bile ga di re tshwenye. Baobamedi ba Modimo ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba sa tlhaloganye dilo dingwe sentle, mme ba ne ba tshwanelwa ke go fetola tsela e ba akanyang ka yone.

  •   Fa Moshe a ne a na le dingwaga tse 40, o ne a akanya gore ke yone nako ya gore Modimo a mo dirise go golola setšhaba sa Iseraele.—Ditiro 7:23-25, 30, 35.

  •   Baaposetoloi ba ne ba sa tlhaloganye boporofeti jo bo neng bo tlhalosa gore Mesia o tla bolawa a bo a tsosiwa mo baswing.—Isaia 53:8-12; Mathaio 16:21-23.

  •   Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye gore “letsatsi la ga Jehofa” le tla tla leng.—2 Bathesalonika 2:1, 2.

 Modimo o ne a thusa batlhanka ba gagwe ba nako e e fetileng mme re solofela gore le rona o tla re thusa.—Jakobe 1:5.

a Ga re leke go fitlha gore re ne re sa tlhaloganye ditemana dingwe tsa Baebele sentle. Tota e bile, re di kwala mo dikgatisong tsa rona. Ka sekai, tsena mo Laeborari ya mo Internet mme o thaepe “Go Tlhalosa Se re Se Dumelang.”