Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ba Dirisana le Madumedi a Mangwe?

A Basupi ba ga Jehofa ba Dirisana le Madumedi a Mangwe?

 Le fa Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go tlotla ka Baebele le batho ba madumedi a a farologaneng, ga re kopanele le bone mo dilong tsa bodumedi. Baebele ya re Bakeresete ba boammaaruri ba “kopanngwa mmogo ka kutlwano” mme selo sa konokono se se dirang gore ba utlwane jalo ke ka gonne botlhe ba dumela dilo tse di tshwanang. (Baefeso 4:16; 1 Bakorintha 1:10; Bafilipi 2:2) Ga re dumele fela gore dinonofo tse di jaaka lorato, kutlwelobotlhoko le go itshwarela ke dinonofo tsa botlhokwa. Dilo tse re di dumelang di theilwe mo Baebeleng.—Baroma 10:2, 3.

 Baebele ga e re rotloetse gore re kopanele le batho ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang ka gonne seo se ka koafatsa tumelo ya rona. (2 Bakorintha 6:14-17) Ke ka moo Jesu a neng a sa letlelele barutwa ba gagwe gore ba ikopakopanye le batho ba ba sa dumeleng dilo tse ba di dumelang. (Mathaio 12:30; Johane 14:6) Ka tsela e e tshwanang, Molao o Modimo a neng a o neile Moshe o ne o laela Baiseraele ba bogologolo gore ba se ka ba obamela dilo tse baagelani ba bone ba neng ba di obamela. (Ekesodo 34:11-14) Moragonyana Baiseraele ba ba ikanyegang ba ile ba gana thuso e e neng e tla dira gore ba feleletse ba dirisana le batho ba bodumedi bo sele.—Esera 4:1-3.

A Basupi ba ga Jehofa ba bua le batho ba madumedi a mangwe?

 Ee. Go bontsha seo, re ile ra dirisa diura di le 1 791 490 713 re bua le batho ba madumedi a a farologaneng. Fela jaaka Paulo, fa re rerela batho ba bangwe, re leka go tlhaloganya dilo tse ba di dumelang. (1 Bakorintha 9:19-22) Mo godimo ga moo, re leka go latela kgakololo ya Baebele ya gore re bontshe batho ba bangwe “tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:15.