Fetela kwa tshedimosetsong

Tiro ya go Gatisa mo Lefatsheng Lotlhe—Batho ba Thusiwa go Ithuta ka Modimo

Tiro ya go Gatisa mo Lefatsheng Lotlhe—Batho ba Thusiwa go Ithuta ka Modimo

Batho mo lefatsheng lotlhe ba bala dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Ba le dimilione ba bala dikgatiso tseno mo Internet, jaaka o dira gone jaanong. Le fa go ntse jalo, o ka gakgamadiwa ke go itse ka bogolo jwa tiro ya rona ya go gatisa. Fa e sa le ka 2013, re ntse re gatisa dibuka tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di ka nna 700 e bile re di anamisa mo dinageng di le 239.

Pele ga 1920, re ne re gatisediwa ke difeme dingwe. Mo go one ngwaga oo, re ne ra simolola go ikgatisetsa dingwe tsa dimakasine le dibukana mo lefelong lengwe le lennye le le hirilweng mo Brooklyn, New York. Re simolotse jalo mo lefelong le lennye, mme gone jaanong re na le mafelo a go gatisa a le 15 kwa Afrika, Amerika Bokone, Amerika Borwa, Asia, Australia le Yuropa.

Buka ya Rona e e Botlhokwatlhokwa

Buka e e botlhokwatlhokwa e re e gatisang ke Baebele. Ka 1942, re ne ra ikgatisetsa Baebele e e feletseng ya ntlhantlha; e ne e le King James Version ya Seesemane. Fa e sa le ka 1961, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ranola le go gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e feletse e bile e le bolumo e le nngwe. Ka 2013, re ne re setse re gatisitse dikhopi di feta dimilione di le 184 tsa Baebele eno ka dipuo di le 121.

Tota dipalopalo tseno ga di tlhalose dintlha tsotlhe. Dibaebele tse re di gatisang di thata e bile ga di senyege ka bonako. Di gatisiwa mo pampiring e e se nang asiti gore ditsebe tsa yone di se ka tsa nna serolwana, mme ditsebe tseno di kopantswe sentle. Seno se dira gore Baebele e nne e lebega sentle le fa e dirisiwa thata letsatsi le letsatsi.

Dikgatiso Tse Dingwe

Gape re gatisa dikgatiso tse di thusang batho go tlhaloganya Baebele. Bona dingwe tsa dipalopalo tsa 2013:

  • Tora ya Tebelo, lokwalopaka lwa rona lwa konokono, e gatisiwa ka dipuo di feta 210 e bile ke makasine o o anamisiwang thata mo lefatsheng. Kgatiso nngwe le nngwe ya makasine ono wa ditsebe di le 16 e gatisiwa ka dikhopi di ka nna 45 000 000.

  • Tsogang! e e tsamaisanang le makasine wa Tora ya Tebelo—e bile e le ya bobedi go anamisiwa thata—e gatisiwa ka dipuo di le 99. Go gatisiwa dikhopi di ka nna 44 000 000 tsa kgatiso nngwe le nngwe ya yone.

  • Totatota Baebele e Ruta Eng? ke buka ya khabara e e seng thata ya ditsebe di le 224, e e diretsweng go thusa mmadi go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele. Fa e sa le ka 2005, dikhopi di feta dimilione di le 214 di gatisitswe ka dipuo di feta 240.

  • Reetsa Modimo ke boroutšhara jwa ditsebe tse 32 jo bo diretsweng go thusa batho ba ba sa kgoneng go bala sentle. Bo tlhalosa dithuto tse di motlhofo tsa Baebele bo dirisa ditshwantsho tse dintle le mafoko a makhutshwane a a di tlhalosang. Go setse go gatisitswe dikhopi di le dimilione di feta 42 ka dipuo di feta 400.

Kwantle ga dikgatiso tseno, Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dibuka, diboroutšhara le dipampitshana tse di farologaneng tse di thusang baithuti ba Baebele go dira dipatlisiso ka dipotso tse ba nang le tsone ka Baebele, go lebana le mathata a botshelo le go nna le malapa a a itumetseng. Ka 2012, mafelo a bogatisetso a Basupi ba ga Jehofa a gatisitse dimakasine di feta dibilione di le 1,3 le dibuka le Dibaebele di feta dimilione di le 80.

Ka 2012, mafelo a bogatisetso a Basupi ba ga Jehofa a gatisitse dimakasine di feta dibilione di le 1,3 le dibuka le Dibaebele di feta dimilione di le 80

Gantsi batho ba ba etelang mafelo a rona a bogatisetso ba gakgamalela batho ba ba dirang ka natla go gatisa dikgatiso tseno. Banna le basadi bano ba dirisa nako le maatla a bone ka go rata. Bontsi jwa bone fa bo tla mo Bethele, leina le le kayang “Ntlo ya Modimo,” ba a bo ba se na maitemogelo a go dira mo lefelong la bogatisetso. Le fa go ntse jalo, thulaganyo ya go ba thapisa le thuso ya badiri ka bone e ba naya bokgoni jo ba bo tlhokang. Ka sekai, go tlwaelegile go bona makawana a dingwaga tsa bo20 a bereka mo motšhineng o o kgonang go gatisa dimakasine di le 200 000 tsa ditsebe di le 16, ka ura.

Re Tsaya Kae Madi?

Tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Kgatiso ya August 1879 ya Zion’s Watch Tower, e jaanong e bidiwang Tora ya Tebelo, e ne ya re: “Jaaka re dumela, ‘Zion’s Watchtower’ e tshegediwa ke JEHOFA, mme fa a sa ntse a dira jalo ga e kitla e kopa batho gore ba e tshegetse.” Re sa ntse re ikutlwa jalo.

Goreng re dirisa nako, madi le maatla a kana kana mo tirong eno? Ka gonne re solofela gore le fa o ka tswa o bala nngwe ya Dibaebele le dibuka di le dimilionemilione tse re di gatisang kgotsa o bala dikgatiso tseno mo Internet, di tla go thusa go atamalana le Modimo.