Fetela kwa tshedimosetsong

Dinepe Tsa Kwa Warwick Karolo 1 (May go ya go August 2014)

Dinepe Tsa Kwa Warwick Karolo 1 (May go ya go August 2014)

Basupi ba ga Jehofa ba aga ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Warwick, New York. Go simologa ka May go ya go August 2014, go ile ga nna le tswelelopele mo tirong ya go aga Lefelo la go Baakanya Dikoloi, Diofisi Tsa Tsamaiso le Tsa go Tlhokomela Dikago mmogo le dikago tse batho ba tla nnang mo go tsone tsa karolo C le D. Dinepe tseno di bontsha tiro e e neng ya dirwa ka nako eo.

Setshwantsho sa kafa Warwick e tlileng go nna ka gone fa e weditswe. Go tloga ka fa molemeng go ya ka fa mojeng:

  1. Lefelo la go Baakanya Dikoloi

  2. Lefelo le Baeng ba Phakang mo go Lone

  3. Dikago Tsa go Baakanya Dilo/Lefelo le Baagi ba Phakang mo go Lone

  4. Karolo B ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

  5. Karolo D ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

  6. Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

  7. Karolo A ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

  8. Diofisi Tsa Tsamaiso/Dikago Tsa Ditirelo

May 1, 2014—Setsha sa Warwick

Fa o lebile go tswa kwa borwabophirima, o lebile kwa bokone jwa Lekadiba la Sekgwa sa Sterling (Blue Lake). Kago e e gonyetseng eo e tlile go nna phaposi e e ka fa tlase ga karolo D ya lefelo le batho ba nnang mo go lone. Gaufi le lekadiba, go dirwa konkereite ya karolo C ya lefelo le batho ba nnang mo go lone.

May 14, 2014—Lefelo le dilo tsa go aga di kopanngwang mo go lone

Badiri ba kopanya ntlwana ya go tlhapela. Ntlwana eo e akaretsa diforeimi, lobota, diphaepe tsa metsi le tsa motlakase, sefetlhamowa le bata ya go tlhapela. Ntlwana eo e tla felelediwa fa e setse e tsentswe mo kagong.

May 22, 2014—Lefelo la go Baakanya Dikoloi

Badiri ba ba tsenyang diphaepe ba berekela mo phaposing e e kwa tlase. Ka nako ya porojeke eno, badiri ba ka nna 500 ba tla e dirisetsa go jela mo go yone e bile dikarolo tse dingwe tsa yone di tla dirisediwa go nna batho ba le 300. Fa porojeke e ya bokhutlong, kamore eno ya go jela e tla ntshiwa mme e bo e baakanngwa gore e nne lefelo le go baakanyediwang dikoloi mo go lone.

June 2, 2014—Lefelo la go Baakanya Dikoloi

Badiri ba tshela mmu o o tla dirisediwang go lema mo borulelong. Dimela tse di lemilweng mo godimo ga borulelo, di thusa gore motlakase o se ka wa dirisiwa thata, di thibela metsi a pula gore a se ka a elela ka bontsi e bile di tlhotlha dikhemikale tse di kotsi tse di mo metsing a pula.

June 5, 2014—Diofisi Tsa Tsamaiso/Dikago Tsa Ditirelo

Kago eno e tla bo e dirilwe ka dikago di le tharo tse di nang le boatlhamo jwa disekweremetara di le 42 000. Fano re bona badiri ba konteraka e e hirilweng ba tsenya ditshipi tse di tla tlhomamisang gore lobota loo lo tiile thata.

June 18, 2014—Lefelo la go Baakanya Dikoloi

Badiri ba dirisa molelo wa gase ya propane go tsenya borulelo jwa sekontere. Ba dirisa didirisiwa tse di ba thusang gore ba se ka ba wa.

June 24, 2014—Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

Diphaepe mmogo le didirisiwa tsa lefapha la HVAC di a tsenngwa. Go na le basadi ba le bantsi ba ba berekang mo porojekeng eno ya kwa Warwick.

July 11, 2014—Montgomery, New York

Kago eno e e dirisediwang go baya le go betla dilo e ne ya rekiwa ka February 2014 gore e dirisiwe ka nako ya porojeke. E boatlhamo jwa disekweremetara di le 20 000. Dilo tse ditshweu tse o di bonang moo ke matlwana a go tlhapela a a emetseng go isiwa kwa lefelong la kago.

July 24, 2014—Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

Seno ke se o se bonang fa o eme gaufi le kago ka fa bokonebotlhaba. Go tlile go nna baithaopi ba kwa ntlokgolong ba ka nna 200. Bontsi jwa dikamore di bogolo jwa disekweremetara tse di fa gare ga 30 le 55 mme di na le ntlwana ya boapeelo e nnye, ntlwana ya go tlhapela le balekhone e nnye.

July 25, 2014—Kago ya Ditirelo/Mo Baagi ba Phakang Gone

Ba baakanyetsa go aga. Go ela kwa godimo ka fa molemeng, sedirisiwa sa go sila se sila maje a a tla dirisiwang fa go agiwa. Fa porojeke eno e ela kwa bokhutlong, go tla bo go ntshitswe mmu o montsi tota mo setsheng sa Warwick. Letsatsi le letsatsi go tswa diteraka tsa matlakala di ka nna 23.

July 30, 2014—Lefelo la go Baakanya Dikoloi

Go a lemiwa mo borulelong.

August 8, 2014—Setsha sa Warwick

Fa o se lebile go tswa kwa godimo, o lebile o le mo godimo ga dikago tsa ofisi go ela kwa borwabophirima. Fa o lebile kwa tlase go ela ka fa molemeng o tla bona Lefelo le Baeng ba Phakang mo go lone mme ga jaana letsatsi le letsatsi le tlala ka dikoloi tse baithaopi ba tlileng ka tsone. Basupi bangwe ba kgweetsa diura di ka nna 12 go ya kwa kagong gore ba kgone go ithaopela go bereka malatsi a le mararo kgotsa a le mane.

August 13, 2014—Lefelo la go Baakanya Dikoloi

Ba tloga ba fetsa go aga mo kamoreng eno ya bojelo. Go tla dirisiwa disekirini (ga di ise di tsenngwe) le dipikara tse di akgilweng mo siling go gokaganya badiri le ofisi ya lekala ya kwa United States ka nako ya temana ya letsatsi le ya dithulaganyo tse dingwe tsa semoya.

August 14, 2014—Diofisi Tsa Tsamaiso/Kago ya Ditirelo

Ba tshela konkereite mo boalong jwa ntlha. Ka fa mojeng, modiri o dirisa motšhine go tlhomamisa gore ga go na mowa mo konkereiteng le gore e tiile thata.

August 14, 2014—Diofisi Tsa Tsamaiso/Kago ya Ditirelo

Mesele e e tlileng go tsenya diphaepe tse di tsamaisang motlakase e siametse go ka tswalwa.

August 14, 2014—Diofisi Tsa Tsamaiso/Kago ya Ditirelo

Tiro ya go tshela konkereite mo boalong jwa ntlha e gaufi le go wediwa. Go tla go fitlha ga jaana, ke yone konkereite e kgolo e e ileng ya tshelwa kwa porojekeng ya Warwick. Konkereite eno e ne e tlhakantswe kwa lefelong le le mo setsheng seo, ga dirisiwa dilori di le robedi le diphaepe tsa konkereite di le pedi mme ga tsaya diura di le tlhano le halofo go e tshela. Kago e e mo gare eo ke ya disetepisi tse batho ba tla di dirisang.

August 14, 2014—Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

Go agiwa lobota la kwa borulelong le le sireletsang motho gore a se ka a wela kwa tlase. Ka fa moragonyana, ba ntse ba tshwaragane le go aga phaposi e e kwa tlase ya karolo A ya lefelo le batho ba nnang mo go lone.

August 15, 2014—Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

Ntlwana ya go tlhapela e e ileng ya kopanngwa e folosediwa mo boalong jwa boraro. Kwa porojekeng ya Warwick go dirisiwa thata dilo tse di setseng di kopantswe go tswa kwa feketiring ka gonne ba sa batle gore setsha se tlale ka dilo tse di tla kgoreletsang porojeke.

August 20, 2014—Karolo C ya Lefelo le Batho ba Nnang mo go Lone

Badiri ba konteraka ba tsenya lobota la konkereite e e tla thusang go boloka motlakase. Konkereite e pentilwe, ka jalo, ga e tlhoke go baakanngwa nako le nako. Porojeke e tla wediwa ka nako ka gonne konkereite eo ga e tseye nako e telele go e tsenya.

August 31, 2014—Setsha sa Warwick

Fa o se lebile go tswa kwa khoneng e e ka fa borwabophirima. Fa o leba fa pele ga gago, o tla lemoga gore go ntse go baakanyediwa go aga karolo D ya lefelo le batho ba nnang mo go lone mme mo morago ga yone karolo C e tloga e wediwa.