Fetela kwa tshedimosetsong

Ditshwantsho Tsa Kwa Warwick (March Go ya Go August 2016)

Ditshwantsho Tsa Kwa Warwick (March Go ya Go August 2016)

Bona ditshwantsho tse di bontshang tiro e e ntseng e dirwa kwa ntlokgolong e ntšha ya Basupi ba ga Jehofa le kafa baithaopi ba ileng ba thusa ka gone mo porojekeng eno go tloga ka March go fitlha ka August 2016.

Setshwantsho sa dikago tsa Warwick. Go tloga ka fa molemeng kwa godimo:

  1. Kago ya go Baakanya Dikoloi

  2. Fa Baeng ba Phakang Gone

  3. Kago ya go Baakanya Dilo/Fa Baagi ba Phakang Gone

  4. Kago ya Bonno B

  5. Kago ya Bonno D

  6. Kago ya Bonno C

  7. Kago ya Bonno A

  8. Diofisi/Kago ya Ditirelo

March 16, 2016—Setsha sa Warwick

Badiri ba pagolola ditlhare tse ba tlileng go di lema. Go lemiwa ditlhare di feta 1 400 kwa setsheng sa Warwick.

March 23, 2016—Kago ya go Baakanya Dikoloi

Baithaopi ba kwa Warwick ba gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa. Go ne go na le batho ba le 384 ba ba neng ba le gone kwa tiragalong eno e Basupi ba ga Jehofa ba e ketekang ngwaga le ngwaga.

April 15, 2016—Setsha sa Warwick

Baithaopi ba tsenya difensetere kwa hekeng e e tlileng go dirisediwa go amogela baeng, go tlhokomela lefelo le go bulela dikoloi tse di tsenang le tse di tswang.

April 19, 2016—Dioifisi/Dikago Tsa Tirelo

Rre le morwawe ba tsenya dikhapete mo diofising. Go motlhofo go dirisa dikhapete tseno mo mafelong a batho ba tsamayang mo go one ka gonne ga go thata go di tsenya.

April 27, 2016—Diofisi/Dikago Tsa Tirelo

Baithaopi ba tsenya mabota a a kgaoganyang diofisi. Mabota ano a thusa gore mafapha a kgone go nna le diofisi tse di lekaneng.

May 10, 2016—Diofisi/Dikago Tsa Tirelo

Moithaopi o baakanya lefelo le matlwana a tlileng go agiwa mo go lone. Mme lefelo leo le gaufi le fa batho ba gorogelang teng.

May 26, 2016—Setsha sa Warwick

Baithaopi ba rutiwa go tima molelo. Go ikatisa gono go thusa baithaopi bano gore ba kgone go tima molelo ka bonako fa maemo a tshoganyetso a ka tlhaga e bile ba thusa go sireletsa baagi le dikago tsa kwa Warwick. Seno se fokotsa tiro ya batimamolelo ba puso.

May 30, 2016—Diofisi/Dikago Tsa Tirelo

Mokaulengwe o bontsha badiri gore ba nne kae pele thulaganyo ya temana ya letsatsi e simolola.

May 31, 2016—Dikago Tsa go Baakanya Dilo/Fa Baagi ba Phakang Gone

Moithaopi o tsenya matshwao a a thusang baagi le baeng go itse kwa ba yang gone. Go na le matshwao a go tshwana le ano a feta 2 500 kwa Warwick.

June 1, 2016—Diofisi/Dikago Tsa Tirelo

Moithaopi o lomaganya ditshipi tse motho a itshegeletsang ka tsone fa a tlhatloga kgotsa a fologela mo ditepising tsa holo. Kobo e e mo setshwantshong seno e thusa gore ditlhase di se ka tsa tshwara molelo e bile e sireletsa kago gore e se ka ya sha.

June 9, 2016—Diofisi/Dikago Tsa Tirelo

Moithaopi o o berekang mo lefapheng la go tsenya mabota le siling o feleletsa go penta lobota lo lo yang kwa lefelo le le bontshang hisitori ya Basupi. Lefelo lengwe le lengwe le na le tsela e le rulagantsweng ka yone.

June 16, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Badiri ba tsenya dilo tse di tiisang lobota lo dikoloi di tlileng go feta mo go lone. Seno se dira gore konkereite e nna thata, e se ka ya senyega ka bonako le gore e kgone go baakanngwa motlhofo.

June 29, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Baithaopi ba rulela ka galase mo lefelong le baeng ba tsenang mo go lone. Seno se thusa gore go nne le lesedi le le lekaneng mo lefelong leo.

June 29, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Monna le mosadi wa gagwe ba tsenya dithaele mo lefelong le baeng ba tsenang mo go lone fa ba ya kwa karolong e e bontshang Dibaebele le leina la Modimo.

July 6, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Moithaopi o tsenya ditulo mo holong. Go na le ditulo di le 1 018 mo holong eo. Holo eno e tla dirisediwa go tshwara thuto ya Tora ya Tebelo le mananeo a mangwe a Baebele.

July 9, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Baithaopi ba ba berekang ka dithaele le motlakase ba tsenya letshwao le le amogelang baeng.

July 13, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Baithaopi ba babedi ba ipaakanyetsa go isa metsi kwa badiring ba bangwe. Baithaopi ba ba agang ba kgothalediwa go nwa metsi a mantsi ka gonne go tle go nne mogote thata kwa Warwick.

July 19, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Moithaopi o baakanya lefelo le Dibaebele tse di kgethegileng di tlileng go bewa mo go lone. Mo lefelong leno, go tlile go bewa Dibaebele tse di farologaneng le didirisiwa tsa motlha wa Baebele.

July 22, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Moithaopi o tsenya Australia le Southeast Asia mo mmapeng o o tlileng go bewa mo loboteng lo lo mo lefelong le baeng ba gorogelang kwa go lone. Leina la Modimo e bong Jehofa le tlhagelela ka dipuo di feta 700 mo loboteng loo.

July 23, 2016—Diofisi/Kago ya Ditirelo

Maloko a lelapa la Bethele a bontshiwa matshwao a a ba bontshang tsela e kago ya Warwick e leng ka yone le tsela e ba ka itshireletsang ka yone.

August 17, 2016—Setudio sa JW Broadcasting

Baithaopi ba baakanya lefelo le mokaulengwe yo o dirang thulaganyo ya Broadcasting a tlileng go nna mo go lone. Didirisiwa tsotlhe tse ba neng ba di dirisa kwa Brooklyn di tlile go tsenngwa mo setudiong seno.

August 24, 2016—Setsha sa Warwick

Moithaopi o tsenya letshwao le lesha kwa baeng ba tsenang gone fa ba etela dikago tsa Warwick. Fa e sa le go tloga ka September 1, mafapha a le mantsi a kwa ntlokgolong a ne a setse a simolotse tiro ya one kwa dikagong tseno tse disha.