Fetela kwa tshedimosetsong

Buka ya Dipolelo Tsa Baebele e Isiwa Kwa Sekolong

Buka ya Dipolelo Tsa Baebele e Isiwa Kwa Sekolong

Thanolo ya Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele ya Se-Pangasinan e e golotsweng ka 2012, e thusa bana ba sekolo ba ba buang puo eno kwa Philippines. Kgatiso eno e tsamaisana sentle le kaelo ya Lefapha la Thuto la kwa Philippines ya gore bana ba kwa dikolong tse di potlana ba rutiwe ka puo ya bone.

Go buiwa dipuo di feta 100 kwa Philippines, ka jalo kgang ya gore go dirisiwe puo efe fa go rutiwa kwa sekolong ga e bolo go nna kgang ya moruthutha. Ka 2012, Lefapha la Thuto le ne la lemoga gore fa batho ba rutiwa ka “dipuo tsa bone” ba “tshwara ka bonako.” Seo se ne sa dira gore go tlhomiwe thulaganyo ya “Go Ruta Batho ka Dipuo Tsa Bone le Tse Dingwe.”

Se-Pangasinan ke nngwe ya dipuo tse di neng tsa tlhophiwa gore di dirisiwe go ruta bana. Mme go ne go na le bothata. Mogokgo wa sekolo sengwe o ne a re ga go na dibuka tse dintsi tsa Se-Pangasinan tse baithuti ba ka di dirisang. Ka jalo, Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele ya Se-Pangasinan e Basupi ba ga Jehofa ba e golotseng kwa dikopanong tsa bone tsa kgaolo ka Ngwanatsele 2012, e ne e tlile ka nako.

Go ne ga ntshiwa dibuka di le 10 000 kwa dikopanong. Bana le batsadi ba ne ba itumelela go amogela buka eno ka puo ya bone. Banyalani bangwe ba ne ba re: “Bana ba rona ba a e rata ka gonne ba kgona go e tlhaloganya sentle.”

Ka bonako fela morago ga kopano, Basupi ba le mmalwa ba ne ba tsamaya ka dibuka tsa bone tsa Dipolelo Tsa Baebele kwa sekolong sengwe kwa Dagupan City. Barutabana ba koo, ba ba neng ba sa kgone go bona dibuka tsa Se-Pangasinan, ba ne ba itumelela buka eno. Go ne ga anamisiwa dibuka di feta 340. Ka yone nako eo barutabana ba ne ba simolola go dirisa buka eno go ruta bana go bala ka puo ya bone.

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela gore kgatiso eno e thusa thata mo go ruteng bana ba babotlana. Mongwe wa baranodi ba ba neng ba thusa go ranola Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele o ne a re: “Ga re bolo go lemoga botlhokwa jwa go ranola dikgatiso ka dipuo tse batho ba di buang gore di fitlhelele dipelo. Ke sone se Basupi ba lekang ka natla go ranolela Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele mo dipuong di le makgolokgolo.”