Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba Kgothatsa Batho Kwa Fora

Basupi ba Kgothatsa Batho Kwa Fora

Ngwaga le ngwaga naga ya Fora e tshwara dikgaisano tsa lobelo lwa dibaesekele lo lo bidiwang Tour de France mme ka 2016 lo ile lwa simolola ka di 2 go ya go di 24 tsa July. Le fa eno e le tiragalo e e itumedisang, batho ba ne ba tshogile. Ka 2015, go ile ga nna le ditiragalo di le mmalwa tsa borukhutlhi tse mo go tsone go ileng ga swa batho ba feta 100. Mme ka letsatsi la boikhutso la July 14, 2016, monna mongwe o ne a thula batho ka teraka fa ba ne ba keteka tiragalo nngwe e e kgethegileng kwa toropong ya Nice. Tlhaselo eo e ne e ya tlogela batho le bantsi ba gobetse mme ba le 86 ba ile ba tlhokafala.

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsaya tshono eno go gomotsa batho ba Fora ba ba neng ba utlwile botlhoko e bile ba tshogile. Ba ile ba ba ya kwa dikgaisanong tseo mme ba baya dibuka tsa Baebele mo batho ba tsenang teng. Basupi ba feta 1 400 ba ile ba tsaya karolo mo letsholong leno mme ba neile batho dibuka tsa Baebele di feta 2 000 tse di ba thusitseng go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa mo botshelong.

“Gongwe le Gongwe Kwa re Yang Teng, lo Gone!”

Batho ba ne ba gakgametse tota fa ba bona Basupi ba ga Jehofa kwa toropong nngwe le nngwe e ba yang kwa go yone. Barulaganyi ba Tour de France ba ile ba bua jaana ba akgola Basupi ka tsela e ba dirang dilo ka yone: “Gongwe le gongwe kwa re yang teng, lo gone!” Batho ba bantsi ba ne ba re: “Basupi ba ga Jehofa le bone ba tlile!” Morago ga malatsi a le mmalwa, mokgweetsi wa bese o ne a gana go tsaya pampitshana ka gonne a ne a setse a neilwe di le nné!

Batho ba ne ba kgatlhilwe ke go bona Basupi ba ga Jehofa mo bangwe ba bone ba neng ba tsaya dibuka tsa Baebele mo go bone lekgetlo la ntlha. Modiri mongwe wa seteishene se se gasang metshameko o ile a dira jalo. A re o gopola a bona Basupi ba ga Jehofa mo Tour de France ya ngwaga o o fetileng. O ile a tla mme a tsaya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka gonne e ne e bua ka sengwe se a se tsayang se le botlhokwa thata. Fa a sena go e bala, o ile a bolelela badirimmogo le ene mme le bone ba ile ba ya go itseela dibuka tse di buang ka dilo tse di farologaneng.

Ba Kgothatsa Batho

Batho bangwe ba ne ba bua le Basupi ba ga Jehofa ka dilo tse ba tshwenyegileng thata ka tsone. Mosadi mongwe o ile a tlotla le Basupi a ba tlhalosetsa gore o ne a feletswe ke tsholofelo mo a neng a akanya gore a ye go itatlhela mo tlase ga terena mo go lone letsatsi leo. Mme fa a sena go bona tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore maemo a tlile go nna botoka fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, o ile a kgothala mme a fetola mogopolo. Mosadi yo mongwe o ne a raya Basupi a re: “Lo se ka lwa kgaotsa lo dira tiro eno e e molemo!”

Monna mongwe yo o neng a tsamaya ka dithobane a re o tshaba go bua le batho ba a sa ba itseng mme gone o ile a letla lekgarebe lengwe gore le mo thuse ka gonne le ne le apere sentle e bile le mo boleletse gore ke Mosupi wa ga Jehofa. Monna yono o ile a re: “Ke lebogela tsela e o leng botsalano ka yone le tsela e o apereng sentle ka yone. O dirile gore ke go tshepe.”