Fetela kwa tshedimosetsong

Ba Ile ba Ema Ba bo Ba Nthusa

Ba Ile ba Ema Ba bo Ba Nthusa

Bob o ne a kgweetsa vene ka lobelo lwa dikilometara di le 100. Go ne go le tsididi e bile go na le phefo e e bogale kwa Alberta, Canada mo letsatsing leo. Ka tshoganyetso, ke fa letaere la kwa morago le thubega. Bob o ne a sa lemoge gore letaere le thubegile, ka jalo, o ile a tswelela a kgweetsa sekgala sa dikilometara di le tlhano a lebile kwa ga gagwe.

Bob o ile a kwala lekwalo a bo a le romela kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Mo go lone o ile a re: “[Fa ke ntse ke kgweetsa], basha ba batlhano ba ile ba kgweetsa gaufi le koloi ya me ba bo ba bula difensetere ba mpolelela gore letaere la vene le thubegile. Ke ile ka emisa mme ba ile ba nthusa go le ntsha. Ke ne ke sa itse gore a vene ya me e na le letaere le lengwe kgotsa gore a go na le jeke ya go tsholetsa koloi. Ke ile ka tswa mo koloing mme ka nna fa thoko ga tsela mo wheelchair ya me, mme bone ba ile ba tsena mo tlase ba bo ba ntsha letaere le lengwe le jeke. Le fa go ne go le tsididi, kapoko e wa e bile ba kgabile, ba ile ba nthusa go tsenya letaere le le siameng. Ga ke itse gore fa e ne e se ka bone, nkabo go diragetse eng ka nna.

“Ke leboga thata bana bao ba Basupi ba ba ileng ba nthusa. Ba ne ba le mo tseleng ba ya go bua le batho ka Baebele. Bana bano ga ba rute batho Baebele fela, ba dira se Baebele e se rutang. Ga ke itse gore nkabo ke le kae fa e ne e se ka bone. Ke akanya gore Modimo ke ene a rometseng bana bano gore ba tle go nthusa.”