Fetela kwa tshedimosetsong

MAY 2, 2017
Argentina

Dipula Tsa Matlakadibe Tse di Bakileng Tshenyo Kwa Argentina

Dipula Tsa Matlakadibe Tse di Bakileng Tshenyo Kwa Argentina

BUENOS AIRES, Argentina—Go simolola ka March 29, 2017 go ya go April  9, 2017, dipula tsa matlakadibe di bakile merwalela kwa diporofenseng tsa Argentina tsa Buenos Aires, Chaco, Chubut, Catamarca, Jujuy, Misiones, La Pampa, Salta, San Juan, Santa Cruz, Santa Fe, Santiago del Estero le Tucumán. Ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina e bega gore ga go na Mosupi ope yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng.

Merwalela eno e bakile tshenyo e kgolo kwa kgaolong ya Chubut le ya Salta. Pula e gantsi e nang ngwaga otlhe e nele mo malatsing a le mmalwa fela kwa toropong ya Comodoro Rivadavia kwa Chubut, mme seo se dirile gore malapa a feta 60 a Basupi a tswe mo matlong a bone. Gape lefelo le Basupi ba kopanelang kwa go lone, kgotsa Holo ya Bogosi ya kwa Chubut le ya kwa Salta di ile tsa senyega. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina e tlhomile komiti ya namolo kwa diporofenseng tseo ka bobedi gore e rulaganye go thusa ba ba amilweng ke masetlapelo ano mme go lebeletswe gore e tla tswelela e thusa le mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa ntlokgolong: David A. Semonian, wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Argentina: Omar A. Sánchez mo nomorong ya +54-11-3220-5900