Fetela kwa tshedimosetsong

Armenia

Dintlha ka Armenia

Dintlha ka Armenia

Basupi ba ga Jehofa ba obamela Modimo ba gololesegile kwa Repaboliking ya Armenia e bile ba kgona go dira ditiro tsa bone tsa bodumedi. Ba ne ba kwadisiwa semolao ka October 2004.

Go tloga ka nako eo go fitlha ka October 2013, puso e ne e pateletsa batho go tsenela bosole e bile e otlhaya ba ba sa batleng go ya sesoleng mme e ne e se na ditiro tse dingwe tse Basupi ba ka di dirang fa ba sa batle go tsenela bosole. Fa e sa le go tloga ka 1993, makawana a le mantsi a Basupi a ile a tsenngwa mo kgolegelong lobaka lo loleele ka gonne ba sa batle go tsenela bosole e bile bangwe ba bone ba ne ba tshwarwa makgwakgwa. Mme ka June 8, 2013, melao ya Armenia e e amanang le ditiro tsa bosole e ne ya fetolwa gore e tsamaisane le melao ya Yuropa. Ka October 23, 2013, Komishene ya Armenia e ne ya letla Basupi ba ga Jehofa ba le 57 gore ba dire ditiro tse dingwe tse di sa amaneng le bosole. Thulaganyo eno e thusitse thata ka gonne e ba letla go direla naga ya bone ka segakolodi se se se nang molato.

Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba sa tshwarwe sentle. Ka sekai, diofisi dingwe tsa puso di gana go ba naya dipampiri tsa semolao tsa go aga Diholo Tsa Bogosi, badiredipuso ba batla gore ba duele lekgetho le le kwa godimo e bile baganetsi bangwe ba dirisa thelebishene le makwalodikgang go bua maaka ka bone. Basupi ba ga Jehofa ba ikuetse kwa dikgotlatshekelong tsa naga le tse di kwa ntle ga naga kgatlhanong le mathata ano.