Fetela kwa tshedimosetsong

AUGUST 4, 2017
NIGERIA

Dipula Tse di Maatla Kwa Nigeria

Dipula Tse di Maatla Kwa Nigeria

Dipula tse di maatla di ile tsa na kwa dikarolong dingwe tsa Nigeria go tloga ka July 6 go fitlha ka July 12, 2017 mme di ile tsa baka merwalela mo toropong ya Lagos, Niger le ya Oyo. Go begwa gore go tlhokafetse batho ba ka nna 18.

Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Nigeria e ile ya bega gore ga go na Mosupi ope yo o tlhokafetseng kgotsa yo o gobetseng le fa gone Basupi ba le bané ba ile ba latlhegelwa ke matlo a bone. Matlo a mabedi a Basupi a ile a senyega go se kae mme ntlo e le nngwe e ile ya phutlhama. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Nigeria ba thusa badumedi ka bone le baagisani ba bontsi jwa bone ba latlhegetsweng ke magae a bone.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa Nigeria: Paul Andrew mo nomorong ya +234-7080-662-020