Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 1: Tsa Basetsana

Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 1: Tsa Basetsana

Go bontshiwa batho ba ba ntseng jang mo metsweding ya tshedimosetso?

  Leba mafoko ano mme o arabe dipotso tse di latelang.

Kholomo 1

Kholomo 2

O itshwara jaaka ngwana yo monnye

O dira dilo ka tsela e e tshwanetseng

O a tsuologa

O ikobela molao

IO tlola molao

O itshwere sentle

Ga a akanyetse dilo kwa teng

O botlhale

O rata go seba

O kelotlhoko

O a tsietsa

O a ikanyega

  1.   Ke mafoko afe a a tlhalosang tsela e gantsi basetsana ba bontshiwang ka yone mo difiliming, mo thelebisheneng le mo dimakasineng?

  2.   Ke mafoko afe a a tlhalosang tsela e wena o ka ratang go itsewe ka yone?

 Gongwe dikarabo tsa gago tsa potso ya ntlha di tswa mo Kholomo 1 mme tsa potso ya bobedi di tswa mo Kholomo 2. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore o batla go nna motho yo o botoka thata go gaisa basha ba ba bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso​—mme ga o esi! Ela tlhoko lebaka la seo.

 “Mo difiliming, gantsi basetsana ba bontshiwa e le ditsuolodi e bile ba le makgakga. Seo se dira gore go lebege e kete rotlhe ga re ikanyege, re tshwenyegile thata ka tsela e batho ba bangwe ba re lebang ka yone e bile re rata go tsosa kgang ka dilo tse di sa reng sepe.”​—Erin.

 “Basetsana ba ba tshamekang mo difiliming le mo thelebisheneng ba rata go bonwa e bile ba nna ba tshwenyegile thata ka ditebego tsa bone, diaparo, go tuma le ka basimane.”​—Natalie.

 “Gantsi mosetsana yo o ratwang ke batho o a nwa, o robala le basimane e bile ga a reetse batsadi. Fa a sa dire dilo tseno, o bontshiwa e le motho yo o ratang kereke thata kgotsa yo o sa batleng go utlwa sepe ka thobalano.”​—Maria.

 Ipotse: ‘A tsela e ke aparang ka yone, e ke itshwarang ka yone le e ke buang ka yone e senola se tota ke leng sone kgotsa a ke fela gore ke etsa tsela e ke bonang basetsana ba lebega ka yone mo metsweding ya tshedimosetso?’

Se o tshwanetseng go se itse

  •    Basha ba le bantsi ba ba akanyang gore ba itshimololela setaele sa bone, tota ba a bo ba etsa se ba se bonang mo metsweding ya tshedimosetso. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Karen a re: “Ke bona seo mo go nnake. O itira e kete ga a kgathalele sepe fa e se diaparo le basimane fela. O botlhale, mme ke a itse gore go na le dilo tse dingwe tse a di ratang mme o itira sematla ka gonne a batla go amogelwa ke basetsana ba bangwe. Mme o na le dingwaga di le 12 fela!”

     Baebele ya re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.”​—Baroma 12:2.

  •   Ga se gore basetsana botlhe ba batla go tshwana le basetsana ba bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso. Alexis wa dingwaga tse 15 a re: “Metswedi ya tshedimosetso e bontsha basetsana e le batho ba ba ikakanyetsang ba le bosi, ba ba bosutlha e bile gantsi ba dira dilo tse di se nang tlhaloganyo, mme nna ke akanya gore bontsi jwa rona ga re jalo. Re na le dilo tse dingwe tse dintsi tse re ka akanyang ka tsone go na le go nnela go akanya ka mosimane mongwe wa maratagolejwa.”

     Baebele ya re: “Batho ba ba godileng sentle . . . bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo [thapisitswe] ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”​—Bahebera 5:14.

  •   Babapatsi ba dira madi fela ka basetsana bano. E re ka madirelo a magolo​—go akaretsa a go gatisa, a feshene, a tekenoloji le a boitlosobutu​—a lemoga gore a ka dira madi a mantsi, a simolola go bapaletsa basha le pele ba fitlha mo dingwageng tsa bolesome. Buka ya 12 Going on 29 ya re: “Babapatsi ba naya kgopolo ya gore bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse 13 ba ba se nang diaparo, dibenyane, makeup le didirisiwa tsa eleketroniki tsa bosheng, ba ka se ratiwe ke batho ba bantsi. Letsatsi le letsatsi bana ba bona dipapatso tseno tse di ba kgothaletsang go reka dilo tsa bosheng, tota le pele ba ka simolola go tlhaloganya gore ke eng se se kgatlhang ka tsone.”

     Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng​—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong​—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.”​—1 Johane 2:​16.

 Se o ka akanyang ka sone: Fa o nna o tshwenyegile ka go latelela diaparo tse di turang tse di mo fesheneng, tota ke mang yo o latlhegelwang ke madi a mantsi? Fa o reka founo e e turang e le fela gore o tshwane le dithaka tsa gago, tota ke mang yo o latlhegelwang ke madi a mantsi? O akanya gore babapatsi ba amegile thata ka eng​—ka wena kgotsa ka dipata tsa bone?

Se o ka se dirang

  •    Ithute go se tseye sengwe le sengwe fela se o se bonang mo metsweding ya tshedimosetso. Fa o ntse o gola, o lemoga gore o ka se amogele sengwe le sengwe fela se o se bonang. Dirisa tlhaloganyo ya gago go lemoga diphelelo tse di nnang teng fa o latela dilo tse di mo metsweding ya tshedimosetso. Alana wa dingwaga tse 14 a re: “Metswedi ya dikgang e dira gore go lebege e kete ngwana wa mosetsana o tshwanetse go itshasa makeup thata go na le go apara sentle mme basha ba le bantsi ga ba lemoge gore tota seo ga se tokafatse ditebego tsa bone go na le moo se dira gore ba lebege e le batho ba ba eletsang go bonwa.”

  •   Ipeele mekgele ya gore o batla go nna motho wa mofuta ofe. Ka sekai, akanya ka dinonofo tse o di tlhophileng kwa tshimologong ya setlhogo seno​—dinonofo tse o ka ratang go itsewe ka tsone. Ke eng fa o sa simolole gone jaanong go nna le tsone kgotsa go tokafatsa mo go tse o nang le tsone? Baebele ya re: “Lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa”​—e seng go ya ka setshwano se se bontshiwang ke babapatsi.​—Bakolosa 3:​10.

  •   Batla dikao tse di molemo tse o ka di latelang. Bangwe ba bone e ka tswa e le mmè wa gago kgotsa rakgadiago. Ba bangwe e ka tswa e le basadi ba ba godileng ba e leng ditsala tsa gago kgotsa ba o dirisanang le bone. Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa go na le basadi ba le bantsi ba ba tlhomang sekao se se molemo.​—Tito 2:​3-5.

 Kakantsho: Dirisa buka ya Etsa Tumelo ya Bone gore o ithute ka dikao tse di molemolemo tse di mo Baebeleng tsa basadi ba ba jaaka Ruthe, Hana, Abigaile, Esethere, Marea le Maratha. Buka ya Etsa Tumelo ya Bone e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme e gone mo www.ps8318.com/tn.