Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele ke Buka e e Nang le Botlhale Jwa Batho?

A Baebele ke Buka e e Nang le Botlhale Jwa Batho?

Karabo ya Baebele

Baebele, e gape e itsegeng e le Dikwalo Tse di Boitshepo, e na le dipolelo di le dintsi tse di botlhale. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko kafa yone ka boyone e itlhalosang ka teng: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Go na le bosupi jo bontsi jo bo tshegetsang mafoko ano. Akanya ka dilo tse di latelang:

  • Baebele e nepa dilo fa e tlhalosa ditiragalo tsa hisitori.

  • Bakwadi ba Baebele e ne e le batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba kwala ba sa fitlhe sepe. Go bua puo phaa ga bone go dira gore go utlwale sentle gore se ba se kwadileng se boammaaruri.

  • Baebele e na le setlhogo se le sengwe se segolo: go tlotlomadiwa ga tshwanelo ya Modimo ya go busa batho le gore o tile go diragatsa maikaelelo a gagwe ka go dirisa Bogosi jwa kwa legodimong.

  • Le fa Baebele e kwadilwe diketekete tsa dingwaga tse di fetileng e nepa dilo fa e bua ka dilo tsa saense, ga e na dikgopolo tse di phoso tse di neng di aname mo metlheng ya bogologolo.

  • Dipego tse di bolokilweng tsa hisitori di supa gore boporofeti jwa Baebele kgotsa dilo tse e ileng ya di bolelela pele di ile tsa diragala.