Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Batho ba ba Ratanang le Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Baebele ya Reng ka Batho ba ba Ratanang le Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Karabo ya Baebele

Modimo o bopile batho gore ba tlhakanele dikobo fela fa ba nyalane mme e le monna le mosadi. (Genesise 1:27, 28; Lefitiko 18:22; Diane 5:18, 19) Baebele e kgala tlhakanelodikobo e e seng ya monna le mosadi ba ba nyalaneng, e ka tswa e le ya batho ba bong jo bo tshwanang kgotsa jo bo sa tshwaneng. (1 Bakorintha 6:18) Seno se akaretsa go tlhakanela dikobo, go phoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe le go tlhakanela dikobo ka molomo kgotsa ka marago.

Le fa Baebele e kgala go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang, ga e kgothaletse gore batho ba ba ratanang ba bong jo bo tshwanang ba tlhoiwe kgotsa ba tlhaolwe. Go na le moo, Bakeresete ba laelwa gore ba ‘tlotle batho botlhe.’—1 Petere 2:17, Baebele e e Boitshepo.

A motho a ka tsholwa a na le keletso ya go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang?

Baebele ga e re bolelele ka tlhamalalo gore keletso ya go ratana le motho wa bong jo bo tshwanang e simologa jang, go na le moo e re bolelela gore rotlhe re tshotswe re na le tshekamelo ya go dira se se kgatlhanong le melao ya Modimo. (Baroma 7:21-25) Baebele ga e re bolelele se se bakang keletso ya go ratana le motho wa bong jo bo tshwanang, go na le moo e kgala go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang.

Kafa o ka itumedisang Modimo ka teng le fa o na le keletso ya go tlhakanela dikobo le motho wa bong jo bo tshwanang.

Baebele ya re: “Lo se ka lwa laolwa ke mebele ya lona. Bolayang dikeletso tsotlhe tse di phoso tsa tlhakanelodikobo.” (Bakolosa 3:5, Contemporary English Version) Gore o bolaye dikeletso tse di phoso, tse di dirang gore o dire dilo tse di phoso, o tshwanetse go laola mogopolo wa gago. Fa ka metlha o akanya ka dilo tse di siameng, o ka kgona go nna o iketleeditse go tlosa dikeletso tse di phoso. (Bafilipi 4:8; Jakobe 1:14, 15) Le fa kwa tshimologong go ka nna boima, fa nako e ntse e ya go ka nna motlhofo. Modimo o solofetsa gore o tla go thusa gore o ‘dirwe mosha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa gago.’—Baefeso 4:22-24.

Batho ba le dimilione ba ba nang le keletso ya go tlhakanela dikobo le batho ba bong bo sele mme ba batla go tshela ka melao ya Baebele le bone ba lebana le bothata jo bo tshwanang. Ka sekai, batho ba ba seng mo lenyalong mme go sa lebege ba tla tsena mo lenyalong kgotsa ba ba nyalaneng le balekane ba ba sa kgoneng go tlhakanela dikobo le bone, ba laola dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo le fa ba ka tswa ba lebana le dithaelo dife. Ba kgona go tshela ba itumetse, mme le batho ba ba nang le keletso ya go tlhakanela dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang ba ka kgona fa fela ba batla go itumedisa Modimo.—Duteronome 30:19.