Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?

A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?

Karabo ya Baebele

Ee, ka gonne thuso e e di gaisang tsotlhe e tswa kwa “Modimong yo o gomotsang, yo o kgothatsang yo o lapolosang le yo o itumedisang ba ba tshwenyegileng.”—2 Bakorintha 7:6, The Amplified Bible.

Thuso e Modimo a e nayang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong

  • Maatla. Modimo o go ‘lapolosa le go go itumedisa,’ e seng ka go tlosa mathata otlhe a gago mme ka go araba dithapelo tsa gago fa o rapela o kopa nonofo ya gore o lebane le one. (Bafilipi 4:13) O ka tlhomamisega gore o iketleeleditse go go reetsa ka gonne Baebele ya re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Tota e bile, Modimo a ka utlwa selelo sa gago o kopa thuso le fa o sa kgone go tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone.—Baroma 8:26, 27.

  • Dikao tse di molemo. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a rapela Modimo a re: “Fa ke le mo botennyeng jwa tlalelo ke goela kwa go wena.” Fa mopesalema yono a tshwenyegile mo maikutlong o ne a gomodiwa ke go gakologelwa gore Modimo o batla go re itshwarela maleo. Mme o ne a raya Modimo a re: “Fa o ka bo o ne o boloka pego ya maleo a rona, ke mang yo o neng a ka se ka a atlholwa? Mme o a re itshwarela, gore re go boife.”—Pesalema 130:1, 3, 4, Good News Translation.

  • Tsholofelo. Le fa Modimo a re gomotsa gone jaanong, gape o re solofeditse gore o tla tlosa mathata otlhe a a dirang gore re tshwenyege mo maikutlong. Fa a diragatsa tsholofetso eo, “dilo tsa pele [go akaretsa le go tshwenyega mo maikutlong] ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17.

Ntlha ya botlhokwa: Le fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Modimo o a ba thusa, le bone ba batla kalafi ya malwetse a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong [clinical depression]. (Mareko 2:17) Le fa go ntse jalo, ga re buelele mofuta ope fela wa kalafi, re dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo dikgannyeng tseno.