Fetela kwa tshedimosetsong

Diabolo o Nna Kae?

Diabolo o Nna Kae?

Karabo ya Baebele

E re ka Diabolo e le sebopiwa sa moya, o nna mo lefelong la moya le le sa bonaleng. Le fa go ntse jalo, ga a nne kwa diheleng kwa a bogisang batho ba ba boikepo gone, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se mo setlhogong seno.

“Ntwa kwa legodimong”

Ka nako nngwe, Satane Diabolo o ne a kgona go tsena ka kgololesego kwa lefelong la semoya go akaretsa fa pele ga Modimo le baengele ba ba ikanyegang. (Jobe 1:6) Mme Baebele e ne ya bolelela pele gore go ne go tla nna le “ntwa kwa legodimong” e e neng e tla felela ka gore Satane a lelekwe kwa legodimong mme a ‘digelwe mo lefatsheng.’ (Tshenolo 12:7-9, Tswana Central) Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele le ditiragalo tsa lefatshe di tlhomamisa gore ntwa eno e setse e lolwe kwa legodimong. Gone jaanong Diabolo o mo lefatsheng.

A seno se raya gore Diabolo o nna mo lefelong lengwe mo lefatsheng? Ka sekai, motse wa bogologolo wa Peregamo o tlhalosiwa o le “kwa setulo sa bogosi sa ga Satane se leng gone” le “kwa Satane a nnang gone.” (Tshenolo 2:13) Mme gone, dipolelwana tseno di ka tswa di kaya tsela e kobamelo ya ga Satane e neng e aname ka gone mo motseng oo. Baebele ya re Diabolo o busa “magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni,” ka jalo ga a nne mo lefelong lengwe le le rileng mo lefatsheng mme o mo lefatsheng lotlhe.—Luke 4:5, 6.