Fetela kwa tshedimosetsong

A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?

A go Na le Maleo a le Supa Fela a a Isang Losong?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e rute gore go na le maleo a le supa fela a a bakang loso. Le fa go ntse jalo, e ruta gore fa motho a dira maleo a a masisi ka boomo, Modimo ga a na go mo boloka. Ka sekai, Baebele e bua ka maleo a a masisi a a jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go obamela medingwana, go dirisana le meya, go phatloga ka bogale le botagwa e re ke “ditiro tsa nama.” Go tswa foo e bo e re: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21. *

A Baebele ga e bue ka dilo di le supa tse Modimo a sa di batleng?

Ee, e bua ka tsone. Baebele ya Tswana Central e ranotse Diane 6:​16 e re: “Dilo di le thataro MORENA o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene.” Le fa go ntse jalo, maleo a a umakilweng mo go Diane 6:17-19 ga se one fela a Modimo o a tlhoileng. Go na le moo, ditemana tseo di tlhalosa maleo a a farologaneng a a akaretsang ditiro tse di sa siamang, dikakanyo le mafoko. *

Mafoko a a reng maleo a a isang losong a kaya eng?

Dibaebele dingwe di dirisa mafoko ano a a mo go 1 Johane 5:16. Ka sekai, Baebele e e Boitshepo ya re: “Go na le boleo jo bo isang losong.” Mafoko ano a a reng “boleo jo bo isang losong” a ka ranolwa gape e le “boleo jo bo bakang loso.” Pharologanyo ke eng magareng ga “boleo jo bo bakang loso” le “boleo jo bo sa bakeng loso”?—1 Johane 5:16.

Baebele e ruta gore re swa ka ntlha ya boleo. Le fa go ntse jalo, setlhabelo sa ga Jesu Keresete se ka re golola mo boleong le mo losong. (Baroma 5:12; 6:23) Ka jalo, “boleo jo bo bakang loso” ke jo setlhabelo sa ga Keresete se sa kgoneng go re golola mo go jone. Motho yo o dirang boleo jono ke yo o tswelelang a dira dilo tse di sa siamang ka boomo e bile a ipoleletse gore ga a kitla a fetoga. Gape Baebele ya re motho yo o dirang boleo joo Modimo ga a kitla a mo itshwarela.—Mathaio 12:31; Luke 12:10.

^ ser. 1 Ga se gore maleo a a masisi a a 15 a go buiwang ka one mo go Bagalatia 5:19-21 ke one fela maleo a a dirang gore motho a se ka a tsena mo Bogosing Jwa Modimo, ka gonne temana eo ya re “le dilo tse di tshwanang le tseno.” Seo se raya gore re tshwanetse go dirisa temogo fa re bala Baebele gore re kgone go lemoga gore “dilo tse di tshwanang le tseno” ke dife.

^ ser. 2 Diane 6:16 e dirisa tsela ya Sehebera ya go kwala ya go bapisa dipalo tse pedi tse di latelanang go gatelela ntlha ya konokono. Mokgwa ono wa go kwala o fitlhelwa le mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele.—Jobe 5:19; Diane 30:15, 18, 21.