Fetela kwa tshedimosetsong

Melao e e Lesome ke Eng?

Melao e e Lesome ke Eng?

Karabo ya Baebele

Melao e e Lesome ke melao e Modimo a ileng a e naya Baiseraele ba bogologolo. Gape melao eno ka Sehebera e bidiwa ʽaseʹreth had·deva·rimʹ e e kayang Mafoko a a Lesome. Mafoko ano a tlhagelela gararo mo Torah e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. (Ekes. 34:28; Dute. 4:13; 10:4) Ka Segerika melao eno e bidiwa deʹka (lesome) loʹgous (mafoko) kana Mafoko a a Lesome.

Modimo o ile a kwala Melao e e Lesome mo matlapeng a le mabedi a bo a a naya moporofeti Moshe mo Thabeng ya Sinai. (Ekesodo 24:12-18) Melao eno e mo go Ekesodo 20:1-17 le Duteronome 5:6-21.

 Lenaane la Melao e e Lesome

  1. Obamela Jehofa Modimo fela.—Ekesodo 20:3.

  2. O se ka wa obamela medingwana.—Ekesodo 20:4-6.

  3. O se ka wa dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa siamang.—Ekesodo 20:7.

  4. O boloke Sabata.—Ekesodo 20:8-11.

  5. Tlotla batsadi ba gago.—Ekesodo 20:12.

  6. O se ka wa bolaya motho.—Ekesodo 20:13.

  7. O se ka wa dira boaka.—Ekesodo 20:14.

  8. O se ka wa utswa.—Ekesodo 20:15.

  9. O se ka wa nna mosupi wa maaka.—Ekesodo 20:16.

  10. O se ka wa eletsa dilo tsa yo mongwe.—Ekesodo 20:17.

 Goreng lenaane leno le kwadilwe ka ditsela tse di sa tshwaneng?

Ga go na gope mo Baebele e reng molao o o rileng ke wa ntlha kgotsa ke wa bosupa. Seno se dirile gore batho ba kwale lenaane leno ka ditsela tse di farologaneng. Lenaane le le fa godimo ke le le tlwaelegileng mo bathong ba le bantsi. Mme ba bangwe ba le kwala ka tsela e sele. Molao o ba sa dumalaneng ka one ke wa ntlha, wa bobedi le wa bofelo, ga ba itse gore ke ofe o o tshwanetseng wa wela kae. *

 Boikaelelo jwa Melao e e Lesome e ne e le eng?

Melao e e Lesome ke karolo ya melao e Jehofa a ileng a e naya Moshe. Mme go ne go na le melao e mengwe e e fetang 600 e Jehofa a ileng a e naya Moshe fa a dira kgolagano le Baiseraele ba bogologolo. (Ekesodo 34:27) Modimo o ile a solofetsa Baiseraele gore ba ne ba tla atlega fa ba ka ikobela melao eo. (Duteronome 28:1-14) Mme boikaelelobogolo jwa melao eo e ne e le go thusa Baiseraele gore ba ipaakanyetse go tla ga ga Keresete.—Bagalatia 3:24.

 A Bakeresete ba tshwanetse go boloka Melao e e Lesome?

Nyaa. Melao eo yotlhe, go akaretsa le Melao e e Lesome, e ne e neilwe Baiseraele ba bogologolo fela. (Duteronome 5:2, 3; Pesalema 147:19, 20) Bakeresete ga ba patelediwe go tshela ka melao e Modimo a ileng a e naya Moshe, tota e bile Bakeresete ba Bajuda ba ne ba “golotswe mo Molaong” oo. (Baroma 7:6) * Molao oo o ile wa emisediwa ka “molao wa ga Keresete,” o o nang le ditaelo tsotlhe tse Jesu a di laetseng balatedi ba gagwe.—Bagalatia 6:2; Mathaio 28:19, 20.

 A Melao e e Lesome e sa ntse e ka thusa le gompieno?

Ee. Go ithuta Melao e e Lesome go ka re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (2 Timotheo 3:16, 17) Melao e e Lesome e theilwe mo melaometheong e e sa felelweng ke nako. (Pesalema 111:7, 8) Tota e bile bontsi jwa dilo tse re di ithutang mo Tesetamenteng e Ntšha di tswa mo Melaong e e Lesome.—Leba setlhogwana se se reng “ Melaometheo e e mo Tesetamenteng e Ntšha e theilwe mo Melaong e e Lesome.”

Jesu o ile a ruta batho gore melao e Modimo a ileng a e naya Moshe, go akaretsa le Melao e e Lesome, e ne e theilwe mo ditaelong tse pedi tsa botlhokwa. O ile a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:34-40) Le fa Bakeresete ba sa patelesege go ikobela melao e Modimo a ileng a e naya Moshe, ba tshwanetse go rata Modimo le batho ba bangwe.—Johane 13:34; 1 Johane 4:20, 21.

  Melaometheo e e mo Tesetamenteng e Ntšha e theilwe mo Melaong e e Lesome

Molao

Tesetamente e Ntšha

Obamela Jehofa Modimo fela

Tshenolo 22:8, 9

O se ka wa obamela medingwana

1 Bakorintha 10:14

Tlotla leina la Modimo

Mathaio 6:9

Obamela Modimo ka dinako tsotlhe

Bahebera 10:24, 25

Tlotla batsadi ba gago

Baefeso 6:1, 2

O se ka wa bolaya motho

1 Johane 3:15

O se ka wa dira boaka

Bahebera 13:4

O se ka wa utswa

Baefeso 4:28

O se ka wa nna mosupi wa maaka

Baefeso 4:25

O se ka wa eletsa dilo tsa motho yo mongwe

Luke 12:15

^ ser. 13 Buka ya The Jewish Encyclopedia ya re go ya ka Bajuda “molao wa ntlha o tlhagelela mo go Ekesodo kgaolo 20 temana 2 mme ba re wa bobedi o mo go temana 3 go ya go 6.” Bakatoliki bone ba re molao wa ntlha o mo go Ekesodo kgaolo 20 temana 1 go ya go 6 mme ba re wa bobedi ke o o iletsang batho go dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa siamang. Go netefatsa gore melao eno e feleletsa e le lesome, ba kgaoganya molao wa bofelo o o iletsang motho go eletsa mosadi le dilo tsa moagelani wa gagwe, ba o dira melao e mebedi.

^ ser. 15 Baroma 7:7 e umaka molao wa bolesome go bontsha gore Melao e e Lesome e ne e le karolo ya melao e Jehofa a ileng a e naya Moshe.