Fetela kwa tshedimosetsong

Fa Jesu a Sena go Tsosiwa, A o Ne a Na le Mmele wa Senama Kgotsa wa Semoya?

Fa Jesu a Sena go Tsosiwa, A o Ne a Na le Mmele wa Senama Kgotsa wa Semoya?

Karabo ya Baebele

Baebele ya re Jesu o ne “a bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa [tsosiwa] mo moyeng.”—1 Petere 3:18; Ditiro 13:34; 1 Bakorintha 15:45; 2 Bakorintha 5:16.

Mafoko a ga Jesu le one a ne a bontsha gore o ne a sa tle go tsosiwa ka mmele wa nama le madi. O ne a re o rekolola batho ka ‘nama ya gagwe mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe.’ (Johane 6:51; Mathaio 20:28) Fa a ka bo a tsositswe mo baswing ka mmele wa nama le madi, go ne go tla raya gore o phimotse setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Mme seno se ne se ka se kgonege ka gonne Baebele ya re o ntsheditse batho nama le madi a gagwe “gangwe felafela.”—Bahebera 9:11, 12.

Fa e le gore Jesu o tsositswe ka mmele wa semoya, goreng barutwa ba gagwe ba ne ba kgona go mmona?

  • Dibopiwa tsa semoya di kgona go iphetola batho. Ka sekai, baengele ba ba kileng ba dira jalo ba ne ba kgona go ja le go nwa le batho. (Genesise 18:1-8; 19:1-3) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba le dibopiwa tsa semoya tse di kgonang go boela gape mo mebeleng ya semoya.—Baatlhodi 13:15-21.

  • Ka jalo, fela jaaka baengele bano, Jesu le ene fa a sena go tsosiwa o ne a nna le mmele wa nama le madi ka nakwana. E re ka e ne e ele sebopiwa sa semoya, o ne a kgona go tlhagelela le go nyelela fela ka tshoganyetso. (Luke 24:31; Johane 20:19, 26) O ne a nna a dirisa mebele e e farologaneng mme ditsala tsa gagwe di ne di mo lemoga fela ka tsela e a neng a bua kgotsa a dira dilo ka yone.—Luke 24:30, 31, 35; Johane 20:14-16; 21:6, 7.

  • Fa Jesu a ne a tlhagelela mo go moaposetoloi Thomase, o ne a dirisa mmele o o dintho. O ne a dirisa mmele ono ka gonne a ne a batla go nonotsha tumelo ya ga Thomase yo o neng a belaela gore Jesu o tsositswe.—Johane 20:24-29.