Fetela kwa tshedimosetsong

Moya o o Boitshepo ke Eng?

Moya o o Boitshepo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang. (Mika 3:8; Luke 1:35) Modimo o romela moya wa gagwe kwa lefelong lengwe le lengwe, e le maatla a a diragatsang thato ya gagwe.—Pesalema 104:30; 139:7.

Mo Baebeleng, lefoko “moya” le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera ruʹach le la Segerika pneuʹma. Gantsi mafoko ao a kaya maatla a Modimo a a dirang, kgotsa moya o o boitshepo. (Genesise 1:2) Le fa go ntse jalo, gape Baebele e dirisa mafoko ao ka ditsela tse dingwe:

Dilo tseno tsotlhe di kaya sengwe se batho ba sa kgoneng go se bona mme se tlhagisa dilo tse di bonalang. Ka tsela e e tshwanang, moya wa Modimo “fela jaaka phefo, ga o bonale, ga o na sebopego e bile o na le maatla.”​—An Expository Dictionary of New Testament Words, ya ga W. E. Vine.

Gape Baebele e bua ka moya o o boitshepo wa Modimo e le “diatla” kgotsa “menwana” ya gagwe. (Pesalema 8:3; 19:1; Luke 11:20; bapisa Mathaio 12:28.) Fela jaaka mmetli a dirisa diatla le menwana go dira tiro ya gagwe, Modimo o dirisitse moya wa gagwe go dira dilo tse di latelang:

Moya o o boitshepo ga se motho

Fa Baebele e bitsa moya wa Modimo e re ke “diatla,” “menwana” kgotsa “mohemo” wa gagwe, e bontsha gore moya o o boitshepo ga se motho. (Ekesodo 15:8, 10) Diatla tsa mmetli ga di kgone go bereka kwantle ga mogopolo le mmele wa gagwe; ka tsela e e tshwanang, moya o o boitshepo wa Modimo o bereka fela ka tsela e a o laolang ka yone. (Luke 11:13) Baebele gape e bapisa moya wa Modimo le metsi e bile e o amanya le dilo tse di jaaka tumelo le kitso. Dipapiso tseno tsotlhe di bontsha gore moya o o boitshepo ga se motho.—Isaia 44:3; Ditiro 6:5; 2 Bakorintha 6:6.

Baebele e bua ka leina la ga Jehofa Modimo le leina la Morwawe, e bong Jesu Keresete; mme ga go na gope fa e buang ka leina la moya o o boitshepo. (Isaia 42:8; Luke 1:​31) Mo ponatshegelong ya kwa legodimong, moswelatumelo wa Mokeresete e bong Setefane o ne a bona batho ba babedi, e seng ba bararo. Baebele ya re: “Ene, ka a tletse moya o o boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” (Ditiro 7:55) Moya o o boitshepo e ne e le maatla a Modimo a a dirang, a thusa Setefane gore a bone ponatshegelo eo.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka moya o o boitshepo

Se se seng boammaaruri: Moya o o boitshepo ke motho e bile ke karolo ya Tharonngwe, jaaka go bontshitswe mo go 1 Johane 5:​7, 8 mo Baebeleng ya King James.

Boammaaruri: Mo go 1 Johane 5:7, 8, Baebele ya King James e na le mafoko a a reng “kwa legodimong, Rara, Lefoko, le Moya o o Boitshepo: mme boraro jone ke selo se le sengwe. Mme go na le ba bararo ba ba nayang bosupi mo lefatsheng.” Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba fitlhetse fa mafoko ao a sa kwalwa ke moaposetoloi Johane le gore ga a tshwanela go tsenngwa mo Baebeleng. Porofesa Bruce M. Metzger o ne a kwala jaana: “Go phepafetse gore mafoko ano ga a boammaaruri e bile ga a tshwanela go nna karolo ya Tesetamente e Ntšha.”​—A Textual Commentary on the Greek New Testament.

Se se seng boammaaruri: Baebele e mothofatsa moya o o boitshepo, mme seno ke bosupi jwa gore ke motho.

Boammaaruri: Ka dinako tse dingwe Dikwalo di mothofatsa moya o o boitshepo. Ka sekai, Jesu o ne a mothofatsa moya o o boitshepo a re ke “mothusi” (motsereganyi) yo o neng a tla naya bosupi, a kaele, a bue, a utlwe, a bolele, a galaletse, a bo a amogele. (Johane 16:7-15) Mme seno ga se supe gore moya o o boitshepo ke motho. Gape Baebele e mothofatsa botlhale, loso le boleo. (Diane 1:20; Baroma 5:17, 21) Ka sekai, go bolelwa fa botlhale bo na le “ditiro” le “bana,” fa boleo jone bo raela, bo bolaya e bile bo tsosa keletso ya bopelotshetlha.—Mathaio 11:19; Luke 7:35; Baroma 7:8, 11.

Se se seng boammaaruri: Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo ke bosupi jwa gore ke motho.

Boammaaruri: Ka dinako tse dingwe Baebele e dirisa “leina” go tshwantshetsa maatla kgotsa bolaodi. (Duteronome 18:5, 19-22; Esethere 8:10) Seno se tshwana le polelwana ya Seesemane e e reng, “mo leineng la molao,” mme ga e kaye gore molao ke motho. Motho yo o kolobediwang mo “leineng la” moya o o boitshepo, o tlhaloganya maatla le seabe sa moya o o boitshepo mo go diragatseng thato ya Modimo.—Mathaio 28:19.

Se se seng boammaaruri: Baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bangwe ba ntlhantlha ba ne ba dumela gore moya o o boitshepo ke motho.

Boammaaruri: Baebele le hisitori ga di bue jalo. Encyclopædia Britannica ya re: “Tlhaloso ya gore Moya o o Boitshepo e ne e le Motho yo o tlhomologileng wa bomodimo. . . e dirilwe ke Lekgotla la Constantinople ka ad 381.” Seno se diregile morago ga dingwaga di feta 250 moaposetoloi wa bofelo a sena go swa.