Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA

Go Thusa Ngwana Gore a Dire Bontle Kwa Sekolong

Go Thusa Ngwana Gore a Dire Bontle Kwa Sekolong

 Ngwana wa gago o bonala e kete ga a kgathalele sekolo, ga a batle go dira tiro ya sekolo e bile ga a batle go ithuta. Seo se dira gore a feleletse a sa dire bontle kwa sekolong. O ka thusa jang ngwana wa gago gore a dire bontle kwa sekolong?

 Se o tlhokang go se itse

 Go mo kgala go ka gakatsa bothata. Go tlhola o bolelela ngwana gore ga a dire bontle kwa sekolong go ka dira gore a se ka a rata sekolo le gore a se ka a itumelela go tla gae. A ka nna a feleletsa a bua maaka, a sa go bontshe repoto ya sekolo, a saena repoto ya gagwe a sa go bolelele kgotsa a sa ye le sekolong. Fa seo se direga, o tla bo o sa rarabolola bothata jwa ngwana.

 Go mo solofetsa dilo ga go thuse. Andrew a re: “Re ne re tlhola re raya ngwana wa rona re re fa a ka dira bontle kwa sekolong re tla mo direla sengwe, mme seo se ne se dira gore a akanye fela ka dilo tse re mo solofetsang tsone. Fa a sa dira bontle, o ne a tshwenyega thata ka gore ga re tle go mo direla dilo tseo go na le go tshwenyega ka tiro ya sekolo.”

 Go pega barutabana molato ga go thuse. Ngwana wa gago a ka nna a tsaya gore ga a tlhoke go dira ka thata gore a kgone go pasa kwa sekolong. A ka nna a feleletsa a tsaya gore fa a dirile diphoso, batho ba bangwe ba tshwanetse go pegwa molato kgotsa gore ba tshwanetse go rarabolola mathata a gagwe. Ka mantswe a mangwe, ngwana wa gago o tla palelwa ke go ithuta gore mo botshelong o tshwanetse go rwala maikarabelo a ditshwetso tse a di dirang.

 Se o ka se dirang

 Se tseege maikutlo. Fa ngwana a sa dire bontle kwa sekolong, se bue le ene ka kgang eno fa o utlwa gore o galefile. Brett a re: “Nna le mosadi wa me re lemogile gore go a thusa go bua le ngwana wa rona re wetse makgwafo.”

 Baebele ya re: “O tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.”—Jakobe 1:19.

 Leka go bona gore sentlentle bothata ke eng. Dilo tse gantsi di dirang gore ngwana a se ka a dira sentle kwa sekolong ke go kgerisiwa, go ya kwa sekolong se sengwe, go tshoga thata ka nako ya ditlhatlhobo, mathata a kwa lapeng, go sa robale sentle, go sa nne le thulaganyo ya go ithuta kgotsa go sa kgone go reetsa mo tlelaseng. O se ka wa itlhaganelela go akanya gore ngwana wa gago o botswa.

 Baebele ya re: “Yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla bona molemo.”—Diane 16:20.

 Thusa ngwana gore a kgone go ithuta. Mo direle thulaganyo ya go dira tiro ya sekolo le ya go ithuta. Dira gore ka nako ya fa a dira tiro ya sekolo go se ka ga nna le dilo tse di mo itayang tsebe (tse di jaaka thelebishene le founo). Fa a na le tiro e ntsi ya sekolo, mo thuse gore a se ka a e dira yotlhe ka nako e le nngwe. Hector wa kwa Jeremane a re: “Fa re itse gore ngwana wa rona o tlile go kwala ditlhatlhobo, re di baakanyetsa go sa le gale go na le go leta pele letsatsi la ditlhatlhobo le goroga.”

 Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.

 Mo kgothaletse gore a ithute. Fa ngwana a tlhaloganya mosola wa go ithuta kwa sekolong gone jaanong, o tla leka ka thata gore a dire bontle kwa sekolong. Ka sekai, go ithuta dipalo go tla mo thusa gore a itse go dirisa madi sentle.

 Baebele ya re: “Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo. . . . Bo tseele kwa godimo.”—Diane 4:5, 8.

 Kakantsho: Thusa ngwana wa gago ka tiro ya sekolo mme o se ka wa mo e direla. Andrew a re: “Ngwana wa rona o ne a batla gore e nne rona re mmatlelang dikarabo. Ruta ngwana gore a ithute go dira tiro ya sekolo a le nosi.