Fetela kwa tshedimosetsong

A LE TLHAMILWE?

Letlalo le le Kgonang go Iphepafatsa la Leruarua

Letlalo le le Kgonang go Iphepafatsa la Leruarua

Ditshenekegi dingwe tse di nnang mo lewatleng di rata go ngaparela sekepe di bo di nna di gola mme di bakela bakgweetsi ba dikepe mathata. Ditshenekegi tseno di dira gore sekepe se tsamaye ka bonya, se dirise leokwane le lentsi e bile se nne se tlhoka go phepafadiwa gangwe le gape. Baitsesaense ba leka go kopisa mo dilong tsa tlhago gore ba rarabolole bothata jono.

Akanya ka seno: Baitsesaense ba lemogile gore leruarua la pilot whale le na le letlalo le le kgonang go iphepafatsa. Ditshenekegi tse di tshelang mo lewatleng tse di tlholang di ngaparela dikepe ga di kgone go ngaparela mo letlalong la leruarua leno. Letlalo la lone le na le jele e e kgonang go bolaya bolele le baketeria. Ka jalo, jele eno ke yone e sireletsang letlalo.

Baitsesaense ba leka go kopisa tsela e letlalo la leruarua leno le iphepafatsang ka yone. Seno se tla thusa gore ditshenekegi tsa lewatle di se ka tsa ngaparela sekepe. Mo nakong e e fetileng, dikepe di ne di pentiwa ka pente e e neng e dira gore ditshenekegi di se ka tsa di ngaparela. Mme gone, bontsi jwa dipente tseno di thibetswe ka gonne di bolaya ditshedi tsa lewatle. Ka jalo, ba batla go tsenya ditshipi tse di nang le diphatlha mo sekepeng tse di kgonang go ntsha khemikale e e seng kotsi mo ditsheding tsa lewatle. Fa khemikale eo e kopana le metsi a lewatle e itira jele e bo e ngaparela mo sekepeng. Fa nako e ntse e ya, jele eo e a oboga e bo e tswa le ditshenekegi tse di neng di kgomaretse mo go yone. Go tswa foo, go boa go nna le jele e nngwe gape e e ngaparelang sekepe.

Ditshenekegi tsa lewatle tse di ngaparelang sekepe di dira gore se tsamaye ka bonya le gore go nne thata go se phepafatsa

Dipatlisiso di bontsha gore khemikale eno e ka thusa gore ditshenekegi tsa lewatle di se ka tsa ngaparela sekepe. Seno se tla thusa gore go se ka ga dirisiwa madi a mantsi go phepafadiwa dikepe gangwe le gape.

O akanyang? A letlalo le le iphepafatsang la pilot whale le itlhagetse fela? Kgotsa le tlhamilwe?