Fetela kwa tshedimosetsong

ETSA TUMELO YA BONE | ELIJA

O Itshokile go Fitlha Kwa Bofelong

O Itshokile go Fitlha Kwa Bofelong

Elija o fetsa go utlwa dikgang tsa gore Kgosi Ahabe o tlhokafetse. Gongwe moporofeti yono yo o setseng a tsofetse o itshwere seledu, o a shebasheba, o akanya ka dilo tse di diragetseng dingwagangwaga ka nako ya fa go ne go busa kgosi eno e e bosula. Elija o ile a itshokela dilo tse dintsi tota! Ahabe le mosadi wa gagwe e bong Jesebele ba kile ba mo tshosetsa mme a tshwanelwa ke go tshaba ka gonne ba batla go mmolaya. Ahabe o ile a tlogelela Jesebele gore a bolaye baporofeti ba bantsi ba ga Jehofa. Bopelotshetlha bo ile jwa dira gore Ahabe le mosadi wa gagwe ba bolaye monna yo o se nang molato e bong Nabothe le bana ba gagwe ba basimane. Mme Jehofa o ile a laela Elija gore a ye go bolelela Ahabe gore go tlile go diragalang ka ene le lelapa la gagwe. Jaanong dilo tse Modimo a neng a laetse Elija go di bua, di ne di simolola go direga. Ahabe o ile a swa ka tsela e Jehofa a neng a re o tla swa ka yone.—1 Dikgosi 18:4; 21:1-26; 22:37, 38; 2 Dikgosi 9:26.

Mme gone Elija o ne a itse gore o tla tlhoka go tswelela a itshoka. Jesebele o ne a sa ntse a tshela e bile a na le tlhotlheletso e e sa siamang mo lelapeng la gagwe le mo setšhabeng sa Iseraele. Mathata a ga Elija a ne a ise a fele mme ka fa letlhakoreng le lengwe o ne a tshwanetse go katisa tsala le motlhatlhami wa gagwe e bong Elisha. Jaanong a re tlotleng ka dikabelo tsa bofelo tse tharo tse Modimo a neng a di naya Elija. Go ithuta tsela e tumelo ya gagwe e ileng ya mo thusa ka yone go itshoka, go tla dira gore re nonotshe tumelo ya rona gore re kgone go itshokela mathata a lefatshe le re tshelang mo go lone.

O Isa Molaetsa wa Katlholo Kwa go Ahasia

Fa Ahabe a sena go tlhokafala, morwawe e bong Ahasia o ne a nna kgosi ya Iseraele. Ga a ka a ithuta sepe mo diphosong tsa batsadi ba gagwe. (1 Dikgosi 22:52) Le ene o ile a obamela Baale. Batho ba ba neng ba obamela Baale ba ne ba dira dilo tse di maswe tse di jaaka go letlelela diaka mo tempeleng le go ntsha bana ditlhabelo. A go na le sengwe se se neng se ka dira gore Ahasia a fetole ditsela tsa gagwe le go thusa batho gore ba ikanyege mo go Jehofa?

Ahasia o ne a sa ntse a le monnye fa a welwa ke masetlapelo a a neng a sa a lebelela. O ne a gobala botlhoko tota fa a sena go wa mo marulelong a ntlo ya gagwe. Le fa a ne a gobetse jalo, ga a ka a kopa thuso kwa go Jehofa, go na le moo, o ile a romela banna kwa motseng wa Bafilisitia wa Ekerone go ya go botsa modimo o o bidiwang Baale-sebube gore a o tla fola. Jaanong Jehofa o ne a setse a utlwile ke dilo tse Ahasia a di dirang. Moengele wa ga Jehofa o ile a laela Elija gore a ye go kgatlhantsha banna bao. Elija o ile a busetsa banna bao kwa kgosing ka molaetsa o o botlhoko. Se Ahasia a se dirileng, se ne se bontsha gore o nyaditse Jehofa mme Jehofa o ile a netefatsa gore Ahasia ga a kitla a fola.—2 Dikgosi 1:2-4.

Ahasia ga a bontshe go ikwatlhaya, go na le moo, o botsa banna bano a re: “Ponalo ya monna yo o neng a tlhatloga a tla go lo kgatlhantsha mme a bua mafoko ano le lona e ne e ntse jang?” Fa barongwa ba sena go mo tlhalosetsa seaparo sa moporofeti yoo, Ahasia o ile a lemoga gore ba bua ka Elija. (2 Dikgosi 1:7, 8) Tsela e banna bano ba tlhalosang Elija ka yone e re bontsha gore o ne a sa tshele botshelo jwa manobonobo. Elija o ne a sa tshwane le Ahasia kgotsa batsadi ba bagwe ka gore bone ba ne ba le pelotshetlha e bile ba rata botshelo jwa manobonobo. Sekao sa ga Elija se re gopotsa kgakololo ya ga Jesu ya gore re se ka ra rata dikhumo, go na le moo, re netefatse gore dilo tsa botlhokwa di tla pele mo botshelong.—Mathaio 6:22-24.

Ahasia o batla go ipusolosetsa, ka jalo, o romela masole a le 50 le moeteledipele wa bone gore ba ye go tshwara Elija. Ba fitlhela Elija “a ntse mo godimo ga thaba,” * mme moeteledipele wa masole o ile a bua ka lenyatso le Elija a mo laela gore a ‘fologe,’ gongwe gore ba mo ise a ye go bolawa. Akanya fela! Ba a itse gore Elija ke “monna wa Modimo wa boammaaruri” mme ba na le sebete sa go mo kgokgontsha le go mo tshosetsa. Ba ne ba mo direla lenyatso! Elija o ile a raya moeteledipele yoo a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa magodimong mme o go laile wena le batho ba gago ba ba masome a matlhano.” Modimo o ile a reetsa Elija! “Molelo [o ile] wa tla o fologa kwa magodimong mme wa mo laila ene le batho ba gagwe ba ba masome a matlhano.” (2 Dikgosi 1:9, 10) Se se diragaletseng banna bano se re bontsha gore Jehofa ga a batle gore batlhanka ba gagwe ba tshosediwe kgotsa ba nyadiwe.—1 Ditiragalo 16:21, 22.

Ahasia o romela masole a mangwe a le 50 le moeteledipele wa bone. Moeteledipele yono o ne a le lenyatso thata go feta wa ntlha. Go bonala a sa ithuta sepe mo go se se diragaletseng banna ba le 51 ba ba tlileng pele ga gagwe, ba go ka diregang gore melora ya ditopo tsa bone e ne e sa ntse e le gone mo thabeng. Mo godimo ga go laela Elija ka lenyatso gore a ‘fologe,’ o nnile le sebete sa go mo raya a re a dire jalo “ka bonako!” A boeleele! O ile a swa ka tsela e e tshwanang le e masole a ntlha a suleng ka yone. Mme Kgosi Ahasia e ne e le seleele go ba gaisa botlhe ka gore o ile a romela masole a mangwe gape. Mme moeteledipele wa boraro e ne e le monna yo o botlhale. O ile a ikokobetsa mme a kopa Elija gore a se ka a ba bolaya. Ka Elija e le monna wa Modimo, o ile a etsa sekao sa ga Jehofa mme a utlwela moeteledipele yono yo o ikokobeditseng botlhoko. Moengele wa ga Jehofa o ile a raya Elija a re a tsamaye le masole ao. Elija o ile a tsamaya le bone mme a fitlha a bolelela kgosi molaetsa o o tswang kwa go Jehofa. Ahasia o ile a tlhokafala fela jaaka Jehofa a ne a buile. O ile a busa dingwaga di le pedi fela.—2 Dikgosi 1:11-17.

Elija o etsa Jehofa ka go utlwela moeteledipele wa masole botlhoko

Elija o ile a kgona jang go itshoka le fa a ne a tshela le batho ba ba tlhogoethata e bile ba sa batle go reetsa Modimo? Potso eno e a re ama le rona gompieno. O ikutlwa jang fa o bona motho a dira tshwetso e e sa siamang morago ga gore o leke go mo gakolola? Go nyemisa moko thata. Mme gone re ka itshoka jang fa re kopana le seemo se se ntseng jalo? Re ka thusiwa ke go akanya ka lefelo le masole a fitlhetseng Elija kwa go lone. Ga re itse gore goreng Elija a ne a dutse ‘kwa godimo ga thaba’ mme a ka tswa a ne a rata go dula a le nosi gore a nne le tshono ya go bua le rraagwe yo o kwa legodimong. (Jakobe 5:16-18) Le rona re ka ipha nako ya go nna re le rosi gore re bue le Modimo le go mmolelela mathata a rona le dilo tse re tshwenyegileng ka tsone. Go dira jalo go tla re thusa gore re kgone go itshoka fa batho ba bangwe ba dira dilo ka tsela e e bontshang gore ga ba akanye e bile ga ba kgathale.

O Naya Elisha Kobo ya Gagwe

Jaanong e ne e le nako ya gore Elija a neye motho yo mongwe kabelo ya gagwe. Ela tlhoko se ileng a se dira. O ile a tsamaya le Elisha go ya kwa motseng wa Gilegala mme fa a fitlha koo o mo raya a re a sale gone, fa ene a tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 11 go ya kwa Bethele. Elisha o ile a gana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka moya wa gago o tshedile, ga ke na go go tlogela.” Fa ba fitlha kwa Bethele, Elija o raya Elisha a re a sale, fa ene a tlile go tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 22 go ya kwa Jeriko. Elisha o ile a gana. Pele ba ya go kgabaganya Noka ya Joredane e e dikilometara di ka nna 8 go tswa kwa Jeriko, Elija o bolelela Elisha gore a sale gape kwa Jeriko. Elisha o ile a gana. Elisha o ne a sa batle go kgaogana le Elija!—2 Dikgosi 2:1-6.

Elisha o ne a rata Elija thata jaana mo a neng a sa batle go mo tlogela. Ruthe le ene o ne a rata Naomi ka tsela e e tshwanang. (Ruthe 1:15, 16) Le gompieno, batho ba ba direlang Modimo le bone ba tlhoka go ratana ka tsela e e ntseng jalo. A jaaka Elisha re bona botlhokwa jwa go bontshana lorato lo lo ntseng jalo?

Elija o tshwanetse a bo a ne a kgatlhilwe thata ke tsela e tsala ya gagwe e neng e mo rata ka yone. E re ka Elisha a ne a rata Elija thata mo a neng a sa batle go mo tlogela, o ile a nna le tlotla ya go bona Elija a dira kgakgamatso ya gagwe ya bofelo fa ba le kwa Nokeng ya Joredane. Metsi a noka eno a na le go elela ka lobelo e bile go na le mo e tleng e nne boteng gone. Elija o ile a tsaya kobo ya gagwe mme a itaya Noka ya Joredane. Metsi a ile a kgaogana ka bogare! Gape go ne go na le “banna ba le masome a matlhano ba bomorwa baporofeti” ba ba neng ba lebile. Go bonala le bone Elija a ne a ba ruta gore ba kgone go etelela setšhaba pele mo go obameleng Modimo. (2 Dikgosi 2:7, 8) Nako nngwe Elija o kile a ikutlwa e kete ke ene fela a direlang Modimo sentle mo nageng ya Iseraele. Mme Jehofa o ile a mo duelela boitshoko jwa gagwe ka go mo dira gore a bone gore go na le batho ba bangwe ba ba neng ba obamela Modimo ka tsela e e siameng.—1 Dikgosi 19:10.

Fa ba sena go kgabaganya Joredane, Elija o ile a raya Elisha a re: “Kopa se o batlang gore ke se go direle pele ga ke tlosiwa mo go wena.” Elija o ne a itse gore jaanong ke nako ya gore a tsamaye. Ga a ka a fufegela tsala ya gagwe ka ntlha ya ditshiamelo tse a neng a tlile go nna le tsone, go na le moo, Elija o ne a ikemiseditse go thusa Elisha ka tsela epe fela e a ka e kgonang. Elisha o ile a mo raya a re: “Ke kopa gore dikarolo tse pedi mo moyeng wa gago di tle mo go nna.” (2 Dikgosi 2:9) O ne a sa reye gore moya o o boitshepo o Modimo a neng a o neile Elija o tle mo go ene mme a okelediwe ka o mongwe gape. Go na le moo, o ne a kopa Elija gore a mo neye boswa jo bo tshwanang le jo ngwana wa ntlha wa mosimane a bo newang go ya ka molao, gore a kgone go dira maikarabelo a gagwe a masha a go nna tlhogo ya lelapa. (Duteronome 21:17) E re ka a ne a tlile go nna motlhatlhami wa ga Elija, o ne a bona go tlhokega gore a nne le bopelokgale jo bo tshwanang le jwa gagwe gore a kgone go dira tiro eno e ntšha.

Elija o ile a bontsha boikokobetso ka go tlogelela Jehofa gore e nne ene a arabang Elisha. Fa e le gore Jehofa o ne a tla letlelela Elisha gore a bone fa moporofeti Elija a tlhatlosediwa kwa magodimong, go raya gore Modimo o tla bo a arabile kopo ya gagwe. Fa banna bano “ba bua ba ntse ba tsamaya,” go ile ga direga sengwe se se kgatlhang!—2 Dikgosi 2:10, 11.

Botsala jwa ga Elija le Elisha bo ba thusitse go itshokela mathata

Go ile ga bonala lesedi mo loaping mme le tla kwa go bone ka iketlo. Gongwe go ile ga tsoga phefo ya matsubutsubu, go bo go tlhaga selo se se phatsimang se se tlang se lebile banna bano ba babedi, se dira gore ba kgaogane gongwe e le gore ba kgone go bona sentle gore go diragalang. Ba ile ba bona kara ya ntwa e e tukang molelo. Elija o ne a itse gore nako e gorogile! A o ile a palama? Baebele ga e tlhalose. Mme o ile a tlhatlogela kwa magodimong mo sefefong.

Elisha o ne a lebile e bile a jelwe ke kgakge mme seno se ne se mo netefaletsa gore Jehofa o ne a tla mo naya bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Elija. Mme Elisha ene o ne a utlwile botlhoko thata mo a neng a sa akanye ka kgang eo. O ne a sa itse gore tsala ya gagwe e a e ratang thata e ile kae mme o ne a itse gore ga a kitla a tlhola a mmona gape. O ile a goa a re: “Rra, rra, kara ya ntwa ya Iseraele le bapalami ba gagwe ba dipitse!” Elisha o ne a lebile fa Elija a nyelela mo loaping, go tswa foo, o ile a gagoganya diaparo tsa gagwe.—2 Dikgosi 2:12.

A fa Elija a ntse a tlhatlogela mo loaping mme a utlwa tsala ya gagwe e bokolela, a gongwe le ene o ile a lela? Ga re a tlhomamisega mme Elija ene o ne a itse gore go nna le tsala e e tshwanang le Elisha ke gone go mo thusitseng go itshoka fa a ne a lebane le maemo a a thata. Le rona re ka etsa sekao sa ga Elija ka go itsalanya le batho ba ba ratang Modimo e bile ba ikobela melao ya gagwe.

Jehofa o isa Elija kwa kabelong ya gagwe e ntšha

Kabelo ya Bofelo

Elija o ile a ya kae? Dikereke dingwe di ruta gore o ile a isiwa kwa legodimong gore a ye go nna le Modimo. Seo ga se kgonege ka gore dingwaga morago ga moo, Jesu o ile a re ga go na ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong pele ga gagwe. (Johane 3:13) Fa Baebele e re “Elija a tlhatlogela kwa magodimong mo sefefong,” re tlhoka go ipotsa gore go buiwa ka magodimo afe. (2 Dikgosi 2:11) Baebele e na le go dirisa lefoko “magodimo” fa e bua ka loapi lo maru a leng kwa go lone le le dinonyane di fofang mo go lone e seng fela fa e bua ka lefelo le Jehofa a nnang kwa go lone. (Pesalema 147:8) Elija o tlhatlogetse mo loaping e seng kwa go Jehofa. Go ile ga diragalang morago ga moo?

Jehofa o ile a fudusetsa moporofeti yono kwa kabelong ya gagwe e ntšha kwa bogosing jwa Juda. Baebele ya re Elija o ne a ntse a le koo, gongwe dingwaga di feta supa morago ga kgakgamatso eo. Ka nako eo, Kgosi Jehorame yo o bosula ke ene a neng a busa kwa Juda. Maemo a ne a le maswe ka gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe le Jesebele. Jehofa o ile a laela Elija gore a kwalele Jehorame lekwalo le le mmolelelang ka katlholo ya Modimo. Jehorame o ile a swa botlhoko fela jaaka Jehofa a ne a buile. Se se botlhoko le go feta, Baebele ya re ga go na ope yo o ileng a lela.—2 Ditiragalo 21:12-20.

Elija o ne a sa tshwane gotlhelele le monna yoo yo o bosula! Ga re itse gore Elija o sule leng kgotsa gore o sule jang mme re a itse gore ga a swa botlhoko jaaka Jehorame mo batho ba paletsweng ke go mo lelela. Elisha le baporofeti ba bangwe ba ba ikanyegang ba ile ba gopola tsala ya bone. Jehofa le ene o ile a mo gopola ka gonne dingwaga di ka nna 1 000 moragonyana o ile a mo dirisa ka tsela ya tshwantshetso. (Mathaio 17:1-9) A o batla go tshwana le Elija mme o nne le tumelo e e go thusang go itshoka fa go le thata? Fa go le jalo, se lebale gore o tlhoka go itsalanya le batho ba ba ratang Modimo, go dira gore tiro ya Modimo e tle pele mo botshelong jwa gago le go mo rapela go tswa pelong. E kete le wena o ka nna mongwe wa batho ba Jehofa a ba ratang thata!

^ ser. 6 Baitse ba re thaba eno ke Thaba ya Karemele e dingwaga pelenyana Elija a ileng a bolaela baporofeti ba ga Baale mo go yone. Mme Baebele yone ga e umake leina la thaba eno.