Timotheo wa Ntlha 6:1-21

  • Batlhanka ba tshwanetse go tlotla beng ba bone (1, 2)

  • Barutisi ba maaka le go rata madi (3-10)

  • Ditaelo tse di newang monna wa Modimo (11-16)

  • Nna mohumi wa ditiro tse di molemo (17-19)

  • Tlhokomela se o se neilweng (20, 21)

6  A batlhanka ba tlotle beng ba bone ka pelo yotlhe,+ gore leina la Modimo le thuto ya gagwe di se ka tsa buiwa maswe.+  Gape a ba ba nang le beng ba ba dumelang ba se ka ba nyatsa beng ba bone ka gonne e le bakaulengwe. Go na le moo, a ba dire ka natla le go feta, ka gonne ba direla badumedimmogo le bakaulengwe ba bone ba ba ba ratang. Nna o ba rute dilo tseno e bile o ba rotloetse go di dira.  Fa motho mongwe a ruta thuto nngwe e sele mme a sa dumalane le thuto e e boammaaruri*+ e e tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete, e bile se a se rutang se sa dire gore a ikanyege mo Modimong,+  o a ikgogomosa e bile ga a tlhaloganye sepe.+ O rata go ganetsana le go ngangisana ka mafoko.+ Dilo tseno di dira gore go nne le lefufa, dikgogakgogano, go senya ba bangwe maina,* go belaela ba bangwe,  go ngangisana ka dilo tse e seng tsa sepe tse di dirwang ke batho ba ba senyegileng tlhaloganyo+ e bile ba sa tlhole ba tlhaloganya boammaaruri, ba batla go ikanyega mo Modimong fela ka gonne ba batla go boelwa ke sengwe.+  Gone ke boammaaruri gore fa motho a ikanyega mo Modimong+ e bile a kgotsofalela se a nang le sone,* o tla solegelwa molemo thata.  Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng e bile ga re kitla re tswa re tshotse sepe.+  Ka jalo, e re ka re na le dijo le diaparo,* re tla kgotsofalela dilo tseno.+  Le fa go ntse jalo, ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo mathateng,+ e bile ba nna le dikeletso tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di dirang gore batho ba boge ba bo ba swa.+ 10  Gonne go rata madi ke tshimologo ya mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka ntlha ya go rata madi bangwe ba ile ba faposiwa mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.+ 11  Le fa go ntse jalo, wena monna wa Modimo o tshabe dilo tseno. Mme leka go dira se se siameng, o ikanyege mo Modimong, o nne le tumelo, lorato, boitshoko e bile o nne bonolo.+ 12  O lwe ntwa e e molemo ya tumelo; o ngangatlele botshelo jo bo sa khutleng jo o neng wa bo bilediwa wa bo wa bua ka jone fa pele ga basupi ba le bantsi. 13  Ke go naya ditaelo fa pele ga Modimo yo o dirang gore dilo tsotlhe di tshele, le fa pele ga ga Keresete Jesu yo o neng a bua ka tumelo ya gagwe phatlalatsa fa pele ga ga Ponto Pilato+ 14  gore o ikobele ditaelo tseno go se na sepe se o tshwaiwang phoso ka sone kgotsa se o nyadiwang ka sone go fitlha fa go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete go itsiwe,+ 15  ka dinako tse di tlhomilweng ke Morena yo o Maatla le yo o itumetseng. Ke Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena,+ 16  ene a le esi yo o sa sweng,+ yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa,+ yo go se nang motho ope yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.+ A a nne a tlotliwe a bo a nne le thata ka bosakhutleng. Amen. 17  O laele ba ba humileng gone jaanong* gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba ikanye Modimo yo o re nayang dilo tsotlhe ka botlalo gore re di itumelele,+ mme ba se ka ba ikanya dikhumo tse di sa nneleng ruri.+ 18  Ba bolelele gore ba kgaratlhele go dira molemo, e nne bahumi ba ditiro tse di molemo, ba nne pelotshweu, ba itumelele go abelana,+ 19  mme fa ba dira jalo, ba tla ipolokela dikhumo tse di tswang kwa Modimong. Seno se raya gore ba tla bo ba itirela motheo o o siameng wa bokamoso,+ gore ba kgone go ngangatlela botshelo jwa mmatota.+ 20  Timotheo, o tlhokomele se o se neilweng+ e bile o se ka wa reetsa dipuo tse di tlontlololang Modimo le kitso e e seng yone e e ganetsanang le se se boammaaruri.+ 21  Batho ba bangwe ba ikgantsha ka kitso e e ntseng jalo mme seno se dirile gore ba fapoge mo tumelong. E kete bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo bo ka nna le lona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “e e mosola; e e solegelang molemo.”
Kgotsa “go kgoba ba bangwe ka mafoko.”
Seger., “a na le thetebalo.”
Kgotsa “mo re nnang gone.” Seger., “se re ipipang ka sone.”
Seger., “mo tsamaisong ya jaanong ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.