Dikgosi wa Bobedi 19:1-37

  • Hesekia o bolelela Isaia gore a kope Modimo gore a ba thuse (1-7)

  • Senakeribe o tshosetsa baagi ba Jerusalema (8-13)

  • Thapelo ya ga Hesekia (14-19)

  • Isaia o ba bolelela tsela e Modimo a arabileng ka yone (20-34)

  • Moengele o bolaya Baasiria ba le 185 000 (35-37)

19  Fela fa Kgosi Hesekia a utlwa seno, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a apara letsela la kgetsi a bo a ya kwa ntlong ya ga Jehofa.+  Go tswa foo, o ne a roma Eliakime, yo o neng a okametse ntlo ya kgosi,* Shebenahe mokwaledi le bagolwane ba baperesiti, ba apere letsela la kgetsi, gore ba ye kwa go moporofeti Isaia+ morwa Amosi.  Ba ne ba mo raya ba re: “Seno ke se Hesekia a se buang, ‘Letsatsi leno ke letsatsi la matshwenyego, la go kgalemelwa* le la go tlontlololwa; gonne bana ba fitlhile fa molomong wa popelo,* le fa go ntse jalo, ga go na maatla a go belega.+  Gongwe Jehofa, Modimo wa gago o tla utlwa mafoko otlhe a ga Rabeshake, yo morena wa gagwe kgosi ya Asiria a mo romileng go tla go kgoba Modimo yo o tshelang ka one,+ mme Jehofa, Modimo wa gago o tla mo sekisa ka ntlha ya mafoko a a a utlwileng. Ka jalo, rapelela+ masalela a a falotseng.’”  Ka jalo, batlhanka ba ga Kgosi Hesekia ba ne ba ya kwa go Isaia,+  mme Isaia o ne a ba raya a re: “Lo reye morena wa lona lo re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “O se ka wa boifa+ ka ntlha ya mafoko a o a utlwileng, mafoko a batlhokomedi ba kgosi ya Asiria ba ntlhapaditseng ka one.+  Bona, ke tsenya kakanyo mo mogopolong wa gagwe,* mme o tla utlwa pego a bo a boela kwa lefatsheng la gagwe; mme ke tla dira gore a bolawe ka tšhaka kwa lefatsheng la gagwe.”’”+  Fa Rabeshake a sena go utlwa gore kgosi ya Asiria e ne e dule kwa Lakishe,+ o ne a boela kwa go ene mme a mo fitlhela a tlhabana le motse wa Libena.+  Jaanong kgosi e ne ya utlwa go buiwa jaana ka Kgosi Tirehaka wa Ethiopia: “Bona, o bolotse, o tlile go tlhabana le wena.” Ka jalo, o ne a romela barongwa+ gape kwa go Hesekia, a re: 10  “Lo reye Kgosi Hesekia wa Juda lo re, ‘O se ka wa letla Modimo wa gago yo o mo ikanyang a go tsietsa ka go go raya a re: “Jerusalema ga e kitla e tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.”+ 11  O utlwile se dikgosi tsa Asiria di se dirileng mafatshe otlhe ka go a senya.+ A ke wena fela yo o tla gololwang? 12  A medimo ya ditšhaba tse borremogolo ba neng ba di senya e ba golotse? E kae Gosane, Harana,+ Resife le batho ba Edene ba ba neng ba le kwa Tele-asare? 13  E kae kgosi ya Hamathe, kgosi ya Arepade le kgosi ya metse ya Sefarefaime le ya Hena le ya Ifaha?’”+ 14  Hesekia o ne a tsaya makwalo mo seatleng sa barongwa a bo a a bala. Go tswa foo, Hesekia o ne a ya kwa ntlong ya ga Jehofa a bo a a* phuthololela fa pele ga ga Jehofa.+ 15  Mme Hesekia o ne a simolola go rapela+ fa pele ga ga Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba,+ wena o le nosi o Modimo wa boammaaruri wa magosi otlhe a lefatshe.+ O dirile magodimo le lefatshe. 16  Sekega tsebe ya gago, tlhe Jehofa mme o utlwe.+ Bula matlho a gago,+ tlhe Jehofa mme o bone. Utlwa mafoko a Senakeribe a a rometseng gore a kgobe Modimo yo o tshelang. 17  Gone ke boammaaruri, Jehofa, gore dikgosi tsa Asiria di sentse ditšhaba le mafatshe a tsone.+ 18  Mme di latlhetse medimo ya tsone mo molelong ka gonne e ne e se medimo,+ mme e ne e le tiro ya diatla tsa motho,+ logong le leje. Ke gone ka moo ba kgonneng go e senya. 19  Mme jaanong tlhe Jehofa, Modimo wa rona, tsweetswee re golole mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena Jehofa, o Modimo o le nosi.”+ 20  Go tswa foo, Isaia morwa Amosi o ne a romela molaetsa ono kwa go Hesekia: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang, ‘Ke utlwile thapelo ya gago+ e e ka ga Kgosi Senakeribe wa Asiria.+ 21  Seno ke se Jehofa a se buileng ka ga gagwe: “Kgarebane ya Siona e a go nyatsa, e a go sotla. Morwadia Jerusalema o tshikinya tlhogo ka ntlha ya gago. 22  O kgobile mang e bile o tlhapaditse mang?+ O tsholeleditse mang lentswe la gago+E bile o tsholeleditse mang matlho a gago a a ikgodisang? Ke Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele!+ 23  O kgobile nna Jehofa+ ka barongwa ba gago+ mme wa re,‘Ke tla tlhatloga dithaba tse di kwa godimo thata,E leng dikarolo tsa Lebanona tse di kgakala thataKa dikara tsa me tsa ntwa tse dintsintsi. Ke tla kgaola masedara a yone a a godileng, ditlhare tsa yone tsa mofira tse di di gaisang. Ke tla tsena mo mafelong a yone a go ikhutsa a a kgakala, dikgwa tsa yone tse di kitlaneng thata. 24  Ke tla epa didiba ke bo ke nwa metsi a mafatshe a sele,Ke tla kgadisa melatswana* yotlhe ya Egepeto ka dipato tsa dinao tsa me.’ 25  A ga o ise o utlwe? Se ke ikaeletseng go dira ke ne ka se rulaganya* go tswa bogologolong.+ Ke ne ka se baakanya* mo metlheng e e fetileng.+ Jaanong ke tla se tlisa.+ O tla senya metse e e sireletsegileng; e tla sala e le mekoa ya marope fela.+ 26  Banni ba yone e tla nna batho ba ba ka se itireng sepe;Ba tla tshoga e bile ba tla tlhabiwa ke ditlhong. Ba tla nna jaaka dimela tsa naga le bojang jo botala,+Jaaka bojang jo bo rulelang jo bo fisitsweng ke phefo ya botlhaba. 27  Mme gone, ke itse sentle fa o nna, fa o tswa, fa o tsena,+Le fa o nkgalefetse,+ 28  Ka gonne go nkgalefela ga gago+ le go kurutla ga gago di gorogile mo ditsebeng tsa me.+ Ka jalo, ke tla tsenya huku ya me mo nkong ya gago le tomo ya me+ mo molomong wa gago,Mme ke tla go busetsa morago ka tsela e o tlileng ka yone.”+ 29  “‘Mme seno e tla nna sesupo mo go wena:* Mo ngwageng ono lo tla ja se se ijadileng;* mme mo ngwageng wa bobedi lo tla ja dijo tsa ditlhaka tse di tlhogileng mo go sone seo;+ mme mo ngwageng wa boraro lo tla jala peo lo bo lo roba, e bile lo tla jala masimo a morara* lo bo lo ja maungo a one.+ 30  Batho ba Juda ba ba falolang, ba ba setseng,+ ba tla mela medi go ya kwa tlase e bile ba tla ungwa maungo kwa godimo. 31  Gonne masalela a tla tswa mo Jerusalema le bafalodi ba tla tswa mo Thabeng ya Siona. Jehofa wa masomosomo o tla dira seno ka tlhoafalo.+ 32  “‘Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang ka ga kgosi ya Asiria:+ “Ga a kitla a tsena mo motseng ono+Kgotsa a hulela motswi mo go oneKgotsa a lebana le one ka thebeKgotsa a dira thotana e e ka dirisiwang fa go tlhaselwa motse.+ 33  O tla boa ka tsela e a tlileng ka yone;Ga a kitla a tsena mo motseng ono,” go bua Jehofa. 34  “Ke tla femela motse ono+ ke bo ke o boloka ka ntlha ya me+Le ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa me.”’”+ 35  Mo go jone bosigo joo moengele wa ga Jehofa o ne a tswa a bo a kgemetha banna ba le 185 000 mo kampeng ya Baasiria.+ E rile batho ba tsoga go sa le phakela, ba ne ba bona ditopo gotlhe fela.+ 36  Ka jalo, Kgosi Senakeribe wa Asiria o ne a tsamaya mme a boela kwa Ninife+ a bo a nna teng.+ 37  Mme fa a ntse a ikobile fa fatshe mo ntlong* ya modimo wa gagwe e bong Niseroke, bomorwawe e bong Aderameleke le Sharesere, ba ne ba mmolaya ka tšhaka+ go tswa foo ba bo ba tshabela kwa lefatsheng la Ararata.+ Mme morwawe e bong Esare-hadone,+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa “tlhapadiwa.”
Kgotsa “bana ba tloga ba belegwa.”
Seheb., “moya mo go ene.”
Seheb., “le.”
Kgotsa gongwe “fa gare ga.”
Kgotsa “mesele ya Nile.”
Kgotsa “bopa.”
Seheb., “dira.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “se se medileng go tswa mo dipeong tse di tshologileng tsa dijo tsa ditlhaka.”
Go tewa Hesekia.
Kgotsa “mo tempeleng.”