Daniele 9:1-27

  • Thapelo ya ga Daniele ya go ipolela maleo (1-19)

    • Jerusalema e tla nna marope dingwaga di le 70 (2)

  • Gabariele o tla mo go Daniele (20-23)

  • Dingwaga di le 70 tsa boporofeti di bolelelwa pele (24-27)

    • Mesia o tla tla morago ga dibeke di le 69 (25)

    • Mesia o tla bolawa (26)

    • Motse le lefelo le le boitshepo di tla senngwa (26)

9  Mo ngwageng wa ntlha wa ga Dario+ morwa Ahasueruse, yo e leng setlogolwana sa Bameda yo o neng a tlhomilwe gore a nne kgosi ya bogosi jwa Bakaladia,+  mo ngwageng wa ntlha wa puso ya gagwe, nna Daniele, fa ke ntse ke bala dibuka* ke ne ka lemoga palo ya dingwaga tse di umakiwang mo mafokong a Jehofa a neng a a bolelela moporofeti Jeremia ka ga gore Jerusalema e ne e tla nna e le marope ka lobaka lo lo kae.+ E ne e le dingwaga di le 70.+  Ka jalo, ke ne ka lebisa sefatlhego sa me kwa go Jehofa, Modimo wa boammaaruri, ke mo kopa ka thapelo, ke itima dijo,+ ke apere letsela la kgetsi e bile ke itshela ka melora.  Ke ne ka rapela Jehofa, Modimo wa me mme ka ipolela maleo ka re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa boammaaruri, Wena yo mogolo le yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano e o e dirileng le yo o bontshang ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe+ lorato lo lo sa kgaotseng,+  re leofile, re dirile phoso, re dirile bosula e bile re tlhanogile;+ mme re fapogile ditaelo tsa gago le melao ya gago.  Ga re a ka ra reetsa batlhanka ba gago, e leng baporofeti,+ ba ba neng ba bua le dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona, borraaronamogolo le batho botlhe ba lefatshe leno ka leina la gago.  Jehofa, wena o siame, mme rona re tlhabilwe ke ditlhong* jaaka go ntse mo letsatsing leno. Batho ba Juda, banni ba Jerusalema le Baiseraele botlhe, ba ba gaufi le ba ba kgakala kwa dinageng tse o ba phatlalaleditseng kwa go tsone ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go wena, le bone ba tlhabilwe ke ditlhong.+  “Ao tlhe Jehofa, rona, dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona le borraaronamogolo re tlhabilwe ke ditlhong,* ka gonne re go leofetse.  Jehofa, Modimo wa rona, o kutlwelobotlhoko e bile o a itshwarela,+ ka gonne re go tlhanogetse.+ 10  Ga re a ka ra ikobela lentswe la gago wena Jehofa, Modimo wa rona, ka gonne ga re a latela melao ya gago e o neng wa re e laela o dirisa batlhanka ba gago e leng baporofeti.+ 11  Baiseraele botlhe ba tlodile Molao wa gago e bile ba fapogile ka gonne ga ba a ikobela lentswe la gago, mo o neng wa re tshololela phutso le maikano a o a dirileng a go kwadilweng ka one mo Molaong wa ga Moshe motlhanka wa Modimo wa boammaaruri,+ ka gonne re go leofetse. 12  O diragaditse mafoko a gago a o neng wa a bua ka ga rona+ le ka ga baatlhodi ba rona ba ba neng ba re busa,* ka go re tlisetsa masetlapelo a magolo; ga go ise go ke go nne le masetlapelo a magolo jaana mo lefatsheng lotlhe a a tshwanang le a a neng a wela Jerusalema.+ 13  Re wetswe ke masetlapelo ano otlhe fela jaaka go kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe,+ le fa go ntse jalo, ga re a go kopa gore o re utlwele botlhoko* tlhe Jehofa, Modimo wa rona ka gonne ga re a tlogela maleo a rona+ e bile ga re a bontsha gore re tlhaloganya gore o a ikanyega.* 14  “Ka jalo, o ne wa nna o re lebeletse Jehofa mme wa re tlisetsa masetlapelo, ka gonne wena Jehofa, Modimo wa rona o siame mo dilong tsotlhe tse o di dirileng; le fa go ntse jalo, ga re a ka ra ikobela lentswe la gago.+ 15  “Jaanong Jehofa, Modimo wa rona, wena yo o neng wa ntsha batho ba gago kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla se se nonofileng+ wa bo wa itirela leina go tla go fitlha mo letsatsing leno,+ re leofile e bile re dirile bosula. 16  Ao tlhe Jehofa, go dumalana le ditiro tsotlhe tsa gago tse di siameng,+ tsweetswee, e kete bogale jwa gago le tšhakgalo ya gago di ka fapoga tsa se ka tsa tla mo motseng wa gago wa Jerusalema, e leng thaba ya gago e e boitshepo; gonne Jerusalema le batho ba gago ba kgobiwa ke batho botlhe ba ba re dikologileng+ ka ntlha ya maleo a rona le melato ya borraaronamogolo. 17  Jaanong wena Modimo wa rona, reetsa thapelo ya motlhanka wa gago le dikopo tse a di dirang ka tlhoafalo, mme o dire gore sefatlhego sa gago se phatsimele lefelo le le boitshepo+ le le kgakgabetseng,+ o dire seo ka ntlha ya leina la gago tlhe Jehofa. 18  Sekega tsebe mme o utlwe, wena Modimo wa me! A ko o bule matlho a gago tlhe mme o bone boemo jwa rona jo bo tlhomolang pelo le motse o o ntseng o bidiwa ka leina la gago; gonne ga re go kope ka gonne re dira ditiro tse di siameng, mme re dira jalo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo.+ 19  Ao tlhe Jehofa, re reetse. Re itshwarele tlhe Jehofa.+ Ao tlhe Jehofa, re tlhwaele tsebe mme o re thuse! O se ka wa diega, ka ntlha ya leina la gago, wena Modimo wa me, ka gonne leina la gago le ntse le bidiwa mo motseng wa gago le mo bathong ba gago.”+ 20  E rile ke sa ntse ke bua, ke rapela ke ipolela boleo jwa me e bile ke bolela le maleo a batho ba gaetsho ba Iseraele mme ke kopa gore Jehofa, Modimo wa me a re utlwele botlhoko ka ntlha ya thaba ya gagwe e e boitshepo,+ 21  tota e rile ke sa ntse ke rapela, Gabariele,+ monna yo ke neng ke mmone pelenyana mo ponatshegelong,+ o ne a tla kwa go nna fa ke ne ke lapile thata mo e ka nnang ka nako ya setlhabelo sa mpho sa maitseboa. 22  Mme o ne a nthusa go tlhaloganya a re: “Wena Daniele, jaanong ke tlile go go thusa gore o nne le temogo o bo o tlhaloganye. 23  Fa o ne o simolola go rapela ke ne ka amogela molaetsa, mme jaanong ke tlile go o go bolelela, ka gonne o mongwe yo o botlhokwa thata.*+ Ka jalo, akanyetsa kgang eno mme o tlhaloganye ponatshegelo eo. 24  “Go na le dibeke* di le 70 tse di beetsweng batho ba gaeno le motse wa gaeno o o boitshepo,+ gore go fedisiwe molato, go tlosiwe boleo,+ go itshwarelwe molato,+ go tlisiwe tshiamo e e nnelang ruri,+ go netefadiwe ponatshegelo le boporofeti*+ go bo go tlodiwe lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo. 25  O itse o bo o tlhaloganye gore go simologa ka nako ya fa go ntshiwa taelo ya gore Jerusalema a tsosolosiwe a bo a agiwe sesha+ go fitlha Mesia,*+ yo e leng Moeteledipele+ a goroga, e tla nna dibeke di le 7, le dibeke di le 62.+ O tla tsosolosiwa a bo a agiwa sesha, a diretswe patlelo le mosele, mme e tla bo e le mo metlheng e e thata. 26  “Morago ga dibeke di le 62 Mesia o tla bolawa,*+ a se na sepe se a nang le sone.+ “Mme masole a moeteledipele yo o tlang a tla senya motse le lefelo le le boitshepo.+ Mme bokhutlo jwa teng bo tla nna jaaka e kete ka morwalela. Go tla nna le ntwa go fitlha kwa bokhutlong; Modimo o sweditse ka go re go nne le tshenyego.+ 27  “Mme o tla dira gore kgolagano e nne e le teng gore e thuse ba le bantsi mo bekeng e le nngwe; mme mo halofong ya beke, o tla khutlisa ditlhabelo tsa diphologolo le ditlhabelo tsa mpho.+ “Mme yo o bakang kgakgabalo+ o tla tla a le mo lefukeng la dilo tse di ferosang sebete; tshwetso e Modimo a e dirileng e tla tshololelwa le mo go o o kgakgabetseng go fitlha o fedisiwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa dibuka tse di boitshepo.
Seheb., “sefatlhego sa rona se tlhabilwe ke ditlhong.”
Seheb., “sefatlhego sa rona se tlhabilwe ke ditlhong.”
Seheb., “baatlhodi ba rona ba ba neng ba re atlhola.”
Kgotsa “ga re a ka ra nolofatsa sefatlhego sa gago.”
Seheb., “o boammaaruri.”
Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”
Seheb., “moporofeti.”
Mono beke e le 1 ke dingwaga di le 7.
Kgotsa “Motlodiwa.”
Seheb., “kgaolwa.”