Diane 22:1-29

  • Leina le le molemo le botoka go feta dikhumo tse dintsi (1)

  • Go rutwa go tswa boseeng go sologela molemo botshelo jotlhe (6)

  • Setshwakga se boifa tau e e kwa ntle (13)

  • Kotlhao e tlosa boeleele (15)

  • Modiri yo o setswerere o direla dikgosi (29)

22  Tlhopha go nna le leina le le molemo* go na le go tlhopha dikhumo tse dintsi;+Go tlotliwa* go botoka go na le selefera le gauta.   Mohumi le mohumanegi ba tshwana ka seno:* Botlhe ba bopilwe ke Jehofa.+   Yo o botlhale o bona kotsi a bo a iphitlha,Mme yo o se nang maitemogelo o tswelela a tsamaya a bo a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko.   Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa JehofaKe dikhumo le kgalalelo le botshelo.+   Mmitlwa le dirai di mo tselaneng ya motho yo o sokameng,Mme ope fela yo o ratang botshelo* jwa gagwe o nnela kgakala le tsone.+   Ruta mosimane* tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone;+Tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.+   Mohumi o laola mohumanegi,E bile yo o adimilweng ke lekgoba la motho yo a mo adimileng.+   Ope fela yo o jalang tshiamololo o tla roba masetlapelo,+E bile taolo ya gagwe e e setlhogo* e tla khutla.+   Motho yo o pelotshweu* o tla segofadiwa,Gonne o kgaogana dijo tsa gagwe le bahumanegi.+ 10  Leleka mosotli,Mme manganga a tla fela;Dikgotlhang* le ditlhapatso di tla khutla. 11  Motho yo o pelo e e itshekilengO tla nna tsala ya Kgosi.+ 12  Jehofa o sireletsa yo o dirang dilo ka botlhale,*Mme o pitikolola mafoko a maferefere.+ 13  Setshwakga sa re: “Go na le tau kwa ntle! E tla mpolaela mo patlelong!”+ 14  Molomo wa basadi ba ba duleng mo tseleng* ke khuti e e boteng.+ Yo o atlhotsweng ke Jehofa o tla wela mo go yone. 15  Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane,*+Mme thupa ya kotlhao e tla bo ntshetsa kgakala le ene.+ 16  Yo o tsietsang bahumanegi gore a oketse dikhumo tsa gagwe+Le yo o abelang bahumi dimphoO tla felela a humanegile. 17  Sekega tsebe ya gago mme o reetse mafoko a ba ba botlhale,+Gore o tle o tlhome pelo ya gago mo kitsong ya me,+ 18  Gonne go molemo gore o a boloke mo teng ga gago,+Gore o nne o a bua ka metlha.+ 19  Ke go naya kitso gompieno,Gore tshepo ya gago e tle e nne mo go Jehofa. 20  A ga ke a go kwalela mo nakong e e fetileng,Ke go naya dikgakololo le kitso, 21  Ke go ruta mafoko a a boammaaruri le a a ikanyegang,Gore o tle o ise pego e e boammaaruri kwa go yo o go romileng? 22  O se ka wa thukutha mohumanegi ka gonne a humanegile,+E bile o se ka wa gatelela motho wa maemo a a kwa tlase kwa kgorong ya motse,+ 23  Gonne Jehofa ka boene o tla tlhomamisa gore ba direlwa tshiamiso+E bile o tla bolaya ba ba ba tsietsang. 24  O se ka wa tsalana le motho yo o galefang motlhofoKgotsa wa ikopanya le motho yo o pelokhutshwane, 25  Gore le ka motlha o se ka wa ithuta ditsela tsa gagweMme wa itsenya mo seraing.+ 26  O se ka wa nna le batho ba ba dirang tumalanoYa gore ba tla duelela ba bangwe melato ya bone.+ 27  Fa o se na sepe se o ka duelang ka sone,Bolao jwa gago bo tla tsewa o ntse o robetse mo go jone! 28  O se ka wa sutisa letshwao la molelwane le le sa bolong go tlhomiwaLe borragomogolo ba neng ba le baya.+ 29  A o kile wa bona motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi;+Ga a kitla a ema fa pele ga batho fela.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Go amogelwa.”
Kgotsa “Tsela e e molemo e motho a itsegeng ka yone e botoka.” Seheb., “Tlhopha leina.”
Seheb., “ba kopana mmogo.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ngwana; mosha.”
Seheb., “thobane ya tšhakgalo ya gagwe.”
Seheb., “Yo o nang le leitlho le le molemo.”
Kgotsa “Ditsheko.”
Seheb., “o sireletsa kitso.”
Seheb., “basadi ba sele.” Bona Dia 2:16.
Kgotsa “ngwana; mosha.”