Ditiro Tsa Baaposetoloi 10:1-48

  • Ponatshegelo ya ga Korenelio (1-8)

  • Ponatshegelo ya ga Petere ya diphologolo tse di ntlafaditsweng (9-16)

  • Petere o etela Korenelio (17-33)

  • Petere o bolelela batho ba e seng Bajuda dikgang tse di molemo (34-43)

    • “Modimo ga a na tlhaolele” (34, 35)

  • Batho ba e seng Bajuda ba amogela moya o o boitshepo ba bo ba kolobediwa (44-48)

10  Jaanong go ne go na le monna mongwe kwa Kaesarea yo o neng a bidiwa Korenelio, mookamedi wa masole* mo setlhopheng se se neng se bidiwa mophato wa Itali.*  O ne a obamela Modimo mmogo le lelapa lotlhe la gagwe, mme o ne a direla bahumanegi dilo tse di molemo e bile ka metlha o ne a rapela Modimo ka tlhoafalo.  Mo e ka nnang ka 3:00 motshegare*+ o ne a bona mo ponatshegelong moengele wa Modimo a tsena kwa go ene a bo a mo raya a re: “Korenelio!”  Korenelio o ne a mo leba a tshogile a bo a mmotsa jaana: “Ke eng Morena?” O ne a mo raya a re: “Modimo o utlwile dithapelo tsa gago e bile o bone kafa o thusang batho ba ba humanegileng ka gone mme o nna a go gopotse.+  Ka jalo, roma banna kwa Jopa gore ba ye go bitsa Simone yo o bidiwang Petere.  Monna yono ke moeng kwa ga* Simone yo o sugang matlalo, yo o nang le ntlo go bapa le lewatle.”  Ka bonako fela fa moengele yo o neng a bua le ene a sena go tsamaya, o ne a bitsa batlhanka ba gagwe ba le babedi le lesole le le boifang Modimo go tswa mo batlhankeng ba gagwe,  mme o ne a ba bolelela sengwe le sengwe a bo a ba roma kwa Jopa.  Letsatsi le le latelang fa ba ntse ba le mo loetong lwa bone e bile ba atamela motse, Petere o ne a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo mo e ka nnang ka 12:00 motshegare* a ya go rapela. 10  Le fa go ntse jalo, o ne a tshwarwa ke tlala thata e bile o ne a eletsa dijo. Fa ba sa ntse ba baakanya dijo, o ne a nna mo maibing+ 11  mme o ne a bona legodimo le bulega le sengwe* se se tshwanang le letsela le legolo se fologela kwa tlase mo lefatsheng ka dikhona tsa sone tse nnê; 12  mme mo go sone go ne go na le diphologolo tse di nang le maoto a le manê tsa mefuta yotlhe le digagabi le dinonyane. 13  Foo lentswe le ne la mo raya la re: “Ema Petere, tlhaba o je!” 14  Le fa go ntse jalo, Petere o ne a re: “Nnyaa Morena, ka gonne ga ke ise ke tsamaye ke je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.”+ 15  Mme lentswe leo le ne la bua le ene lekgetlo la bobedi le re: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di phepafaditseng o re di leswafetse.” 16  Mme fa a sena go utlwa lentswe leo lekgetlo la boraro, ka bonako fela se* ne sa tseelwa kwa legodimong. 17  Fa Petere a sa ntse a akabetse a ipotsa gore ponatshegelo e a e boneng e ka tswa e kaya eng, ka yone nako eo, banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba eme fa kgorong. Ba ne ba boditse gore ntlo ya ga Simone e kae.+ 18  Ba ne ba tlhaeletsa mme ba botsa gore a Simone yo o bidiwang Petere o ne a gorogetse koo. 19  Fa Petere a ntse a akanya ka ponatshegelo eo, moya o o boitshepo+ o ne wa mo raya wa re: “Banna ba le bararo ba a go batla. 20  Ka jalo, ema o fologele kwa tlase mme o tsamaye le bone, o se ka wa belaela sepe, ka gonne ba romilwe ke nna.” 21  Foo Petere o ne a fologela kwa tlase kwa banneng bao a bo a re: “Ke nna yo lo mmatlang. Nka lo thusa ka eng?” 22  Ba ne ba re: “Korenelio,+ mookamedi wa masole, ke monna yo o siameng le yo o boifang Modimo e bile setšhaba sotlhe sa Bajuda se mmua bontle. Modimo o ne a romela moengele yo o boitshepo gore a bolelele Korenelio gore a romele batho ba tle go go bitsa mme o tle kwa ntlong ya gagwe gore a tle a utlwe se o tla se buang.” 23  Ka jalo, o ne a ba kopa gore ba tsene mme ba lale foo. Letsatsi le le latelang o ne a tsamaya le bone, mme bakaulengwe bangwe ba mo Jopa ba ne ba tsamaya le ene. 24  Letsatsi morago ga leo o ne a goroga mo Kaesarea. Korenelio o ne a ba solofetse e bile o ne a phuthile ba losika lwa gagwe le ditsala tse a atamalaneng thata le tsone. 25  Fa Petere a tsena, Korenelio o ne a mo kgatlhantsha, a khubama fa dinaong tsa gagwe a bo a obama.* 26  Le fa go ntse jalo, Petere o ne a mo emisa a bo a re: “Ema; le nna ke motho fela jaaka wena.”+ 27  Fa a ntse a tlotla le ene, o ne a tsena mo ntlong mme a fitlhela batho ba le bantsi ba phuthegile. 28  O ne a ba raya a re: “Lo itse sentle gore ga go ka fa molaong gore Mojuda a itsalanye kgotsa a etele motho wa lotso lo longwe,+ le fa go ntse jalo Modimo o mpontshitse gore ga ke a tshwanela go bitsa motho ope ke re o leswafetse kgotsa ga a phepa.+ 29  Ke gone ka moo ke neng ka tla, ke sa belaele sepe, fa ke ne ke ile go bidiwa. Ka jalo, ke kopa gore lo mpolelele se lo se mpileditseng.” 30  Foo Korenelio o ne a re: “Malatsi a le manê a a fetileng ka ura eno, ke ne ke rapela mo ntlong ya me mo e ka nnang ka 3:00 motshegare;* ka yone nako eo monna mongwe yo o apereng diaparo tse di phatsimang o ne a ema fa pele ga me 31  a bo a re: ‘Korenelio, Modimo o utlwile thapelo ya gago e bile o gakologetswe kafa o abelang bahumanegi ka gone. 32  Ka jalo, roma batho kwa Jopa gore ba ye go bitsa Simone yo o bidiwang Petere. Monna yono ke moeng kwa ntlong ya ga Simone yo o sugang matlalo, yo o nnang go bapa le lewatle.’+ 33  Ka bonako fela ke ne ka roma batho kwa go wena, mme ke itumelela go bo o tlile. Jaanong ke rona bano re fa pele ga Modimo gore re utlwe dilo tsotlhe tse Jehofa* a go laetseng gore o di bue.” 34  Foo Petere o ne a simolola go bua a re: “Jaanong ke tlhaloganya sentle gore Modimo ga a na tlhaolele,+ 35  mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.+ 36  Modimo o ne a romela molaetsa kwa Baiseraeleng a ba bolelela dikgang tse di molemo tsa kagiso+ e e tla nnang teng ka Jesu Keresete, dikgang tsa gore Jesu ke Morena wa botlhe.+ 37  Lo a itse gore fa Johane a sena go rera ka kolobetso, go ne ga buiwa thata ka kgang eno go simologa kwa Galalea+ le mo Judea yotlhe: 38  Kgang e e ka ga Jesu yo o neng a tswa kwa Nasaretha, yo Modimo a neng a mo tlotsa ka moya o o boitshepo+ a bo a mo naya maatla. O ne a tsamaya mo nageng eo yotlhe a dira dilo tse di molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo,+ ka gonne Modimo o ne a na le ene.+ 39  Mme re basupi ba dilo tsotlhe tse a neng a di dira mo nageng ya Bajuda mmogo le mo Jerusalema; le fa go ntse jalo ba ne ba mmolaya ka go mo pega mo koteng.* 40  Modimo o ne a mo tsosa mo letsatsing la boraro+ a bo a dira gore batho ba mmone,* 41  mme gone e seng batho botlhe. O ne a bonwa ke basupi ba Modimo a neng a ba tlhomile go sa le pele, e leng rona, ba re neng ra ja ra bo ra nwa le ene fa a sena go tsosiwa mo baswing.+ 42  Gape, o ne a re laela gore re rerele batho le go ba tlhalosetsa ka botlalo+ gore yono ke ene yo Modimo a neng a mo tlhoma gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi.+ 43  Baporofeti botlhe ba naya bosupi ka ene,+ gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o itshwarelwa maleo ka leina la gagwe.”+ 44  Fa Petere a sa ntse a bua dikgang tseno, batho botlhe ba ba utlwang lefoko la Modimo ba ne ba amogela moya o o boitshepo.+ 45  Mme Bajuda ba ba ikanyegang* ba ba neng ba tlile le Petere ba ne ba gakgametse, ka gonne batho ba ditšhaba tse dingwe le bone ba ne ba amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo. 46  Gonne ba ne ba ba utlwa ba bua ka dipuo di sele* e bile ba tlotlomatsa Modimo.+ Go tswa foo Petere o ne a re: 47  “Batho bano ba amogetse moya o o boitshepo fela jaaka rona, ka jalo ke mang yo o ka ba thibelang gore ba se ka ba kolobediwa ka metsi?”+ 48  Foo o ne a laela gore ba kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete.+ Go tswa foo ba ne ba mo kopa gore a nne le bone malatsinyana.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Yo o okametseng masole a le 100.
Mophato wa sesole sa Roma o o nang le masole a le 600.
Seger., “ka ura ya borobongwe.”
Kgotsa “o amogetswe ke.”
Seger., “ka ura ya borataro.”
Seger., “sejana sa mofuta mongwe.”
Seger., “sejana seo se.”
Kgotsa “ikoba.”
Seger., “ka ura ya borobongwe.”
Kgotsa “mo setlhareng.”
Kgotsa “a dira gore a bonatshege.”
Seger., “Mme ba ba rupileng ba ba dumelang.”
Seger., “ka diteme.”