Esekiele 6:1-14

  • Molaetsa wa se se tla diragalelang dithaba tsa Iseraele (1-14)

    • Medingwana e e ferosang sebete e a tlontlololwa (4-6)

    • “Lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa” (7)

6  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, leba kwa dithabeng tsa Iseraele mme o di bolelele molaetsa wa katlholo.  O re, ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang lefoko leno la ga Morena Molaodimogolo Jehofa: Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang dithaba, dithota, melatswana le mekgatšha: “Bonang! Ke tla lo tlisetsa tšhaka, e bile ke tla senya mafelo a lona a a kwa godimo a a boitshepo.  Dibeso tsa lona di tla senngwa, ditlhomo tsa lona tsa maswalo di tla thubaganngwa,+ e bile ke tla latlhela batho ba lona ba ba bolailweng fa pele ga medingwana ya lona e e ferosang sebete.*+  Ke tla latlhela ditopo tsa batho ba Iseraele fa pele ga medingwana ya bone e e ferosang sebete, e bile ke tla gasamisa marapo a lona go dikologa dibeso tsa lona.+  Mo mafelong otlhe a lo nnang mo go one, metse e tla senngwa+ le mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a tla digiwa mme a tla kgakgabala.+ Dibeso tsa lona di tla senngwa di bo di tšhwetlakanngwa, medingwana ya lona e e ferosang sebete e tla phatlakanngwa, ditlhomo tsa lona tsa maswalo di tla senngwa le ditiro tsa lona di tla nyelediwa.  Mme ba ba bolailweng ba tla wela mo gare ga lona,+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+  “‘“Le fa go ntse jalo, ke tla tlogela masalela, ka gonne bangwe ba lona ba tla falola tšhaka mo ditšhabeng fa lo tla bo lo gasamiseditswe mo dinageng tse dingwe.+  Mme ba ba falotseng ba tla nkgakologelwa ba le kwa ditšhabeng tse ba tla bong ba isitswe botshwarwa kwa go tsone.+ Ba tla lemoga gore ke ne ke utlwisitswe botlhoko ke pelo ya bone e e sa ikanyegeng* e e neng e fapogile mo go nna+ le matlho a bone a a eletsang* medingwana ya bone e e ferosang sebete.+ Ba tla tlhabisiwa ditlhong ke bosula jotlhe le dilo tsotlhe tse di makgapha tse ba neng ba di dira e bile ba tla di tlhoa.+ 10  Ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa le gore ke ne ke sa bue maaka fa ke ne ke re ke tla ba tlisetsa masetlapelo.”’+ 11  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Opa diatla mme o tibe ka lonao o bo o hutsafalele bosula jotlhe le dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirilweng ke batho ba Iseraele, ka gonne ba tla bolawa ke tšhaka, ke leuba le ke bolwetse jwa leroborobo.+ 12  Yo o kgakala o tla bolawa ke bolwetse jwa leroborobo, yo o gaufi o tla bolawa ke tšhaka, mme ope fela yo o falolang dilo tseno a bo a sala o tla bolawa ke leuba; mme ke tla tshololela tšhakgalo ya me yotlhe mo go bone.+ 13  Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa,+ fa ba ba bolailweng ba bone ba tla bo ba rapaletse mo gare ga medingwana ya bone e e ferosang sebete, go dikologa dibeso tsa bone,+ mo godimo ga thota nngwe le nngwe e e goletseng kwa godimo, mo ditlhoeng tsotlhe tsa dithaba, ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo le ka fa tlase ga dikala tsa ditlhare tse dikgolo kwa ba neng ba ntsha ditlhabelo tse di nkgang monate* gone gore ba itumedise medingwana yotlhe ya bone e e ferosang sebete.+ 14  Ke tla ba otlololela seatla sa me ke bo ke kgakgabatsa naga ya bone, mme mafelo otlhe a ba nnang mo go one a tla kgakgabala go gaisa naga e e gaufi le Dibela. Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Kgotsa “matlho a bone a ka boitsholo jo bo sa siamang a salang morago.”
Kgotsa “e e ratang boitsholo jo bo sa siamang; e e dirang boaka.”
Kgotsa “ba ntsha lonko lo lo itumedisang.”