Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!

Dikgang tse di molemo tse di tswang kwa Modimong ke eng? Ke eng fa re tshwanetse go di dumela? Boroutšhara jono bo araba dipotso tse gantsi batho ba di botsang.

Kafa Boroutšhara Jono Bo ka Go Solegelang Molemo ka Gone

Boroutšhara jono bo tla go thusa gore o itumelele go ithuta Baebele. Ithute gore o ka dirisa jang Baebele ya gago go bona ditemana tse di nopotsweng.

THUTO 1

Dikgang Tse di Molemo ke Eng?

Ithute gore dikgang tse di tswang kwa Modimong ke eng, ke eng fa di le botlhokwa le gore re tshwanetse go dira eng.

THUTO 2

Modimo ke Mang?

A Modimo o na le leina, a mme gone o amega ka rona?

THUTO 3

A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?

Re ka tlhomamisega jang gore molaetsa wa Baebele o boammaaruri?

THUTO 4

Jesu Keresete ke Mang?

Ithute gore ke eng fa Jesu a ile a swa, thekololo ke eng le gore Jesu o dira eng gone jaanong.

THUTO 5

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

Baebele e tlhalosa gore ke eng fa Modimo a ile a bopa lefatshe, pogo e tla fela leng le gore mo isagweng o ikaeletse go dira eng ka lefatshe le ba ba nnang mo go lone.

THUTO 6

Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?

Go direga eng ka rona fa re swa? A re tla tsamaya re bona baratiwa ba rona ba ba suleng?

THUTO 7

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke mang, mme ke eng se Bogosi bo tla se fitlhelelang?

THUTO 8

Ke Eng fa Modimo a Letleletse Boikepo le Pogo?

Boikepo bo simologile jang mme ke eng fa Modimo a letleletse gore bo tswelele? A pogo e tla tsamaya e fela?

THUTO 9

O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

Jehofa, Modimo yo o itumetseng, o batla gore malapa a itumele. Bona kgakololo e e mosola e Baebele e e nayang banna ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng, batsadi le bana.

THUTO 10

O ka Itse Jang Gore Bodumedi Jwa Boammaaruri ke Bofe?

A go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri? Ela tlhoko dintlha tse tlhano tse di ba tlhaolang.

THUTO 11

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

Jesu o ile a tlhalosa lebaka la go bo re tlhoka kaelo le gore ke ditaelo dife tse pedi tsa botlhokwa thata.

THUTO 12

O ka Atamalana Jang le Modimo?

Bona gore a Modimo o araba dithapelo tsotlhe, kafa re tshwanetseng go rapela ka gone le dilo tse dingwe tse re ka di dirang gore re atamalane le Modimo.

THUTO 13

Dikgang Tse di Molemo ka Bodumedi ke Dife?

A go tla nna le nako e batho botlhe ba tla obamelang Modimo yo o esi wa boammaaruri ba le seoposengwe?

THUTO 14

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?

Baebele e re bolelela gore ke eng fa Bakeresete ba boammaaruri ba rulagantswe le gore ba rulagantswe jang.

THUTO 15

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tswelela o Ithuta ka Jehofa?

Kitso e o nang le yone ka Modimo le ka Lefoko la gagwe e ka solegela ba bangwe molemo jang? O ka nna le kamano e e ntseng jang le Modimo?