Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng


Dithuto tse di mo boroutšhareng jono di ka go thusa jang

Dithuto tse di mo boroutšhareng jono di ka go thusa jang

Kopa mongwe gore a go rute: Kopa motho yo o go neileng boroutšhara jono gore a go rute Baebele kgotsa dirisa website ya rona ya jw.org.

KAROLO YA NTLHA

Bala dirapa tsotlhe, go akaretsa le dipotso tsa mmaala o o tseneletseng (A) le ditemana (B) tse di gatelelang dintlha tsa botlhokwa. Gape ela tlhoko gore go na le ditemana tse di kwadilweng “bala.”

KAROLO E E MO GARE

Mafoko a a simololang (C) a a mo tlase ga karolwana ya Ithute mo go Oketsegileng a tlhalosa se se tla ithutiwang. Ditlhogwana (D) di tlhomolola dintlha tsa botlhokwa. Bala ditemana, araba dipotso o bo o lebelela dibidio (E).

Leba ditshwantsho ka kelotlhoko le mafoko a a tsamaisang le tsone (F), o bo o akanya gore o ka araba jang potso e e tlhagelelang mo karolwaneng e e reng, Batho Bangwe ba Re (G).

KAROLO YA BOFELO

Karolwana ya O ithutile eng? Le ya Poeletso (H) di sobokanya se re se ithutileng. Kwala letlha le o feditseng go ithuta ka lone. Karolwana ya Leka go Dira Seno (I) e go naya sengwe se o ka se ithutang kgotsa se o ka se dirisang mo botshelong. Karolwana ya Dintlha Tse Dingwe (J) e na le tshedimosetso e nngwe e o ka e balang kgotsa e o ka e lebelelang.

Kafa o ka bonang ditemana tsa Baebele ka gone

Fa ditemana di tlhaga, lefoko la ntlha ke leina la buka ya Baebele (A), go bo go latela kgaolo (B), le temana kgotsa ditemana (C). Ka sekai, Johane 17:3 e kaya buka ya Johane, kgaolo 17, temana 3.