Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 14

Re ka Obamela Modimo Jang ka Tsela e e mo Itumedisang?

Re ka Obamela Modimo Jang ka Tsela e e mo Itumedisang?

Jaaka re ithutile mo thutong e e fetileng, ga se dikereke tsotlhe tse di itumedisang Modimo. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go obamela Mmopi wa rona ka tsela e e mo itumedisang. Mme gone, ke “kobamelo” ya mofuta ofe e e itumedisang Modimo? (Jakobe 1:​27) Bona se Baebele e se rutang.

1. Re ka ithuta jang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang?

Re ka dira jalo ka go ithuta Baebele. Jesu o ne a raya Modimo a re: “Mafoko a gago a boammaaruri.” (Johane 17:​17) Dikereke tse dingwe di itlhokomolosa boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, Baebele. Di ruta dithuto tsa batho le dingwao. Mme Jehofa ga a itumelele batho ba ba ‘itlhokomolosang ditaelo tsa Gagwe.’ (Bala Mareko 7:9.) Ka fa letlhakoreng le lengwe, re itumedisa Jehofa fa re dira se Baebele e se buang e bile re reetsa kgakololo e e mo go yone.

2. Re tshwanetse go obamela Jehofa jang?

Re tshwanetse go obamela Jehofa fela ka gonne ke Mmopi wa rona. (Tshenolo 4:​11) Seno se raya gore re tshwanetse go mo rata le go obamela ene fela re sa dirise ditshwantsho dipe.​—Bala Isaia 42:8.

Tsela e re obamelang Jehofa ka yone e tshwanetse go nna ‘boitshepo e bile e tshwanetse go amogelesega.’ (Baroma 12:1) Seno se raya gore re tshwanetse go reetsa melao ya gagwe. Ka sekai, ba ba ratang Jehofa ba rata melao ya gagwe e e buang ka lenyalo e bile ba a e ikobela. Ga ba goge motsoko, diokobatsi kgotsa go nwa bojalwa thata. a

3. Goreng re tshwanetse go obamela Jehofa le badumedimmogo le rona?

Dipokano tse re nnang le tsone beke le beke di re naya tshono ya go “baka Jehofa . . .  mo phuthegong.” (Pesalema 111:​1, 2) Tsela nngwe e re dirang seno ka yone ke ka go opelela Modimo dipako. (Bala Pesalema 104:​33.) Jehofa o re kopa gore re ye dipokanong ka gonne o a re rata e bile o a itse gore di tla re thusa gore re tshelele ruri. Fa re le kwa dipokanong re a kgothatsana.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Bona gore ke ka ntlha ya eng fa Jehofa a sa batle re dirisa ditshwantsho fa re mo obamela. Gape bona ditsela tse dingwe tsa botlhokwa tse re ka itumedisang Modimo ka tsone.

4. Ga re a tshwanela go obamela Modimo re dirisa ditshwantsho

Re itse jang gore Modimo a ka se rate seo? Tshameka BIDIO eno, go tswa foo lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: A Modimo o Amogela Kobamelo ya Rona fa re Dirisa Ditshwantsho? (3:26)

  • Go ile ga direga eng fa batho ba Modimo ba ne ba leka go mo obamela ba dirisa medingwana?

Batho ba bangwe ba dirisa ditshwantsho fa ba obamela Modimo ka gonne ba batla go ikutlwa ba atamalane le ene. Mme gone, a seo ga se kitla se dira gore a nne kgakala le bone? Bala Ekesodo 20:​4-6 le Pesalema 106:​35, 36, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke ditshwantsho dife tse o kileng wa bona batho ba di dirisa mo kobamelong?

  • Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba dirisa ditshwantsho mo kobamelong?

  • Wena o ikutlwa jang ka go dirisa ditshwantsho mo kobamelong?

5. Fa re obamela Jehofa fela re tla gololesega mo dithutong tsa maaka

Bona gore go obamela Jehofa ka tsela e e siameng go ka re golola jang mo dithutong tsa maaka. Tshameka BIDIO eno.

Bala Pesalema 91:​14, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jehofa o solofetsa gore o tla re direla eng fa re bontsha gore re a mo rata ka go obamela ene fela?

6. Re obamela Modimo fa re le kwa dipokanong

Fa re opela le fa re arabela kwa dipokanong, re galaletsa Jehofa e bile re a kgothatsana. Bala Pesalema 22:​22, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o itumelela go utlwa ba bangwe ba arabela kwa dipokanong?

  • A o ka rata go arabela?

7. Jehofa o a itumela fa re bolelela ba bangwe dilo tse re di ithutang

Re ka dirisa ditsela tse di farologaneng go bolelela batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Bala Pesalema 9:1 le 34:1, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng se o se ithutileng mo Baebeleng se o ka ratang go se bolelela mongwe?

BATHO BANGWE BA RE: “Ga go kgonege go itumedisa Modimo.”

  • Wena o akanya eng?

O ITHUTILE ENG?

Re itumedisa Mmopi wa rona fa re obamela ene fela, fa re mo galaletsa kwa dipokanong le fa re bolelela ba bangwe dilo tse re di ithutileng.

Poeletso

  • Re ka ithuta jang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang?

  • Goreng re tshwanetse go obamela Jehofa fela?

  • Goreng re tshwanetse go obamela Modimo re na le ba bangwe ba ba batlang go mo itumedisa?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bala pego e e reng, “Ga ke Tlhole ke le Motlhanka wa Medingwana“ mme o utlwe gore ke eng se se thusitseng mosadi mongwe gore a tlogele go obamela medingwana.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, July 1, 2011)

Bona gore ke eng se se ka go thusang gore o kgone go arabela kwa dipokanong.

“Baka Jehofa mo Phuthegong” (Tora ya Tebelo, January 2019)

Bona gore go ya dipokanong go thusitse jang lekawana lengwe le fa go ne go se motlhofo.

Jehofa o Ile a Ntlhokomela (3:07)

Batho ba le bantsi ba dumela gore sefapaano ke letshwao la Bakeresete, a mme gone re tshwanetse go se dirisa fa re obamela Modimo?

“Ke Eng Fa lo Sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong ya Lona?” (Setlhogo se se mo website)

a Re tla tlotla ka dintlha tseno mo dithutong tse di kwa pele.