Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 6

Kafa Bana ba Fetolang Lenyalo ka Gone

Kafa Bana ba Fetolang Lenyalo ka Gone

“Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.”—Pesalema 127:3

Fa ngwana a tsholwa go ka itumedisa banyalani ga bo ga dira gore ba tlalelwe. E re ka jaanong lo le batsadi, lo tla lemoga gore lo dirisa nako e ntsi le maatla go tlhokomela ngwana wa lona. Go tlhorega boroko le go fetofetoga ga maikutlo go ka koafatsa kamano ya lona. Wena le molekane wa gago lo tshwanetse go dira diphetogo gore lo kgone go tlhokomela ngwana le go boloka lenyalo la lona. Kgakololo ya Baebele e ka lo thusa jang go lebana le dikgwetlho tseno?

1 LEMOGANG GORE NGWANA O FETOLA BOTSHELO JWA LONA JANG

SE BAEBELE E SE BUANG: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” Gape, lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.” (1 Bakorintha 13:4, 5) E re ka jaanong o le mmè, ke ga tlholego fela gore o tlhome mogopolo mo ngwaneng. Le fa go ntse jalo, monna wa gago a ka simolola go ikutlwa a tlhokomologilwe, ka jalo o se ka wa lebala gore le ene o a go tlhoka. Fa o le pelotelele gape o le pelonomi o ka mo thusa gore a ikutlwe a le botlhokwa e bile a na le seabe mo go tlhokomeleng ngwana.

“Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le bone . . . go ya ka kitso.” (1 Petere 3:7) Leka go tlhaloganya gore mosadi wa gago o tla dirisa nako e ntsi le maatla a tlhokometse ngwana wa lona. O na le maikarabelo a masha, ka jalo a ka ngomoga pelo, a lapa kgotsa a tshwenyega thata mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe a ka nna a go galefela, mme wena nna o ritibetse ka gonne “yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.” (Diane 16:32) Bontsha temogo mme o mo eme nokeng.—Diane 14:29.

SE O KA SE DIRANG:

  • Borre: Thusa mosadi wa gago go tlhokomela ngwana, tota le fa go le bosigo. Fokotsa nako e o e dirisang mo ditirong tse dingwe gore o nne le nako e e oketsegileng le mosadi wa gago le ngwana

  • Bommè: Fa monna wa gago a batla go go thusa ka ngwana, amogela thuso ya gagwe. Fa a sa dire tiro nngwe sentle o se ka wa mo tshwayatshwaya diphoso, go na le moo mmontshe o le pelonomi gore a e dire jang

2 NONOTSHANG KAMANO YA LONA

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Le fa lo na le leloko le lesha mo lelapeng la lona, gakologelwa gore wena le molekane wa gago lo sa ntse lo le “nama e le nngwe.” Lekang ka natla go nonotsha kamano ya lona.

Basadi, anaanelang thuso le tshegetso ya banna ba lona. Tsela e lo bontshang ka yone gore lo anaanela thuso eo, e ka nna “phodiso.” (Diane 12:18) Banna, bolelelang basadi ba lona gore lo a ba rata le gore ba botlhokwa. Ba akgoleleng tsela e ba tlhokomelang lelapa ka yone.—Diane 31:10, 28.

“A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Ka metlha, direla molekane wa gago se se molemo. Lo le banyalani, ipheng nako ya go bua, go akgolana le go reetsana. O se ka wa ikakanyetsa o le nosi mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Akanya ka se molekane wa gago a se tlhokang. Baebele ya re: “Lo se ka lwa e amogana, fa e se ka go dumalana.” (1 Bakorintha 7:3-5) Ka jalo, tlotlang ka kgang eno ka tshosologo. Fa o le pelotelele gape o akanyetsa maikutlo a molekane wa gago, seno se tla nonotsha kamano ya lona.

SE O KA SE DIRANG:

  • Se lebaleng go ipha nako ya go nna lo le babedi fela

  • Dira dilo tse dinnye tse di ka dirang gore molekane wa gago a ikutlwe a ratwa, tse di jaaka go mo romelela molaetsa kgotsa go mo naya mpho e nnye

3 GO THAPISA NGWANA

SE BAEBELE E SE BUANG: “O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko.” (2 Timotheo 3:15) Rulaganyang gore lo tla ruta ngwana wa lona jang. O na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go ithuta dilo tota le pele a tsholwa. Fa ngwana a sa ntse a le mo popelong, a ka kgona go lemoga lentswe la gago le go tsibogela tsela e o ikutlwang ka yone. Mmalele fa e sa ntse e le lesea. Le fa gone a ka tswa a sa tlhaloganye se o se balang, seo se ka mo thusa gore a rate go bala fa a setse a godile.

Go sa kgathalesege gore lesea la gago le lennye go le kana kang, le a utlwa fa lo bua ka Modimo. Ka jalo, rapelang Jehofa lesea la lona le reeditse. (Duteronome 11:19) Le fa lo tshameka le ene, buang ka dilo tse Jehofa a di dirileng. (Pesalema 78:3, 4) Fa a ntse a gola, o tla bona kafa lo ratang Jehofa ka gone e bile le ene o tla ithuta go mo rata.

SE O KA SE DIRANG:

  • Rapelela botlhale jwa go thapisa ngwana wa lona

  • Nna o boaboeletsa mafoko a a rileng gore ngwana a simolole go a ithuta a sa le monnye