Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sele ya sebediso e kgona go dira dilo di le dintsi. Mo teng ga sele ya sebediso go na le khouto e e bolelelang sele eo gore e dire eng. Sele eo e kgona go fetola dikhemikale gore e nne dijo tsa yone gore e kgone go tswelela e tshela.

Re ka Ithuta Eng mo Dilong Tse di Tshelang?

Re ka Ithuta Eng mo Dilong Tse di Tshelang?

Dilo tse di tshelang di a gola e bile di a ntsifala. Di dira gore polanete ya rona e nne ntle. Gompieno batho ba itse ka dilo tse di tshelang go feta ka nako epe fela. Botshelo bo simologile kae? Akanya ka dilo tse di latelang.

Go lebega dilo tse di tshelang di bopilwe. Dilo tse di tshelang di dirilwe ka disele tse dinnye. Sele nngwe le nngwe e tshwanetse go dira dilo di le dintsi tse raraaneng gore selo se se tshelang se kgone go tswelela se tshela le gore se ate. Disele tseno di fitlhelwa mo dilong tsotlhe tse di tshelang. Ka sekai, sebediso se se dirang borotho se dirilwe ka disele tse dinnye. Sele e e mo sebedisong e lebega e sa raraana fa e bapisiwa le sele e e mo mmeleng wa motho. Sele ya sebediso e kgona go dira dilo di le dintsi. Mo teng ga sele ya sebediso go na le khouto e e bolelelang sele eo gore e dire eng. Gape sele eo e kgona go fetola dikhemikale tse dingwe gore e nne dijo tsa yone gore e kgone go tswelela e tshela. Fa sele eo e se na dijo e a iketla e bo e nna e kete e robetse. Ka ntlha ya seo, sebediso se kgona go bewa nako e e telele mo kitšheneng go fitlha se dirisiwa fa go dubiwa sengwe.

Baitsesaense ba na le dingwaga di le dintsi ba ithuta ka disele tse di mo sebedisong gore ba kgone go tlhaloganya disele tse di mo mmeleng wa motho. Mme go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ba sa di tlhaloganyeng. Ross King, porofesa wa kwa Chalmers University of Technology kwa Sweden a re: “Ga go na baitsesaense ba ba lekaneng ba ba ka re thusang go tlhaloganya gore tota sebediso se bereka jang.”

Fa o akanya ka disele tse di mo sebedisong le tiro e di e dirang, a o akanya gore di dirilwe ke mongwe kgotsa di itlhagetse fela?

Botshelo bo tswa mo dilong tse di tshelang. Khouto e e mo seleng e dirilwe ka dikhemikale. Sele nngwe le nngwe e na le dikhemikale di ka nna dibilione di le 3,2. Dikhemikale tseno di dira khouto e e bolelang sele gore e dire diensaeme le diporoteine.

Baitsesaense ba re dikhemikale tseno di kgona go kopana gantsintsi di bo di dira khouto e le nngwe fela. Ga go na sepe se se tshwanang le seno.

Ga go ise ko go direge gore baitsesaense ba dire selo se se tshelang ba dirisa selo se se sa tsheleng.

Batho ba tlhomologile. Batho ba kgona go itumelela botshelo go feta ditshedi tse dingwe. Re kgona go tlhama dilo, go nna mmogo le go tlhalosa maikutlo a rona. Re rata dilo tse di farologaneng tse di jaaka, menko, medumo le dijo. Re kgona go akanya ka dilo tse re batlang go di dira mo nakong e e tlang le go itse gore re tshelela eng.

A go itiragaletse fela gore batho ba kgone go tshela le go ata? O akanya eng? Kgotsa a botshelo ke mpho e e tswang kwa Mmoping yo o lorato?