Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diane Tsa Ba-Akan—Di Bontsha Setso sa Bone

Diane Tsa Ba-Akan—Di Bontsha Setso sa Bone

Diane Tsa Ba-Akan—Di Bontsha Setso sa Bone

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA GHANA

SEANE ke eng? Dikishinare nngwe e tlhalosa seane e re ke “polelwana e khutshwane e batho ba nang le go e nopola, e e nayang kgakololo kgotsa e go bolelela sengwe ka botshelo.” Ba-Yoruba ba Nigeria ba tlhalosa seane ka tsela e e kgatlhang thata, ba re ke “pitse e e isang motho ka bonako kwa go ribololweng ga dikakanyo.”

Motho o kgona go bona kafa diane di leng botlhokwa ka gone fa a leba seane seno, se Ba-Akan ba Ghana ba se itseng sentle: “Motho yo o botlhale go buiwa le ene ka diane, e seng ka puo e e tlwaelegileng fela.” Ntlha ke gore motho yo o botlhale ga se ka metlha a tlhokang go newa thero gore a bone selo se se siameng se a tshwanetseng go se dira. Seane se se tshwanelang se dira gore motho a akanye, se mo thusa go tlhaloganya dilo, e bile se ka rotloetsa motho go dira se se siameng.

Kwa Ghana, diane di dirisiwa thata mo meletlong ya manyalo le kwa diphitlhong e bile di a tlhagelela le mo dipineng tsa setso. Gape, di dirisiwa thata mo ditherisanong tsa baemedi ba puso ba ba lekang go rarabolola mathata a dinaga tsa bone. Babueledi kgotsa barongwa gantsi ba rata go dirisa diane ka botswerere.

Mo setšhabeng sa Ba-Akan, go dirisa diane ka botswerere go bontsha kafa motho a leng botlhale ka gone. Se se kgatlhang ke gore mo Baebeleng, Kgosi Solomone—monna yo o neng a itsege ka botlhale jwa gagwe, thutego le bokgoni jwa gagwe jwa go rarabolola mathata—go bolelwa gore o ne a itse diane di le 3 000. Gone ke boammaaruri gore diane tsa Baebele di ne di tlhotlhelediwa ke Modimo e bile di le boammaaruri ka metlha yotlhe, ga di tshwane le diane tsa boitemogelo le botlhale jwa motho. Le fa diane tsa batho di ka tswa di le botlhale go le kana kang, ga di a tshwanela go tsewa di lekana le tsa Baebele ka botlhale. Ka jalo, mma re tlhatlhobe dingwe tsa diane tsa Ba-Akan.

Kgopolo e ba Nang le Yone ka Modimo

Kwa Ghana, gantsi diane tsa teng di bontsha gore ba dumela gore Modimo o teng, mme seno se bonala mo dianeng di le dintsi tsa Ba-Akan. Ga o ka ke wa fitlhela dikgopolo tsa bolatolamodimo mo filosofing ya Ba-Akan. Ka sekai, seane sengwe sa re: “Ga go ope yo o senolelang ngwana Modimo.” Tota le ngwana yo monnye o a itse gore Modimo o gone. Seane seno gantsi se dirisiwa fa go buiwa ka selo se ngwana a ka se itseng ka bonako le fa a sa rutiwa go le kalo ka sone.

Seane se sengwe sa Ba-Akan sa re: “Le fa o ka re o tshabela Modimo, o sa ntse o le kafa tlase ga gagwe.” Ka gone, motho o a bo a itsietsa fela fa a re o leka go itlhokomolosa Modimo. Bogologolo, Baebele e ne ya tlhalosa ntlha e e tshwanang le eno fa e bolela gore matlho a Modimo “a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.” (Diane 15:3) Rotlhe re a ikarabelela mo go Mothatayotlhe.

Di Bontsha Setso sa Setšhaba Seno le Mekgwa ya Sone e Mentle

Fela jaaka go ntse ka diane tsa ditso tse dingwe, o kgona go bona mo dianeng tsa Ba-Akan setso le mekgwa e mentle ya setšhaba seno. Ka sekai, motho o kgona go bona gore lefoko le le buiwang le maatla go le kana kang mo sekaing seno: “Go relela ga loleme go maswe go feta go relela ga lonao.” Eleruri, loleme lo lo sa laolegeng lo ka baka tshenyo e kgolo thata mme e bile le go bolaya le ka bolaya.—Diane 18:21.

Le fa go ntse jalo, fa loleme lo laolwa sentle, lo ka kgona go nna motsereganyi wa mmatota, jaaka fa seane seno se bontsha, “Fa loleme lo le teng, meno ga a ngangisane.” Ntlha fano ke gore dikgang di ka rarabololwa ka kagiso mo gare ga batho ba babedi ba ba ganetsanang—a re re, mo gare ga monna le mosadi wa gagwe—fa go buisanwa maikutlo a ritibetse. Tota le fa bothata bo sa rarabologe, go dirisa loleme ka botswerere fa bo rarabololwa go ka emisa kgotlhang.

Botlhale jo bo Mosola

Motho o kgona go bona gore temogo le go akanyetsa dilo kwa pele di botlhokwa go le kana kang fa a leba diane di le mmalwa tse di gatelelang botlhale jo bo mosola. Motho yo o phamogang fela, yo o seeleele, yo o sa kgoneng go akanyetsa matswela a se a se dirang a ka tsaya kgakololo mo seaneng seno, “Batla pele tsela ya go sia pele o rumola kake.”

Motsadi yo o lemogang mekgwa mengwe e e sa siamang mo ngwaneng wa gagwe o tla batla go tsaya tsia seane seno, “Fa o bona lotlhaka lo lo golang lo lo ka go tlhabang mo leitlhong, lo kumole, o se ka wa lo lootsa.” Ee, mokgwa le fa e le ofe o o sa siamang o tshwanetse go kumolwa—kgotsa wa pomiwa—o ise o kekele.

Di Bua ka Meetlo le Dingwao Tsa Bone

Ka dinako tse dingwe o tshwanetse go tlhaloganya ngwao ya batho gore o bone se diane tsa bone di se kayang. Ka sekai, mo bathong ba Ba-Akan, go tsewa e le go tlhoka maitseo go bua le batho o dirisa letsogo la molema, bogolo jang fa e le ba bagolo. Go buiwa ka molao ono wa go bontsha maitseo mo seaneng se se reng, “O se ka wa dirisa letsogo la molema go supa tsela e e yang gaeno.” Ka mafoko a mangwe, motho o tshwanetse go anaanela se a nang le sone, go akaretsa le kwa a tswang gone.

Seane sengwe se se buang ka tlwaelo nngwe e e latelwang fa go jewa mo magaeng a le mantsi a Ba-Akan se bolela jaana: “Ngwana yo o ithutang go tlhapa matsogo o ja le bagolo.” Ka dinako tsa fa go jewa, ba lelapa ba kgaoganngwa go ya ka dingwaga tsa bone. Le fa go ntse jalo, ngwana yo o itshwereng sentle, bogolo jang mo go nneng phepa mo mmeleng e bile a le maitseo, a ka nna a tlhatlosiwa gore a ye go nna le rraagwe le bagolo ba bangwe mo tafoleng. Seane seno se gatelela ntlha ya gore se se dirang gore motho a tlotlwe ke tsela e a itshwereng ka yone, mme e seng dingwaga tsa gagwe.

A o akanyetsa go nyala? Fa go le jalo akanyetsa seane seno sa Ba-Akan, “Lenyalo ga se bojalwa jwa mokolane jo motho a ka bo utlwang.” Barekisi ba bojalwa jwa mokolane, e leng bojalwa jo bo bedisitsweng jo bo dirilweng ka maungo a setlhare sa mokolane, gantsi ba letla batho ba ba tlileng go reka gore ba bo utlwe pele ga ba dira tshwetso ya gore ba reke jo bo kana kang kgotsa gone gore a ba tla bo reka. Le fa go ntse jalo, lenyalo lone ga o ka ke wa re o le utlwa jalo. Seane seno se gatelela gore sebofo sa lenyalo ke se se nnetseng ruri le gore ga go na se go tweng ke go lekeletsa mo lenyalong.

Go Leba Dilo ka Kelotlhoko e Kgolo

Diane di le dintsi tsa Ba-Akan di bontsha kafa bagologolwane ba Ba-Akan ba neng ba le kelotlhoko ka teng fa ba ntse ba lebeletse batho le diphologolo. Ka sekai, go sekaseka tsela e koko le dikokwanyana tsa yone di dirang ka yone go ne ga dira gore go tlhangwe seane seno, “Kokwanyana e e emang gaufi le mmaayone e bona serope sa tsie.” Se raya goreng? Fa motho a itlhaola mo go ba bangwe, go motlhofo gore a lebalwe fa go abelanwa dilo tse di molemo.

Mongwe le mongwe yo o elang tlhoko segogwane se se suleng a ka kgona go tlhaloganya sentle boammaaruri jwa seane se se reng, “Boleele jwa segogwane bo bonala sentle fa se sule.” Gantsi seane seno se buiwa fa motho a sa tsewe a le botlhokwa go le kalo. Mo maemong a a tshwanang le ano, motho yo o sa tseweng a le botlhokwa jalo, a ka gomodiwa ke go itse gore fa a seo ke gone batho ba tla nnang le sebaka sa go bona sentle dinonofo tsa gagwe tse di molemo.

Diane Tse di Bontshiwang ka “Ditshwantsho”

Le fa diane tsa Ba-Akan di ile tsa fetisediwa kwa dikokomaneng tse dingwe ka molomo, di le dintsi di ile tsa bolokiwa mo ditshwantshong tsa botaki. Botaki jono bo bonwa mo magonnyeng a a gabilweng, mo dithobaneng, mo dikaleng tse di lekanyang bokete jwa gauta, le mo matseleng le mo ditshwantshong tsa dilo tsa segompieno tse di logilweng. Baeng ba ba etetseng mafelo a dipontsho a botaki a kwa Ghana, ba ka nna ba bona ditshwantsho tsa monna a pagama setlhare mme yo mongwe a mo thusa go se pagama. Seo ke setshwantsho se se bontshang seane seno, “Fa o pagama setlhare se se molemo, ba bangwe ba ka nna ba batla go go thusa.” O ka kgona go bona molaetsa wa sone—fa o latelela mekgele e e molemo, ba bangwe ba ka nna ba batla go go thusa go e fitlhelela.

Diphitlho segolobogolo di naya batho sebaka sa go bontsha se mokwadi mongwe a neng a se bitsa “go bua ka matsela a a logilweng.” Khutsafalo e e nnang teng mo diphitlhong tota e dira gore motho a akanyetse botshelo ka tlhoafalo. Ka gone, ditshwantsho tse di bonwang mo matseleng a diphitlho di bontsha melaetsa e e buang ka dilo tse di kwa teng thata tsa botshelo. Ka sekai, letsela le le nang le setshwantsho sa llere kgotsa ditepisi le gakolola motho ka seane se se reng, “Llere ya loso ga e pagangwe ke motho a le mongwe fela.” * Seno se gakolola botlhe gore ba se ka ba itseela kwa godimo le gore ba se ka ba tsaya botshelo jaaka e kete bone ga ba kitla ba bo ba tsamaya ba swa.—Moreri 7:2.

Mo bathong ba Ba-Akan, barongwa kgotsa baemedi ba babusi ba setso ke batho ba ba itseng go dirisa diane ka botswerere, e bile gape ba tsamaya ka dithobane tse di nang le ditshwantsho tse di nang le melaetsa mengwe ya dilo tse batho ba di dumelang. Ka sekai, nonyane e e tshwereng noga mo tlhogong ka dinala tsa yone ke “setshwantsho” sa seane se se reng, “Fa o ka tshwara tlhogo ya noga, mo go setseng ke kgole fela.” Molaetsa wa teng o raya goreng? Rarabolola bothata ka go ikemisetsa—o se ka wa bo tshabela.

Tsela e e Tshwanetseng ya go Dirisa Diane

Fela jaaka go ntse ka setshwantsho sengwe le sengwe, gore o tshwanetse go dirisa seane leng le gore o tla se dirisa jang go tla ikaega thata ka se go buiwang ka sone le batho ba o se dirisang mo go bone. Go sa dirise diane ka tshwanelo go ka senya kgang yotlhe e lo buang ka yone. Mme e re ka mo ditsong dingwe go dirisa diane e le karolo e e botlhokwa thata ya go buisana le ba bangwe sentle, fa o sa di dirise sentle seno se ka dira gore batho ba se ka ba go leba sentle.

Kwa Ghana, banna ba bagolo mo setšhabeng ba tsewa e le bone basimolodi le batlhokomedi ba diane. Ka gone, gantsi pele ga o bua seane o ka simolola pele ka gore, “Borraaronamogolo ba re . . . ” Mme fa yo o buang a bua le batho ba bagolo thata mo go ene, go bontsha maitseo o simolola seane ka polelwana e e reng, “Ke lona borraaronamogolo ba lo neng lo re, . . . ” Motho yo mmotlana yo o buang ga a na go batla go lejwa e kete o ruta bagolo mafoko a botlhale a a mo seaneng, ka gonne a ba tlotla.

Dintlha Dingwe Tse di Etsweng Tlhoko

Diane di ka nna tsa buiwa pele ga kgang kgotsa tsa tla morago ga yone. Gape, di ka nna tsa tsenngwa ka botlhale mo kgannyeng e e tlotlwang mo e leng gore motho a ka tlhoka temogo gore a kgone go bona gore go buiwa ka seane. Ka sekai, fa Mo-Akan a bua ka motho yo o boikokobetso e bile a rata kagiso, a ka nna a re: “Fa go ka bo go iwa ka Semangmang fela, go ka bo go se na modumo wa ditlhobolo mo motseng ono.” Seno se gakolola motho ka seane se se reng, “Fa go ka bo go iwa ka kgopa le khudu, go ka bo go se na modumo wa ditlhobolo mo sekgweng.” Ditshedi tseno ka bobedi di tsewa di le pelonolo, di ikokobeditse thata e bile di se ke di lwa. Batho ba ba nang le dinonofo tseno ba dira gore go nne le kagiso.

Le fa go ntse jalo, fa o batla gore Mo-Akan a bue diane di le dintsintsi fela, a ka go bolelela fela se se reng, “Ga o ka ke wa lora o sa robala.” Ka mafoko a mangwe, motho ga a ka ke a dirisa seane go se na se se dirang gore a se bue, fela jaaka fa motho a ka se ka a lora a sa robala. Maemo a motho a leng mo go one ke one a laolang gore a di dirise jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 25 Re ka tlhalosa fano gore setshwantsho seno se bonwa mo matseleng a mebala e e farologaneng mme ga e mo go a mmala o montsho fela o gantsi o dirisiwang mo diphitlhong.