Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Robala Boroko Jo bo Lekaneng

Go Robala Boroko Jo bo Lekaneng

Go Robala Boroko Jo bo Lekaneng

BONTSI jwa kgatelopele e e dirilweng malebana le go tlhaloganya se se diregang fa motho a robetse e nnile gone mo dingwageng di le 50 tse di fetileng. Se se ileng sa ithutiwa mo kgannyeng eno se ile sa ganetsa dikgopolo tse di phoso tse di sa bolong go nna gone ka lobaka lo loleele. Nngwe ya dikgopolo tseno tse di phoso ke ya gore e re ka dikarolo tse di farologaneng tsa mmele di bereka ka iketlo ka nako ya fa motho a ikhuditse, boroko ga se sepe fela fa e se go nna mo boemong jwa go sa dire gotlhelele.

Ka go ithuta diphetogo tse di farologaneng tse di diregang mo bobokong fa motho a robetse, babatlisisi ba tsa kalafi ba ile ba ithuta gore go na le medikologo le dikgato tsa boroko tse di nnang di ipoapoeletsa fa motho a robetse. Go na le gore boboko jwa motho bo nne bo sa dire sepe ka nako ya fa a robetse, go tlhalosiwa fa bo bereka ka lobelo lo logolo ka nako ya dikgato dingwe tsa boroko. Go robala sentle mo go lekaneng go akaretsa go nna le medikologo eno ya boroko ka makgetlo a le manè kgotsa go feta mo bosigong bongwe le bongwe le go fetsa nako e e lekaneng sentle mo modikologong mongwe le mongwe.

Go Raraana ga Boroko

Boroko jo bo lekaneng sentle jwa bosigo tota bo ka kgaoganngwa ka mefuta e le mebedi: e leng jo gantsi bo bidiwang boroko jwa fa motho a lora le jwa fa a sa lore. O ka kgona go lemoga gore motho o mo borokong jwa fa a lora fa o kgona go bona dikgolokwe tsa matlho a gagwe di tsamaya ka bonako ka nako ya fa a tswetse matlho.

Boroko jwa fa motho a sa lore bo ka kgaoganngwa go ya pele ka dikgato di le nnè. Fa o sena go tsena mo dikobong, ka iketlo o tsena mo kgatong ya ntlha—ya go tshwarwa ke dikgofe kgotsa go otsela. Ka nako ya kgato eno mesifa ya gago e a repa mme diphetogo tse di nnang gone mo bobokong di direga gangwe le gape le ka bonako. Gantsi diphetogo tseno tsa boboko di tsaya metsotswana e le 30 go ya go metsotso e le 7 fa di simolola bosigo bongwe le bongwe. Fa o tsena mo modikologong wa bobedi wa boroko—fa o setse o thulametse jaanong—boroko jo gantsi o tla fetsang diperesente di le 20 tsa bosigo mo go jone, diphetogo tsa boboko di simolola go gola. O ka nna wa nna le dikakanyo kgotsa ditshwantsho tse di ka se tlhalosiweng sentle mo mogopolong wa gago, mme ga o lemoge se se diragalang go go dikologa e bile ga o kgone go bona sepe le fa o ka tswa o butse matlho.

Morago ga moo go tla bo go latela kgato ya boraro le ya bonè—ya boroko jo bogolo le boroko jo bo tseneletseng. Mo dikgatong tseno tsa boroko, diphetogo tsa boboko di nna dikgolo mme gone di direga di iketlile. Nako eno ke yone e go leng thata gore o tsosiwe ka yone, e re ka bontsi jwa madi a gago a fetela kwa mesifeng. Ka nako eno (e gantsi e tsayang mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa bosigo), mmele o a lapologa le go ikalafa, mme ke mo nakong eno ya boroko jo bo tseneletseng moo mebele ya bana e golang teng. Go botlhokwa go ela tlhoko gore motho ope fela, e ka tswa e le mosha kgotsa mogolo, yo o sa tshwarweng ke boroko jono jo bo tseneletseng go ka direga gore a ikutlwe a na le letsapa, a sa kgatlhegele sepe kgotsa a tshwenyegile thata mo maikutlong mo letsatsing le le latelang.

Kwa bofelong, modikologo mongwe le mongwe o o farologaneng wa boroko jwa fa motho a lora o wediwa sentle ka botlalo. Ka nako ya kgato eno ya fa o lora (e gantsi e diregang mo e ka nnang metsotso mengwe le mengwe e le 90), boboko jwa gago bo romelelwa madi a a oketsegileng mme diphetogo tsa jone di batla di tshwana fela le tsa fa o thantse. Le fa go ntse jalo, ga o kgone go tshikinya mesifa. Go bonala fa seno se go thusa gore fa o lora o se ka wa tla o dira se o se lorang mme wa ikgobatsa kgotsa wa gobatsa batho ba bangwe.

Medikologo eno ya boroko jwa fa motho a lora e nna meleele nako nngwe le nngwe fa e diragala bosigo mme go bonala e le botlhokwa thata gore motho a nne le mogopolo o o itekanetseng. Fela jaaka khomputara, boboko bo tlhatlhoba dilo tse disha tse di mo mogopolong, mme bo phimole tshedimosetso e e seng ya botlhokwa le go boloka ya nako e e fetileng e o tlhokang go nna o e gakologetswe ka lobaka lo loleele. Go bolelwa gore fa motho a sa fetse nako e e lekaneng mo modikologong ono o a lorang mo go one a ka nna le mathata a maikutlo. Ka sekai, batho ba ba tlhoregang boroko ba fetsa nako e nnye ba le mo borokong jwa fa motho a lora, mme seno se dira gore ba nne ba tlhobaela nako le nako.

Ka jalo, go diragalang fa ka metlha re sa kgone go tsena mo medikologong eno ya boroko e e nnang e ipoapoeletsa fa re robetse (re ka tswa re itima boroko ka boomo kgotsa e se ka boomo), ka go dira jalo re bo re nna le bothata jwa go se robale mo go lekaneng? Fa re itima boroko ka diura di tlhomagana, ga re kitla re kgona go fetsa nako e e lekaneng mo modikologong wa bofelo le o o moleele wa boroko jwa fa motho a lora, jo bo leng botlhokwa thata gore re nne le mogopolo o o itekanetseng. Fa tsela e re robalang ka yone e sa tshwane ka metlha, re tla re robala boroko jo bokhutshwane ka makgetlo a le mmalwa, gantsi ga re fitlhelele boroko jo bo tseneletseng jo bo leng botlhokwa thata gore mebele ya rona e kgone go alafega. Batho ba ba nang le bothata jwa go se robale mo go lekaneng ba feleletsa ba sa kgone go tlhoma mogopolo ka lobaka lo loleele mo go se ba se dirang, ba palelwa ke go gakologelwa dilo e bile ga ba kgone go itlhalosa sentle, bokgoni jwa bone jwa go baya mabaka le tsela e ba dirang dilo ka yone di a fokotsega.

Ke eng se se dirang gore mmele o tlhoke boroko? Go bonala go na le dilo di le mmalwa tse di kopaneng tse di dirang gore go nne le modikologo wa letsatsi le letsatsi wa go thanya le go robala. Go bonala tsela e boboko bo dirang ka yone e na le seabe sa botlhokwa mo go seno. Gape go na le disele tsa ditshika tse di fitlhelwang mo bobokong, tse go bonalang di laola modikologo wa boroko. Disele tseno di fitlhelwa gaufi le fa ditshika tsa matlho tse di fetisetsang lesedi kwa bobokong di rakanelang gone. Ka gone, lesedi le laola kafa re otselang ka gone. Lesedi le legolo le dira gore o tsoge, fa lefifi lone le dira gore o thulamele.

Themperetšha ya mmele wa gago le yone e na le seabe. Fa themperetšha ya gago e le kwa godimo—gantsi mo mosong le mo thapameng—ke tsone dinako tse o thantseng sentle ka tsone. Fa themperetšha ya mmele wa gago e fokotsega, o simolola go otsela le go feta. Babatlisisi ba a dumalana gore go otsela le go nna o thantse go a farologana go ya ka batho.

O Tlhoka go Robala Lobaka lo lo Kana Kang?

Baitsesaense ba re bolelela gore batho ba tlhoka go robala bobotlana diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe. Mme gape dipatlisiso di bontsha gore diura tse mongwe le mongwe a di tlhokang tsa go robala di farologana fela thata.

Go itshekatsheka ka bopeloephepa ke gone go tla go lemotshang gore a mokgwa wa gago wa go robala o o o latelang ka metlha o siame kgotsa o na le bothata jwa go se robale mo go lekaneng. Gantsi baitse ba bolela fa matshwao ano e le a a bontshang gore motho o robala ka tsela e e siameng:

▪ O thulamela motlhofo fela kwantle ga go dirisa diokobatsi tse di robatsang, ga o khidiege kgotsa go tlhobaela.

▪ Ga se gantsi o lemogang gore o ne o thantse mo gare ga bosigo, mme fa go ka direga gore o thanye, o kgona go boa o thulamela ka bonako fela.

▪ Go itiragalela fela gore o thanye mo e ka nnang ka nako e e tshwanang moso mongwe le mongwe gantsi o sa tsosiwe ke alamo ya tshupanako.

▪ Fa o setse o tsogile e bile o tsamayatsamaya, o ikutlwa gore o thantse e bile o tlhola o tlhapogetswe sentle letsatsi lotlhe.

Dilo Tse Di ka Go Thusang go Robala Sentle

Go tweng ka batho ba ba nang le go tlhorega boroko gangwe le gape? Baitse bangwe ba akantsha ditsela tseno tse di ka go thusang:

1. Se nwe dilo tse di dirang gore o nne o thantse tse di jaaka kofi kgotsa tee fa o le gaufi le nako ya go robala. Batho ba le bantsi ba na le kgopolo e e phoso ya gore bojalwa bo ka ba thusa gore ba thulamele. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa kalafi di bontsha gore le fa gone kwa tshimologong bojalwa bo ka dira gore o otsele, gape bo ka nna jwa dira gore o tsoge mo gare ga bosigo.

2. Tlogela go goga. Buka nngwe ya re: “Batho ba ba gogang motsoko ba palelwa ke go thulamela ka gonne motsoko o oketsa kgatelelo ya madi, o dira gore pelo e iteye ka bonako le gore diphetogo tsa boboko tse di diregang fa motho a robetse di nne bofefo thata. Gape batho ba ba gogang motsoko ba na le go tsoga kgapetsakgapetsa mo gare ga bosigo, gongwe e le ka gonne mmele o batla gore ba goge.”

3. Ka nako ya fa o tloga o robala, tila dilo tse di ka dirang gore o akanye thata kgotsa tse di ka dirang gore mmele o nne matlhagatlhaga. Go itshidila mmele go ka dira gore o robale sentle mme o se ka wa go dira ka nako e o tlogang o robala ka yone. Go leka go rarabolola mathata a magolo kgotsa go dira tiro e e thata pele fela ga o ya go robala go ka kgoreletsa boikutlo jwa go iketla jo gantsi o bo tlhokang gore o kgone go thulamela.

4. Tlhomamisa gore kamore ya gago e didimetse, e lefifi le gore e tsiditsana fa e le gore o ka kgona go dira jalo. Malebana le modumo, akanya ka patlisiso nngwe e e itsegeng e e neng ya dirwa mo bathong ba ba nnang gaufi le boemafofane ba ba neng ba bolela gore ga ba tlhole ba utlwa modumo wa difofane. Fa mekgwa e ba robalang ka yone e tlhatlhobiwa, boboko jwa bone bo ne bo kgona go gopola modumo wa sefofane sengwe le sengwe se se gorogang le se se tlogang! Babatlisisi ba ne ba bolela gore batho bano ba ne ba amogilwe boroko ka mo e ka nnang ura e le nngwe bosigo bongwe le bongwe fa ba bapisiwa le batho ba ba nnang mo lefelong le le didimetseng. Didiriswa tsa go ithiba ditsebe kgotsa ditsela tse dingwe tsa go fokotsa modumo di ka bo di ba thusitse thata gore ba kgone go robala sentle. Bangwe ba akanya gore modumo o o kwa tlase (o o tlhalosiwang e le wa segalo se se kwa tlase, o o sisibetseng le wa go opela o sa ntshetse mafoko kwa ntle), o o jaaka wa sefetlhamowa sa motlakase, ke one o segolobogolo o thusang go bipa medumo e mengwe e e kwa ntle.

5. Nna kelotlhoko fa o nwa melemo e e robatsang. Go na le bosupi jo bo ntseng bo oketsega jwa gore diokobatsi tse dintsi tse di fiwang batho gore di ba thuse go robala di a tshwakgola, tsela e di berekang ka yone e nna e fokotsega fa di dirisiwa ka lobaka lo loleele mme di na le matswela a a gobatsang. Gantsi diokobatsi tse di ntseng jalo di ka nna mosola fa di dirisiwa ka nakwana fela.

E re ka go tlhorega boroko go ka bakiwa ke go ngomoga pelo, go akanngwa gore selo se se ka thusang motho gore a robale sentle ke fa a dira gore nako ya fa a tloga a ya go robala e nne e e didimetseng, le e e itumedisang. Go ka nna ga thusa gore a beele matshwenyego a letsatsi kwa thoko mme a dire sengwe se se itumedisang, se se jaaka go bala. Ga go pelaelo gore go na le mosola o mogolo tota mo kgakololong ya Baebele ya gore: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo . . . e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafilipi 4:6, 7.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Dikgopolo Dingwe Tse di Phoso

1. Go nwa dino tse di nang le khafeine ke tsela e e molemo e motho a ka dirang gore a nne a thantse ka yone fa a kgweetsa ka lobaka lo loleele.

Dipatlisiso di bontsha gore bakgweetsi gantsi ba itsietsa ka go akanya gore ba thantse sentle mme tota go sa nna jalo. Fa o patelesega go kgweetsa ka lobaka lo loleele go le bosigo, go botoka gore nako le nako o emise koloi mo lefelong le le babalesegileng mme o robale go se kae (metsotso e le 15 go ya go 30), mme morago ga moo o tsamaye go se kae kgotsa o tabogetaboge go se kae o ntse o iphutholola mesifa ya matsogo le ya maoto.

2. Fa ke na le mathata a go se robale sentle, go robala boroko jo bokhutshwane go ka thusa.

Gongwe go ka thusa, mme baitse ba le bantsi ba dumela gore mokgwa o o siameng wa go robala ke fa motho a robala gangwe fela ka lobaka lo lo lekaneng mo diureng dingwe le dingwe di le 24. Go robala go se kae motshegare (gantsi ka metsotso e le 15 go ya go 30) go ka thusa motho gore a nne a thantse mo nakong ya thapama e gantsi e otsedisang ntle le gore a kgoreletse medikologo ya gagwe ya boroko jo boleele jwa bosigo. Mme go robala boroko jo bokhutshwane mo diureng tse nnè tsa fa o tloga o ya go robala go ka kgoreletsa thata boroko jwa bosigo.

3. Ditoro tse re di gakologelwang di re amoga boroko jo bo lekaneng.

Ditoro (tse gantsi di nnang gone mo borokong jwa fa motho a lora) di bontsha gore re robetse sentle mme gantsi re lora makgetlo a le manè kgotsa go feta mo borokong bongwe le bongwe jwa bosigo. Dipatlisiso di bontsha gore ditoro tse re di gakologelwang ke tse re neng ra thanya fa re sa ntse re di lora, kgotsa ra thanya metsotso e se kae fa di sena go khutla. Kafa letlhakoreng le lengwe, go lora ditoro tse di tshosang go ka nna ga dira gore re tlhobaele le go palelwa ke go boa re thulamela.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go robala mo go lekaneng bosigo go dira gore o nne o thantse e bile o tlhapogetswe letsatsi lotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Jaanong baitsesaense ba a itse gore boroko bo na le medikologo le dikgato tse di farologaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Nna kelotlhoko fa o nwa melemo e e robatsang

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Batho ba ba gogang ba palelwa ke go thulamela