Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leitlho la Moth

Leitlho la Moth

A le Ne le Tlhamilwe?

Leitlho la Moth

● Bontsi jwa mefuta eno ya dirurubele e fofa thata bosigo. Fa ditshedi tse dingwe tse di tsamayang bosigo di kgona go bonala fa marang a lesedi a dira gore matlho a tsone a phatsime, moth yone e na le mokgwa o o rileng wa go iphitlha—lethaitlho la yone le ntsha lesedi le le nnye thata.

Ela tlhoko: Leitlho la moth le na le lethaitlho le le sa tlwaelegang—le dirilwe ka ditlhophanyana tsa makukunopu a mannye thata, a a rulagantsweng ka dipopego tse di dikhutlo tse thataro. Peng Jiang, mothusa porofesa wa boenjenere jwa dikhemikale kwa Yunibesithing ya Florida kwa U.S.A., o bolela gore makukunopu ao “a mannye thata go feta boleele jwa marang a lesedi le le bonalang.” Tsela e dipopego tseo di dirilweng ka yone le bogolo jwa makukunopu ano e thusa leitlho la moth go tshwara lesedi go tswa mo matlhakoreng otlhe le mo dikhutlong tse di farologaneng. Makukunopu ano a mannye, a boleele jwa di-nanometer di le 200 go ya go di le 300. Fa re tshwantsha, bophara jwa moriri wa motho e ka nna di-nanometer di le 80 000!

Baenjenere ba solofela gore go nna le kitso e e oketsegileng ka lethaitlho la moth go tla ba thusa gore ba tokafatse tsela e ba dirang light-emitting diodes (LEDs) ka yone, e leng [didirisiwa tsa motlakase tse di ntshang lesedi] le liquid crystal displays (LCDs) [didirisiwa tse di bontshang dikirisetale] tse gantsi di dirisiwang mo didirisiweng tsa dieleketoroniki. Mokgwa o leitlho la moth le dirilweng ka one o ka nna wa dirisiwa gape le mo didirisiweng tsa motlakase wa letsatsi. Diphanele tsa motlakase wa letsatsi tsa silicon di ka nna tsa ntsha mo e ka nnang diperesente di le 35 tsa lesedi—e leng go senyega ga maatla a mantsi a a tlhokegang. Le fa go ntse jalo, ka go latela tsela e makukunopu a leitlho la moth a rulagantsweng ka yone, Jiang le badiri ka ene ba ne ba dira silicon e e ntshang diperesente tse di kwa tlase ga tse tharo tsa lesedi. Jiang o konela jaana: “Re ka ithuta go le gontsi thata mo dipopegong tseno tsa tlholego.”

O akanya eng? A popego e nnye ya leitlho la moth e e sa ntsheng lesedi e itlhagetse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Leitlho la “moth” le na le lethaitlho le le dirilweng ka makukunopu a mannye a a rulagantsweng ka dipopego tse di nang le dikhutlo tse thataro

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Papetlana ya “silicon” e e nang le makukunopu a a sa ntsheng lesedi e e dirisiwang mo diphaneleng tsa motlakase wa letsatsi

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Moth eye close-up: Courtesy of Dartmouth Electron Microscope Facility; silicon close-up: Courtesy Peng Jiang