Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Kgatlhegela Thata go Itse ka Bofelo Jwa Lefatshe

Batho ba Kgatlhegela Thata go Itse ka Bofelo Jwa Lefatshe

A O A tshoga fa o akanya ka isagwe? Fa e le gore go ntse jalo, ga o nosi. Go tloga mo metlheng ya bogologolo, batho ba ile ba fopholetsa dilo malebana le se se tla diragalang ka lefatshe mme ba le bantsi ba ile ba swetsa ka gore isagwe ya lefatshe e letobo. Go ralala diketekete tsa dingwaga, batho ga ba bolo go kgatlhegela kgang ya gore lefatshe le tla fela.

Ka sekai, akanya ka ditlhamane tsa bosheng. Dikhomiki, thelebishine, difilimi di le makgolokgolo le dibuka di le diketekete di bua ka ditlhamane tse di malebana le kafa lefatshe le tlileng go fela ka gone. Ditlhamane tseno di bolela ka mefuta yotlhe ya dilo tse di tla tlhaselang batho di bo di ba bolaya botlhe—diroboto tse di bolayang batho, bodimo ba mefutafuta, dibopiwa tse di tswang kwa dipolaneteng di sele, dithokolosi, dipoko, dikgogela, ditshwene, dinonyane, magotlo a matonatona le meruthwane e megolo. Eleruri ga go na ope yo o ka isang ditlhamane tse di ntseng jalo tlhogong!

Gone ke boammaaruri gore ditlhamane le dikgopolo tse dingwe di dira gore batho bangwe ba tshoge le go feta. Dingwe tsa tsone di iphaka gore di theilwe mo saenseng. Tlhamane nngwe e bolelela pele gore boalo jotlhe jo bo fa godimo jwa lefatshe bo tla suta thata mme seo se tla felela ka gore go nne le ditsunami tse dikgolo, dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le makgwamolelo a magolo thata. E nngwe ya re dipolanete di tla tlhomagana di bo di dira gore diphefo tsa letsatsi di gakale le go baka tshenyo e kgolo mo lefatsheng. Mme e nngwe e gatelela gore ka tshoganyetso maatla a lefatshe a makenete a tla fetola tsela e a tsamayang ka yone a bo a dira gore marang a a kotsi a letsatsi a re bolaye rotlhe. Se tshwenyege. Dilo tseno di ka se direge. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tse di ntseng jalo tse di ikakanyeditsweng di sa  ntse di ngoka kgatlhego ya batho ba le bantsi.

Go tweng ka dibuka tse dintsintsi le di-Web site tse di bolelelang pele gore lefatshe le tla fela ka December 21 mo go one ngwaga ono? Polelelopele nngwe ya re polanete nngwe e go tweng ke Nibiru (kgotsa Planet X) e tla e lebagane le lefatshe mme e tla thulana le lone ka December 2012. Kgang eno le tse dingwe tse go se nang bosupi ka tsone di theilwe mo ditlhalosong tsa khalendara ya bogologolo ya Ba-Maya, e bangwe ba reng e fela ka 2012, ka nako ya mariga fa diura tsa motshegare di le dikhutshwane.

E re ka batho bangwe ba tlhotlheleditswe ke dipolelelopele tse di tshwanang le tseno tsa masetlapelo, ba agile mafelo a tshireletso mo dijarateng tsa bone kgotsa ba dirisitse madi a mantsi go duelela diphaposi tse ba tla tshabelang kwa go tsone mo mafelong a a agilweng kafa tlase ga lefatshe. Ba bangwe ba fudugetse kwa dithabeng mme ba kgona go itshelela fela ba sa dirise dilo tse di dirisiwang ke batho botlhe tse di jaaka metsi, dithutafatsi kgotsa motlakase.

Gone ke boammaaruri gore go na le batho ba ba sa dumeleng sepe sa dilo tseno. Ga ba dumele kgopolo ya gore lefatshe le tla tloga le fela. Ka sekai, baitsesaense ba kwa NASA ba gatelela jaana: “Go ka se direge sepe se se bosula ka Lefatshe ka 2012. Polanete ya rona e ntse e se na mathata ape ka dingwaga di feta dibilione di le 4 e bile baitsesaense ba ba ikanngwang go ralala lefatshe ga ba itse ka matshosetsi ape a a amanang le 2012.”

Le fa go ntse jalo, e tla bo e le phoso go swetsa ka gore batho ga ba mo kotsing epe kgotsa gore batho ba ba tsiediwang motlhofo ke bone fela ba ba dumelang gore bofelo jwa lefatshe ga se tlhamane fela. A ruri lefatshe leno le tla fela? Fa e le gore go ntse jalo, le tla fela jang le gone leng?