Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Robert Boyle

Robert Boyle

Batho ba ba ratang hisitori ba ka gakologelwa Robert Boyle e le moitsesaense yo Boyle’s law e neng ya teelelwa ka ene. Boyle’s law ke molao wa tlholego o o tlhalosang gore maatla a gase a amana jang le selekanyo sa yone. Tshedimosetso eno ya botlhokwa e a e ribolotseng e ne ya thaya motheo wa diphetogo tse dintsi tse di neng tsa latela tsa saense. Mme Robert Boyle e ne e se mankge mo go tsa saense fela. Gape go tsewa gore e ne e le monna yo o neng a na le tumelo e kgolo mo Modimong le mo Lefokong la Gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele.

BOYLE o tsholetswe mo lelapeng le le humileng kwa Lismore Castle, kwa Ireland ka 1627. E ne e le fa go tloga go simologa motlha o borahisitori ba o bitsang motlha wa matlhale—nako e ka yone boramatlhale ba neng ba leka go ntsha batho mo mokgweng wa go tatalalela dilo tse motho a di dumelang, o o neng o dirile batho makgoba ka makgolokgolo a dingwaga. Boyle le ene o ne a na le boikaelelo joo. Mo pegong e a neng a e kwala ya botshelo jwa gagwe fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a ipitsa Philaretus, mo go kayang “Morati Wa se Se Molemo.”

Boyle o ne a na le keletso ya go ithuta boammaaruri mme gape o ne a na le keletso e kgolo fela jalo ya go bolelela ba bangwe sengwe le sengwe se a se ithutileng. O ne a nna mokwadi yo o atlegileng, yo dilo tse a neng a di kwala di neng tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba le bantsi ba motlha wa gagwe, go akaretsa le rasaense yo o itsegeng e bong Sir Isaac Newton. Ka 1660, Boyle e ne e le mongwe wa bathei ba Royal Society, e e leng setheo sa saense se se sa ntseng se le gone kwa Lontone, kwa Engelane.

MONNA WA SAENSE

Boyle o tlhalosiwa e le mothei wa khemiseteri. O ne a dira dilo ka tsela e e farologaneng thata le ya baitse ba saense ya dikhemikale ba motlha wa gagwe. Bone ba ne ba boloka dilo tse ba di lemogileng mo dipatlisisong tsa bone e le khupamarama kgotsa ba di kwala ka mafoko a a bofitlha gore batho ba ba seng karolo ya dipatlisiso tsa bone ba se ka ba di tlhaloganya. Go farologana le bone, Boyle ene o ne a gatisa dintlha tsotlhe tsa tiro ya gagwe a sa fitlhe sepe. Mo godimo ga moo, go na le gore a amogele fela ditlhaloso tse di sa bolong go dumelwa, o ne a buelela  gore go dirisiwe diteko tsa saense go tlhomamisa boammaaruri jwa kgang.

Diteko tsa ga Boyle di ne di buelela kgopolo ya gore dilo (matter) di bopilwe ka se a neng a se bitsa di-corpuscle, e leng dikarolwana tsa mofuta mongwe tse di kopanang ka ditsela tse di farologaneng go bopa dilo tse di farologaneng.

Tsela e Boyle a neng a dira dipatlisiso tsa saense ka yone e sobokantswe sentle mo bukeng ya gagwe e e itsegeng e e bidiwang The Sceptical Chymist. Mo bukeng eo o akantsha gore baitsesaense ba tile go ikgogomosa kgotsa go tatalalela se ba se dumelang mme ba iketleetse go amogela diphoso tsa bone. Boyle o ne a gatelela gore batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang ba tshwanetse go farologanya ka kelotlhoko dilo tse ba itseng gore di boammaaruri le dilo tse ba akanyang gore di boammaaruri.

Boyle o ne a gatelela gore batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang ba tshwanetse go farologanya ka kelotlhoko dilo tse ba itseng gore di boammaaruri le dilo tse ba akanyang gore di boammaaruri

MONNA WA TUMELO

Boyle o ne a dira dilo ka tsela e e tshwanang le eo mo dilong tse di amanang le Modimo. Se a neng a se ribolola ka lobopo mmogo le tsela e e jesang kgakge e ditshedi di bopilweng ka yone e ne ya mo tlhatswa pelo gore go tshwanetse ga bo go na le Motlhami le Mmopi. Ka jalo o ne a sa dumalane le moya wa go latola Modimo o o neng o ntse o ata gareng ga boramatlhale ba motlha wa gagwe. Boyle o ne a swetsa ka go re ga go na ope yo o dirisang tlhaloganyo ya gagwe a sa iphoufaletse boammaaruri yo o ka se dumeleng gore Modimo o teng.

Le fa go ntse jalo, Boyle o ne a sa akanye gore batho ba ne ba ka bona boammaaruri ka dilo tsa bodumedi ka botlhale jwa bone fela. O ne a bona go tlhokega gore Modimo a re senolele dilo ka tsela nngwe. O ne a re tshenolo eo ke Lefoko la Modimo, Baebele.

Boyle o ne a tlhobaediwa ke gore batho ba le bantsi ba ne ba sa itse dithuto tsa Baebele e bile go bonala ba se na motheo wa se ba se dumelang. O ne a ipotsa jaana: A tota go siame gore tumelo ya motho e theiwe fela mo go se batsadi ba gagwe ba se dumelang kgotsa gore e theiwe mo go reng o tsholetswe kae? Boyle o ne a simolola go nna le keletso e kgolo ya go batla go thusa batho gore ba oketse kitso ya bone ka Baebele.

Gore Boyle a fitlhelele seno, o ne a thusa ka madi gore Baebele e gatisiwe ka dipuo di le dintsi. Dipuo tseno di akaretsa dingwe tsa dipuo tsa batho ba ba tlholegang kwa Amerika Bokone mmogo le Searabia, Se-Ireland, Se-Malay le Se-Turkey. Ka jalo, Robert Boyle o ne a itshupa e le monna yo o boikokobetso yo o nang le talenta mme a na le keletso e kgolo ya go batla boammaaruri mo dilong tsotlhe le go thusa batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo.