Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Fa Ngwana wa Gago wa Mosha a Ikgobatsa

Fa Ngwana wa Gago wa Mosha a Ikgobatsa

KGWETLHO

O lemoga gore ngwana wa gago wa mosha o ntse a ikgobatsa ka boomo. O ipotsa jaana: ‘Tota seno se kaya eng? A ngwanake o leka go ipolaya?’

Tota go ka tswa go sa nna jalo. Mme fa e le gore mosha wa gago o a ikgobatsa, * mosha yoo o tlhoka thuso. O ka mo thusa jang? Sa ntlha, sekaseka gore ke eng se se ka tswang se dira gore a itshware ka tsela eno e e tlhobaetsang.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

A go ikgobatsa ke mokgwa fela o o tlwaelegileng? Gone ke boammaaruri gore basha bangwe ba ikgobatsa ka gonne ba utlwile gore ba bangwe ba dira jalo. Tota le fa bangwe ba go dira ka gonne ba bona ba bangwe, ba le bantsi ga ba go dire ka lebaka leo. Ka ntlha yang? Gantsi motho yo o ikgobatsang o dira jalo mo sephiring mme mokgwa ono o mo tlhabisa ditlhong fela thata. Celia * wa dingwaga di le 20 a re: “Ke ne ke sa batle ope a itse gore ke dirang. Ke ne ke tsaya matsapa gore ke fitlhe matsadi a me.”

A go ikgobatsa ke tsela fela ya go batla go tsewa tsia? Ba bangwe ba ka go dira ka boikaelelo joo. Mme batho ba ba ikgobatsang ba go buiwang ka bone mo setlhogong seno, gantsi ba fitlha mokgwa ono e bile ga ba leke go kgatlha ope ka dintho kgotsa matsadi a bone. Go ntse go le jalo, mongwe yo o kileng a bo a ikgobatsa a re o ne a eletsa e kete mongwe a ka lemoga gore o a ikgobatsa e le gore kgang eno e itsiwe le gore a bone thuso ka bonako.

Mme gone ke eng fa batho ba ikgobatsa? Dilo tse di dirang gore motho a ikgobatse di dintsi, mme lebaka la konokono ke gore gantsi go a bo go na le sengwe se se utlwisitseng mosha botlhoko thata mo a sa kgoneng go tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone. Mo bukeng ya gagwe ya Cutting, moitse wa boitekanelo jwa tlhaloganyo e bong Steven Levenkron a re motho yo o ikgobatsang ke “mongwe yo o lemogileng gore go ikutlwisa botlhoko mo mmeleng go ka fodisa kutlobotlhoko ya maikutlo.”

Gantsi motho yo o ikgobatsang o a bo a utlwisitswe botlhoko thata ke sengwe mo a sa kgoneng go tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone

Go tweng fa o itshwaya phoso? Go na le gore o tlhome mogopolo mo go reng ngwana wa gago a ka tswa a ikgobatsa ka gonne o sa dira seabe sa gago sentle jaaka motsadi fa o mo godisa, tlhoma mogopolo mo go nneng motsadi yo o molemo go mo thusa go latlha mokgwa ono.

 SE O KA SE DIRANG

Kgothaletsa ngwana wa gago wa mosha gore a go bolelele dilo tse di mo tshwenyang. Dintlha tse di latelang di ka thusa.

Mo gomotse. Fa ngwana wa gago wa mosha a go bolelela gore o a ikgobatsa, leka gore o se ka wa tsiboga ka tsela e e bontshang gore o gamaregile kgotsa o tshogile. Go na le moo, bua le ene ka tsela e e gomotsang o digile makgwafo.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bathesalonika 5:14.

Mmotse dipotso o sa mo tshwaye diphoso. Ka sekai, o ka re: “Ke a itse gore ga se ka metlha o ratang se o leng sone. Ke eng se se go kgobang marapo thata?” kgotsa “Nka go thusa jang fa o tlhobaela kgotsa o tshwenyegile thata mo maikutlong?” kgotsa “O akanya gore ke eng sa botlhokwatlhokwa se nka se dirang gore nna le wena re atamalane thata?” Mo reetse o sa mo tsene ganong fa a araba.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 1:19.

Thusa ngwana wa gago wa mosha go lemoga dinonofo tsa gagwe tse di molemo. E re ka gantsi batho ba ba ikgobatsang ba tlhoma mogopolo thata mo dilong tse ba tlhaelang mo go tsone, gongwe o ka kgothaletsa mosha wa gago go lemoga dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Gongwe e bile o ka akantsha gore a kwale dilo le fa di ka nna tharo tse a di ratang ka ene. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Briana la re: “Go kwala dilo tse ke nang le bokgoni mo go tsone go nthusitse go bona gore ke na le dinonofo tse di molemo.” *

Kgothaletsa mosha wa gago go rapela Jehofa Modimo. Baebele ya re: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Lorena wa dingwaga di le 17 a re: “Ke ile ka dira bojotlhe gore ke tshololele Jehofa Modimo maikutlo a me, segolobogolo fa ke ne ke raelesega go ikgobatsa. Go nthusitse gore ke leke ka natla go tlogela mokgwa ono.”—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bathesalonika 5:17.

^ ser. 5 Go ikgobatsa ke mokgwa wa go nnela go ikutlwisa botlhoko, e ka tswa e le ka go itshega, go itira matsadi, go ititaya kgotsa ka mokgwa ope fela o sele.

^ ser. 7 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 15 Gantsi go ikgobatsa ke letshwao la go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa bolwetse bongwe. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka tlhokega thuso ya tsa bongaka. Tsogang! ga e buelele tsela epe e e rileng ya go rarabolola kgang eno. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore mefuta epe fela ya kalafi e ba e tlhophang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.