Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Zheng He

Zheng He

“Re tsamaile sekgala sa di-li * di feta dikete di le lekgolo re raletse bophadiphadi jwa metsi mme ra bona makhubu a magolo mo lewatleng a e keteng dithaba a bilogela kwa godimodimo kwa loaping, ra ba ra bona le dinaga tse di kwa kgakalakgakala tsa batswakwa . . . disaile tsa dikepe tsa rona di phuthololetswe kwa godimo jaaka e kete maru bosigo le motshegare, di tsamaya ka tsela ya (bonako jo e keteng jwa) naledi, re tsamaya mo makhubung a a galefileng jaaka e kete re tsamaya mo tseleng fela ya botlhe.”—Mafoko a a gabilweng a lekgolo la bo15 la dingwaga kwa Changle, Fujian, kwa China, a go tweng ke a ga Zheng He.

CHINA ke naga ya dilo tse dikgolo. E na le palo e kgolo thata ya banni go gaisa dinaga tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng gape e kgolo go di gaisa. Batho ba naga eno ba ne ba aga Great Wall [Lebota le Legolo], nngwe ya ditiro tsa go aga tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa mo hisitoring. Setlhopha sa dikepe tse dikgolo tse di neng tsa agiwa ke Babusibagolo ba losika lwa segosi lwa kwa China loorra Ming e bong Yongle le Xuande se ne se le segolo go gaisa dipe fela tse di neng di tla dirwa mo makgolong a le matlhano a a latelang a dingwaga. Mokaedimogolo wa setlhopha seo e ne e le Momoseleme yo o tswang kwa borwabophirima jwa China yo o neng a bidiwa Zheng He.

MAATLA, KGWEBO LE MPHO YA KGOSI

Go ya ka mokwalo o o gabilweng o bontlhanngwe jwa one bo nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, maitlhomo a ga Zheng He e ne e le “go bontsha kafa bomolemo (jwa mmusomogolo) bo ka nnang maatla ka gone le go tshwara batho ba dinaga tse di kgakala ka bopelonomi.” Mokwalo oo wa re ka ntlha ya maeto ao, “dinaga tse di kgakalakgakala le tse di kwa dintlheng tsa lefatshe, tsotlhe di setse di laolwa [ke China] . . . Batswakwa ba ba tswang moseja ga mawatle . . . ba tlile [kwa bonnong jwa mmusimogolo] ba tshotse dilwana tse di tlhwatlhwakgolo le dimpho.”

Mangwe a maemakepe a dikepe tsa ga Zheng He di fitlhileng kwa go one

Ga go bolo go ganetsanwa ka gore maitlhomo a babusibagolo ba losika lwa segosi loorra Ming e ne e le afe fa ba tsaya mesepele eno. Bangwe ba tsaya Zheng He e ne e le moemedi wa tsa setso wa setšhaba  se se maatla mme se rata kagiso yo o neng a thusa gore se dirisane le ditšhaba tse dingwe ka kagiso. Ba bangwe ba bona boikaelelo jwa gagwe e ne e le go gatelela dinaga tse di mo taolong ya naga ya gagwe. Gone ke boammaaruri gore Zheng He o ne a abela babusi ba ba neng ba mo amogela dimpho tsa maemo a a kwa godimo e bile a ba thusa ka tsa dipolotiki, mme ba ba neng ba gana go bontsha gore ba ikobela mmusimogolo wa losika loorra Ming le go mo naya dimpho, o ne a ba fenya a bo a ba dira magolegwa. Ka ntlha ya mesepele e megolo ya dikepe tsa ga Zheng He, babusi ba le bantsi go tswa kwa mafelong a a dikologileng Indian Ocean ba ne ba romela baemedi ba dinaga tsa bone kwa China go ya go bontsha mmusimogolo tlotlo.

Le fa go ka tswa go ile ga direga eng, dikepe tsa ga Zheng He di ne di tsamaya di tshotse le dilwana tsa maemo a a kwa godimo tse di betlilweng di bo di phatsimisiwa, dilwana tsa letsopa le lesweu le lesesane le tsa sei tse di dirilweng ke badiri ba losika loorra Ming gore ba di rekise kwa maemakepeng a a kgakala. Dikepe tseo di ne di boa di tshotse majana a a tlhwatlhwakgolo, dinaka tsa tlou, ditswaiso, mefuta ya dikgong tsa kwa boboatsatsi le dilwana tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo tse di tseelwang kwa godimo ke Ba-China. Di ile tsa ba tsa tla di rwele thutlwa, e go tweng e ne ya kgatlha batho ba kwa China thata. Ka go ananya dilwana le dikgopolo jalo, dinaga tse dingwe mo lefatsheng di ne tsa kgona go bona maoko a botshelo jwa kwa China jwa maemo a a kwa godimo mo lekgolong la bo15 la dingwaga.

Maeto ao a dikepe a a tlhomologileng ga a ka a tswelela. Masome a se kae fela a dingwaga morago ga mesepele ya ga Zheng He, China e ne ya kgaotsa go gweba le go dirisana le dinaga di sele. E re ka mmusimogolo yo mosha le bagakolodi ba gagwe ba Ba-Confucius ba ne ba bona go sa tlhokege go dirisana le dinaga di sele, ba ne ba leka go dira gore naga ya bone e se ka ya tlhotlhelediwa ke dinaga tse dingwe. Ba ne ba dira gore setlhopha seo sa dikepe se felelwe ke nako, e bile go lebega ba ne ba senya direkoto tsa maeto a tsone a magolo, tota le e leng dikepe ka botsone. Ke mo dingwageng tsa bosheng fela jaana batho ba kwa China le ba dinaga tse dingwe ba ileng ba utlwa ka motlha oo wa botlhokwa wa fa dikepe tsa ga Zheng He di ne di ralala mawatle.

^ ser. 3 Li ke tsela ya Se-China ya go lekanya sekgala mme e ntse e fetofetoga mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta. Go dumelwa gore mo motlheng wa ga Zheng He, li e le nngwe e ne e lekana le mo e ka nnang nngwetharong ya mmaele kgotsa halofo ya kilometara.