Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | BASHA

Tsela ya go Emelana le Kgatelelo ya Dithaka

Tsela ya go Emelana le Kgatelelo ya Dithaka

KGWETLHO

“Fa ke sa ntse ke le kwa sekolong sa bogareng, bontsi jwa bana ba sekolo ba ne ba sa nthate, mme seo se ne se nkutlwisa botlhoko. Mme fa ke simolola sekolo se segolwane ke ne ka dira diphetogo mo tseleng e ke lebegang ka yone le mo bothong jwa me—mme e se diphetogo tse di siameng. Ke ne ke batla thata go nna le ditsala mo ke neng ka ineelela kgatelelo ya dithaka, e le fela gore bana ba ke tsenang sekolo le bone ba nthate.”—Jennifer, 16. *

A wena o lebane le kgatelelo ya dithaka? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa go emelana le yone.

Fa o ineela mo kgatelelong ya dithaka, o nna fela jaaka roboto e e se nang tlhaloganyo ka gonne o letla batho ba bangwe gore ba go laole. Ke eng fa o ba letlelela gore ba go laole jalo?—Baroma 6:16.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Kgatelelo ya dithaka e ka dira gore batho ba ba siameng ba dire dilo tse di bosula.

“Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

“Go ntse jaaka e kete re a itse gore go dira selo se se rileng go phoso, mme fa re lebane le maemo ao, re laolwa ke maikutlo re bo re simolola go itumedisa batho!”—Dana.

Kgatelelo ga e tswe mo dithakeng fela.

“Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.”—Baroma 7:21.

“Go bua boammaaruri fela, gantsi kgatelelo e ke e utlwang ke e ke e ipakelang; ke nna ke eletsang dilo tse dithaka tsa me di buang ka tsone le tse di dirang gore di lebege di le monate.”—Diana.

Go fenya kgatelelo ya dithaka ke sengwe se o ka nnang motlotlo ka sone.

“Nnang le segakolodi se se siameng.”—1 Petere 3:16.

“Go kile ga bo go le thata gore ke emelane le kgatelelo ya dithaka, mme gone jaanong ga ke tshabe go farologana le bana ba bangwe, e bile ke nitama mo ditshwetsong tsa me. Ga go na sepe se se gaisang go robala ka segakolodi se se phepa.” —Carla.

 SE O KA SE DIRANG

Fa dithaka tsa gago di go gatelela go dira sengwe se se sa siamang, leka go dira seno:

Akanya ka ditlamorago. Ipotse jaana, ‘Go tla diragalang fa nka ineela mo kgatelelong ya dithaka mme ke bo ke tshwarwa? Batsadi ba me ba tla akanya eng ka nna? Nna ke tla iteba jang?’—Molaomotheo wa Baebele: Bagalatia 6:7.

“Batsadi ba me ba mpotsa dipotso tse di jaaka eno, ‘Fa o ka ineela, go ka nna ga diragalang ka wena?’ Ba nthusa go lemoga ka fa kgatelelo ya dithaka e ka amang isagwe ya me ka tsela e e sa siamang ka gone.”—Olivia.

Itlhatswe pelo ka se o se dumelang. Ipotse jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa ke dumela gore go tshela ka tsela eno go kotsi mo go nna kgotsa mo bathong ba bangwe?’—Molaomotheo wa Baebele: Bahebera 5:14.

“Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke a tle ke arabe ka go re nnyaa kgotsa ke arabe ka bokhutshwane fela, mme gone jaanong ke kgona go tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ke ka ntlha yang fa ke tla dira sengwe kgotsa ke se kitla ke se dira. Ke tlhomame mo go se ke se dumelang malebana le se se siameng le se se sa siamang. Ke nna ke ikarabelang—e seng motho yo mongwe.”—Anita.

Akanya ka se o leng sone. Ipotse jaana, ‘Ke batla go nna motho yo o ntseng jang?’ Go tswa foo akanya ka kgatelelo e o lebaneng le yone o bo o ipotsa jaana, ‘Motho yo o ntseng jalo o ne a ka dira eng mo seemong seno?’—Molaomotheo wa Baebele: 2 Bakorintha 13:5.

“Ke kgotsofaletse se ke leng sone, ka jalo ga ke kgathale go le kalo gore batho ba bangwe ba akanyang ka nna. Tota e bile, batho ba le bantsi ba rata se tota ke leng sone.”—Alicia.

Akanya ka isagwe. Fa e le gore o sa ntse o tsena sekolo, go ka direga gore mo dingwageng di le mmalwa fela—kgotsa le e leng dikgwedi—bone batho ba o lekang go ba kgatlha ba bo ba sa tlhole e le karolo ya botshelo jwa gago.

“Fa ke ne ke leba senepe se ke se tsereng kwa sekolong, ke ne ke sa tlhole ke gopola maina a bana bangwe ba ke neng ke le mo tlelaseng e le nngwe le bone. Mme fa ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo le bone, ke ne ke tsaya tsela e ba lebang dilo ka yone e le botlhokwa go feta se ke se dumelang. Ruri seo e ne e le boeleele!”—Dawn, yo jaanong a nang le dingwaga di le 22.

Ipaakanye. Baebele ya re: “Itse kafa o tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka gone.”—Bakolosa 4:6.

“Batsadi ba me ba thusa nna le nnake go akanya ka maemo a a rileng, go tswa foo re bo re dira e kete re mo maemong ao, re bontsha gore re ne re ka lebana le one jang gore fa a setse a diragala re itse se re tshwanetseng go se dira.”—Christine.

^ ser. 4 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.