Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Joseph Priestley

Joseph Priestley

“O ne a dira ditiro tse di farologaneng, a tlhoafetse, a le matlhagatlhaga e bile a le pelontle; o ne a kgatlhegela dilo tse dintsi tse di farologaneng, dilo tsa lobopo, tsa boitsholo kgotsa tsa loago; o ne a kgatlhegela saense, thutabodumedi, filosofi le dipolotiki; o ne a leba Menolopuso [ya Fora] ka tsela e e sa tlwaelegang, o ne a boga botlhoko go sa tlhokege; dilo tseno tsotlhe di ka mo dira mogaka wa lekgolo la bosomerobedi la dingwaga.”—Frederic Harrison, rafilosofi.

JOSEPH PRIESTLEY o fitlheletse eng se se tlhomologileng jaana? Dilo tse a di ribolotseng le tse a di kwadileng di tlhotlheleditse tsela e batho ba lebang seabe sa puso ka yone, se Modimo a leng sone, tota le mowa o re o hemang.

Fa Priestley a ne a kwala ka saense kgotsa ka bodumedi, o ne a gana dikgopolo le ditumelo tse di tlwaelegileng mme a buelela boammaaruri le dintlha tse go tlhomamisitsweng boammaaruri jwa tsone. A re boneng gore o dirile seo jang.

FA A NE A BATLA BOAMMAARURI MO SAENSENG

Fa Joseph Priestley—yo o neng a kile a kgatlhegela saense go se kae fela e le go intsha bodutu—a sena go kopana le rasaense wa Moamerika e bong Benjamin Franklin ka 1765, o ne a simolola go dira ditekeletso ka motlakase. Mo ngwageng o o latelang, baitsesaense ka ene ba ne ba kgatlhiwa thata ke dilo tse a neng a di ribolotse mo ba neng ba mo tlhopha gore a tsene mo mokgatlhong wa maemo a a kwa godimo wa Royal Society of London.

Go tswa foo, Priestley o ne a tsena mo go tsa khemiseteri. Mo nakong e khutshwane fela o ne a lemoga digase tse disha di le mmalwa, go akaretsa ammonia le nitrous oxide (gase e e dirang gore motho a tshege). O ne a ba a tlhakanya metsi le khabonetaeokosaete mme ka go rialo a tlhama se go tweng ke carbonated water.

Fa Priestley a ntse a dira diteko kwa borwa jwa Engelane ka 1774, o ne a lemoga gase e e gakgamatsang e e neng e dira gore dikerese tse di tukang di ntshe lesedi le le galotseng  go feta pele. Moragonyana o ne a tsenya dimililitara di le 60 tsa gase eo mo galaseng a bo a tsenya peba mo go yone. Peba e ne ya nna e tshela lobaka lo loleele go menagane gabedi go feta fa e ka bo e tsentswe mo galaseng e e nang le mowa fela o o tlwaelegileng! Priestley ka boene o ne a hema gase eo mme a re “o ne a ikutlwa a kgona go hema botoka thata ka lobakanyana morago ga moo.”

Joseph Priestley o ne a ribolotse okosejene. * Priestley o ne a dirile tshwetso e e phoso, mme ba le bantsi ba sa ntse ba dumela gore thibololo eno “ke yone pinagare ya tiro e a e dirileng mo botshelong jotlhe jwa gagwe.”

FA A NE A BATLA BOAMMAARURI MO BODUMEDING

Fela jaaka Priestley a ne a dumela gore dikgopolo tse batho ba sa bolong go nna le tsone di ne di kgoreletsa boammaaruri jwa saense, gape o ne a dumela gore ditumelo tse di tlwaelegileng le tse di amogelwang di ne di kgoreletsa boammaaruri jwa bodumedi. Se se gakgamatsang ke gore fa Priestley a ntse a batla kitso ya Baebele botshelo jwa gagwe jotlhe, o ne a amogela dikgopolo dingwe tse di neng di thulana le se totatota Baebele e se rutang. Ka sekai, go na le nako e ka yone a neng a sa dumele gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo ka kgakgamatso. Gape o ne a gana thuto ya Baebele ya gore Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele a tla go tshela mo lefatsheng e le motho.

“Fa e le gore saense ke letsholo la go batla boammaaruri, go raya gore Priestley e ne e le moitsesaense wa boammaaruri.”—Katherine Cullen, moitsethutotshelo

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Priestley o ne a senola dithuto tsa maaka tsa bodumedi tse ka nako eo, le go fitlha gompieno, di neng di dumelwa thata mo madumeding a magolo. O ne a kwala a tlhalosa gore boammaaruri jo bo neng bo rutiwa ke Jesu le balatedi ba gagwe, moragonyana bo ne jwa kgotlelwa ka maaka—go akaretsa le thuto ya maaka ya Tharonngwe, tumelo e e seng yone ya gore moya ga o swe le kobamelo ya ditshwantsho e tota e kgalwang ke Baebele.

Baagi ba bangwe kwa Engelane ba ne ba galefisiwa ke dikgopolo tsa bodumedi tsa ga Priestley le gore o ne a ema nokeng Menolopuso ya Amerika le Fora. Ka 1791, segongwana sa batho se ne sa senya legae la gagwe le laboratori mme kgabagare Priestley o ne a tshabela kwa United States. Le fa Joseph Priestley a gopolwa thata ka dilo tse a di ribolotseng tsa saense, o ne a dumela gore go ithuta ka Modimo le maikaelelo a Gagwe e ne e le “sone selo sa botlhokwatlhokwa.”

^ ser. 10 Moithutakhemiseteri mongwe wa kwa Sweden e bong Carl Scheele o ne a lemogile okosejene pelenyana ga moo, mme ga a ka a gatisa se a se ribolotseng. Moragonyana, moitsekhemiseteri wa kwa Fora e bong Antoine-Laurent Lavoisier o ne a taya okosejene leina.