Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lepang ka Kelotlhoko Dinonyane”

“Lepang ka Kelotlhoko Dinonyane”

DINONYANE di nna mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe mme ke dingwe tsa dibopiwa tse go leng motlhofo go di ela tlhoko. Gape go bo di farologana ka mefuta, mebala, melodi le mekgwa, go ka dira gore e nne sengwe se se itumedisang se o ka ratang go se lebelela fa o ntse o iketlile.

Thaga

O ka kgona go bona sengwe le sengwe se nonyane e se dirang o e lebeletse fela ka fensetere ya gago: Nonyane ya European blackbird e ntse e epa e batla diboko, nonyane ya mokapantsi e e batlanang le ditshenekegi, lephoi le le lekang go ngoka le lengwe, peolwane e e agang sentlhaga sa yone kgotsa talenyana ya mmala wa gouta e ntse e fepa mamphorwana a yone a a tshwerweng ke tlala.

Kgaka ya letlopo

Dinonyane dingwe—tse di jaaka ntsu, segodi, phakalane—di ka go kgatlha tota fa di ntse di fofa mo loaping di batla dijo. Tse dingwe di ka go tshegisa: dithaga tse di lwelang thathana, lephoi le le tonanyana le budulosa sehuba sa lone go kgatlha le le namagadi le le lebegang le se na kgatlhego kgotsa setlhopha sa dinonyane tse di bidiwang rose-pink and gray cockatoo di lepeletse mo megaleng ya motlakase e e ntseng e tshikinyega ka go bo di sa kgone go tsepama mo go yone. Mme o ka kgatlhwa ke go bona bokokolofute, megolodi le magou a a fudugang. Ee ruri, go fuduga go go ntseng jalo ga dinonyane  go ile ga elwa tlhoko ka dingwaga di le diketekete mme babogedi ba sala ba gakgametse go bona bokgoni jwa dinonyane tseno jwa go tsamaya sekgala se seleele di nepa nako le lefelo le di tshwanetseng go ya kwa go lone. Tota e bile Mmopi ka boene o ne a re: “Le eleng mogolori kwa magodimong—o itse sentle metlha ya one e e tlhomilweng; le leeba le peolwane le moritinkole—o tlhokomela sentle nako e nngwe le nngwe ya tsone e tsenang ka yone.”—Jeremia 8:7.

Go Ela Tlhoko Dinonyane mo Motlheng wa Ditiragalo Tsa Baebele

Baebele e bua thata ka dinonyane, gantsi e le go re ruta dithuto tse di botlhokwa. Ka sekai, fa Modimo a ne a bua ka ntšhe le lobelo lwa yone lo lo gakgamatsang, o ne a raya Jobe a re: “Ka nako e e phaphasetsang diphuka tsa yone kwa godimo, o tshega ka pitse le mopalami wa yone.” * (Jobe 39:13, 18) Gape Modimo o ile a botsa Jobe a re: “A ke ka ntlha ya tlhaloganyo ga gago go bo segodi se tlhatlogela kwa godimo, . . . kgotsa a ntsu e fofela kwa godimo ka taelo ya gago.” (Jobe 39:26, 27) Re ithuta eng mo go seno? Dinonyane ga di tlhoke thuso ya rona go dira ditiro tsa tsone. Bokgoni jwa tsone bo supa botlhale jwa Modimo e seng jwa rona.

Kgosi Solomone o ne a kwala ka “modumo wa leeba” o o itsiseng gore dikgakologo di gorogile. (Sefela sa Difela 2:12) Mopesalema o ne a umaka peolwane fa a ne a kwala malebana le kafa a eletsang go direla mo tempeleng ya Modimo ka gone. O ne a bua jaana a supa gore o e tswela pelo: “Le nonyane tota e bone ntlo, le peolwane e iponetse sentlhaga, kwa e beileng bana ba yone gone—sebeso sa gago se segolo, wena Jehofa!”—Pesalema 84:1-3.

“Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?”—Mathaio 6:26

Ditemana dingwe tse di kgatlhang thata tse di buang ka dinonyane ke tse Jesu Keresete a neng a bua mo go tsone. Ela tlhoko mafoko ano a a mo go Mathaio 6:26: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?” Setshwantsho seo se se kgatlhang se tlhomamisetsa balatedi ba ga Jesu gore ba botlhokwa mo Modimong le gore le ka motlha ga ba a tshwanela go tlhobaela ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong.—Mathaio 6:31-33.

Gompieno batho ba le bantsi ba itumelela go itlosa bodutu ka go lebelela dinonyane—mme seo se a utlwala ka go bo dinonyane di re kgatlha ka mekgwa, bontle, ditsela tsa tsone tsa go ngoka tse dingwe tsa bong bo sele le melodi ya tsone. Mme e bile di ka kgona go ruta mmogedi yo o kelotlhoko dithuto tse di botlhokwa mo botshelong. A o tla ‘lepa dinonyane ka kelotlhoko’?

^ ser. 6 Ntšhe ke nonyane e kgolo go feta dinonyane tse dingwe tsotlhe e bile e lobelo thata, e kgona go taboga ka lobelo lwa dikilometara di le 72 ka ura mo nakong e khutshwane.