Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Botshelo bo Simologile Jang?

Botshelo bo Simologile Jang?

O ne o ka feleletsa jang seele se se latelang?

BOTSHELO BO TENG KA ․․․․․.

  1. THUTOTLHAGELELO

  2. POPO

BATHO bangwe ba ka nna ba akanya gore motho yo o itseng saense a ka re botshelo bo nnile gone ka “thutotlhagelelo kgotsa go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe” mme yo o ratang bodumedi ene a re ka “popo.”

Mme ga se ka metlha go ntseng jalo.

Tota e bile, batho ba le bantsi ba ba rutegileng—go akaretsa le baitsesaense ba le bantsi—ga ba dumalane le thuto eno.

Ela tlhoko se se neng sa buiwa ke porofesara mongwe yo o ithutang ka ditshenekegi e bong Gerard, yo o neng a rutiwa thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe kwa kholetšheng. A re: “Ka nako ya ditlhatlhobo, ke ne ke kwala dikarabo tse boporofesa ba neng ba di lebeletse le fa gone ke ne ke sa dumalane le tsone.”

Goreng le batho ba ba itseng saense ba thatafalelwa ke go dumela gore botshelo bo nnile gone ka go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe? Go araba potso eo, akanya ka dipotso tse pedi tse babatlisisi ba bantsi ba sa ntseng ba sa kgone go di araba: (1) Botshelo bo simologile jang? le gore (2) Ditshedi di nnile gone jang?