Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go gatisitswe dibuka di le dimilione tsa Ithute go Bala le go Kwala ka dipuo di feta 100

Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala

Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala

“Batho botlhe ba tshwanetse go itse go bala le go kwala, e leng sengwe se se agang motho e bile se dira gore batho ba kgone go gatela pele mo go tsa loago.”—UNESCO. *

DIPEGO di bontsha gore mo lefatsheng lotlhe batho ba feta dimilione di le 700 ba dingwaga di le 15 kgotsa go feta, ga ba kgone go bala le go kwala. Seo se dira gore ba se ka ba itse dilo di le dintsi jaaka boitshwaro jo bo siameng le dithuto tse di ‘kwaletsweng go re ruta’ tse di mo Baebeleng. (Baroma 15:4) Ka jalo, mo dinageng tse dintsi, fa Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho Baebele, ba ba ruta go bala le go kwala—ba sa ba duedise. A thulaganyo eo e itshupile e atlega?

Akanya ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico, e leng naga e go buiwang Se-Spain thata kwa go yone. Fa e sa le ka 1946, Basupi ba ile ba ruta batho ba feta 152 000 go bala le go kwala e bile bangwe ba baithuti bao e ne ya nna barutisi. Puso e ne ya romelela Basupi makwalo a mantsi morago ga go lemoga tiro eo ya bone. Lekwalo lengwe le ne la re: “Lephata la Thuto le lo akgolela tirisanommogo ya lona mo Thulaganyong ya go Ruta Batho ba Bagolo.”

Bana le bagolo ba solegetswe molemo ke thulaganyo ya go bala le go kwala. Ka sekai, mo dingwageng di le pedi fela, Josefina yo o neng a na le dingwaga di le 101 fa a tsenela khoso eno, o ne a itse go bala le go kwala!

Le fa kwa Mexico go buiwa Se-Spain thata, batho ba rutiwa go bala le go kwala dipuo tse dingwe. Ka 2013, thulaganyo eno e ne ya thusa batho ba ba buang dipuo di le robedi gore ba itse go kwala le go bala puo ya gabone.

Ke boammaaruri gore go itse go bala le go kwala go thusa motho go ithuta dilo tse dintsi. Mo godimo ga moo, go bala le go kwala go thusitse batho ba ditso tsotlhe go bala Baebele—buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e ka ba gololang mo ditlhamaneng, mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi le mo boitsholong jo bo utlwisang botlhoko.—Johane 8:32.

^ ser. 2 United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization.