Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A fa O Boga go Raya Gore Modimo O a Go Otlhaya?

A fa O Boga go Raya Gore Modimo O a Go Otlhaya?

LUZIA O GOLAFETSE MO LEOTONG. Fa a sa ntse a le monnye, o ile a tshwarwa ke bolwetse jwa pholio jo bo koafatsang mesifa ya mmele. Fa a na le dingwaga di le 16, mosadi yo Luzia a neng a mmerekela o ile a mo raya a re: “Modimo ke ene a go golafaditseng ka gonne o ne o sa reetse mmaago e bile o le makgakga.” Go setse go fetile dingwaga mme Luzia o sa ntse a gopola tsela e mafoko ao a ileng a mo utlwisa botlhoko ka yone.

FA DAMARIS A BOLELELWA GORE O NA LE KANKERE YA BOBOKO, rraagwe o ile a mmotsa a re: “O dirileng gore o tsenwe ke bolwetse jono? O tshwanetse wa bo o dirile sengwe se se maswe, ke sone se Modimo a go otlhayang.” Mafoko ao a ile a utlwisa Damaris botlhoko.

Batho ga ba bolo go dumela gore Modimo o otlhaya batho ka malwetse. Buka nngwe e e buang ka meetlo ya nako ya Baebele ya re ka nako ya ga Keresete, batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore “fa motho a lwala, ene kgotsa mongwe wa losika o dirile sengwe se se phoso mme Modimo o mo otlhaela sone.” Buka nngwe e e buang ka malwetse a a bolaileng batho ba le dimilione mo nakong e e fetileng ya re “batho bangwe ba ne ba dumela gore Modimo o ne a otlhaya batho bao ka gonne ba dirile sengwe se se phoso.” Jaanong potso ke gore, fa bolwetse jwa leroborobo bo ne bo bolaya batho ba le dimilione kwa Yuropa ka dingwaga tsa bo1300, a seo se raya gore Modimo o ne a otlhaya batho ba ba sa siamang? Kgotsa a ke fela gore batho bao ba ile ba bolawa ke baketeria e moragonyana babatlisisi ba ileng ba e lemoga? Batho bangwe ba ka ipotsa gore a tota Modimo o dirisa bolwetse go otlhaela batho diphoso tsa bone? *

AKANYA KA SENO: Fa e le gore Modimo o otlhaya batho ka malwetse le ka dilo tse di botlhoko, goreng Morwawe e bong Jesu a ile a fodisa batho ba ba lwalang? A seo se ne se kitla se bontsha gore o nyatsa tsela e Modimo a dirang dilo ka yone? (Mathaio 4:23, 24) Jesu a ka se tsamaye a nyaditse Modimo ka tsela eo. O ile a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang” gape o ne a re: “Fela jaaka Rara a nneile taelo go dira, ke dira jalo.”—Johane 8:29; 14:31.

Baebele ya re ga go na “botlhoka tshiamiso” mo Modimong. (Duteronome 32:4) Ka sekai, Modimo a ka se dige sefofane se se tletseng ka batho ba ba se nang molato fela ka gonne a batla go otlhaya motho a le mongwe mo go sone! Aborahame o ne a itse Modimo e bile a mo direla, ke ka moo a ileng a re Modimo a ka se tsamaye a ‘gogotse basiami le baikepi.’ O ile a re Modimo a ‘ka se ka a dira jalo.’ (Genesise 18:23, 25) Gape Baebele ya re “Modimo ka boene ga a dire boikepo.”—Jobe 34:10-12.

SE BAEBELE E RE RUTANG SONE KA GO BOGA

Fa re boga, ga se gore Modimo o re otlhaela maleo mangwe a re a dirileng. Jesu o ile a tlhalosa ntlha eno sentle fa ene le barutwa ba gagwe ba ne ba kopana le monna yo o tshotsweng e le sefofu. “Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: ‘Rabi, ke mang yo o leofileng, monna yono kgotsa batsadi ba gagwe, mo go dirileng gore a tsalwe a foufetse?’ Jesu a araba a re: ‘Ga se monna yono yo o leofileng le fa e le batsadi ba gagwe, mme e ne e le gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene.’”—Johane 9:1-3.

Barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakgametse tota fa ba mo utlwa a bua jalo ka gonne ka nako eo batho ba ne ba na le kgopolo eo e e phoso. Jesu o ile a fodisa monna yono e bile gape o ile a ruta batho gore Modimo ga a otlhaye batho ka dilo tse di bosula. (Johane 9:6, 7) Batho ba ba lwalang thata ga ba a tshwanela go tshwenyega kgotsa go akanya gore Modimo ke ene a dirang gore ba lwale.

Goreng Jesu a ne a fodisa batho ba ba lwalang fa e le gore Modimo o ne a ba otlhaetse diphoso tse ba di dirileng?

Baebele ya re

  • “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (JAKOBE 1:13) Mo nakong e e sa fediseng pelo, ‘dilo tsotlhe tse di bosula’ tse di jaaka malwetse, ditlhabi le loso e tla bo e le dilo tsa maloba.

  • Jesu Keresete o ne a “alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe.” (MATHAIO 8:16) Fa Morwa Modimo a ne a fodisa batho, o ne a bontsha se Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go se direla batho mo lefatsheng lotlhe.

  • “Mme [Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—TSHENOLO 21:3-5.

KE MANG YO O RE BOGISANG?

Goreng batho ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko? Go fetile dingwagangwaga batho ba ipotsa potso eno. Fa e le gore ga se Modimo, jaanong ke mang? Tsebe e e latelang e tla araba dipotso tseno.

^ ser. 4 Le fa mo nakong e e fetileng Modimo a ile a otlhaya batho fa ba dirile diphoso dingwe, Baebele ga e rute gore gone jaanong Modimo o dirisa malwetse kgotsa masetlapelo go otlhaya batho ba ba dirileng diphoso.