Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO NA LE BAENGELE? GORENG O TSHWANETSE GO ITSE?

A o Na le Moengele Yo o Go Tlhokomelang?

A o Na le Moengele Yo o Go Tlhokomelang?

Baebele ga e rute gore mongwe le mongwe o na le moengele yo o mo tlhokomelang. Ke boammaaruri gore Jesu o kile a re: “Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano [barutwa ba ga Keresete]; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.” (Mathaio 18:10) Ka jalo, Jesu o ne a sa reye gore mongwe le mongwe o na le moengele yo o mo tlhokomelang; o ne a raya gore baengele ba itumelela go thusa mongwe le mongwe wa barutwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba dire dilo ba sa akanya le go tshela botlhaswa fela, ba tsaya gore baengele ba Modimo ba tla ba sireletsa.

A seo se raya gore baengele ga ba thuse batho? Nnyaa. (Pesalema 91:11) Batho bangwe ba akanya gore Modimo o ba sireletsa le go ba kaela a dirisa baengele. Kenneth yo go builweng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno le ene o akanya jalo. Le fa gone re sa tlhomamisega, a ka tswa a nepile. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba nna ba bona bosupi jwa gore baengele ba a ba thusa fa ba ntse ba dira tiro ya go rera. Le fa go ntse jalo, e re ka baengele e le meya, ga re itse gore Modimo o ba dirisa mo maemong afe go thusa batho. Mme gone, go tla bo go se phoso go lebogela thuso e Mothatayotlhe a re neileng yone ka nako e re e tlhokang.—Bakolosa 3:15; Jakobe 1:17, 18.