Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA BONA KGOMOTSO KAE?

Mafoko a Kgomotso ka Dinako Tsa Mathata

Mafoko a Kgomotso ka Dinako Tsa Mathata

Mathata a tla ka ditsela tse di farologaneng. Re ka se kgone go bua ka one otlhe mo setlhogong seno, mme a re sekasekeng a le manè a re setseng re tlotlile ka one. Ela tlhoko kafa Modimo a gomotsang ka gone batho ba ba lebaneng le mathata a a farologaneng.

FA O LATLHEGELWA KE TIRO

“Ke ne ka ithuta go bereka tiro nngwe le nngwe le go fokotsa go reka dilo tse re sa di tlhokeng.”—Jonathan

Seth * a re: “Nna le mosadi wa me re ne ra latlhegelwa ke tiro ka nako e le nngwe. Re ne ra fetsa dingwaga tse pedi re tshela ka go thusiwa ke ba losika le go dira ditiro tsa nakwana. Seo se ne sa dira gore mosadi wa me e bong Priscilla a tshwenyege thata mme nna ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.

“Re ile ra kgona jang go itshoka? Gangwe le gape Priscilla o ne a gopola mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:34. Temana eo ya re re se ka ra tshwenyega ka letsatsi le le latelang ka gonne letsatsi lengwe le lengwe le na le ditlhobaelo tsa lone. Mme thapelo e ne ya mo thusa gore a kgone go itshoka. Nna ke ne ka kgothadiwa ke Pesalema 55:22. Fela jaaka mopesalema, ke ile ka latlhela mokgweleo wa me kwa go Jehofa mme o ne a nthusa. Le fa gone jaanong ke bereka, ga re tshele botshelo jwa manobonobo go na le moo, re tshela go dumalana le kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:20-22. Mo godimo ga moo, re atamalane thata jaaka lelapa e bile re atamalane thata le Modimo.”

Jonathan a re: “Fa kgwebo ya rona e ne e phutlhama, ke ne ke tshogile ke ipotsa gore go tla direga eng ka rona. Maemo a ikonomi a ne a dira gore tiro yotlhe ya rona ya bonatla ya dingwaga di le 20 e fetoge matsapa a bophiri fela. Nna le mosadi wa me re ne ra simolola go ngangisana ka madi. Re ne re sa kgone go reka ka credit card, ka gonne re tshaba gore e tswadilwe.

“Mme Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo di ne tsa re thusa go dira ditshwetso tse di botlhale. Ke ne ka ithuta go bereka tiro nngwe le nngwe le go fokotsa go reka dilo tse re sa di tlhokeng. E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, Bakeresete ka rona ba ne ba re thusa. Ba ne re dira gore re se ka ra tlhola re inyatsa le go re thusa ka dinako tsa mathata.”

FA LENYALO LE THUBEGA

Raquel a re: “Fa monna wa me a ne a ntlogela, ke ne ka utlwa botlhoko le go galefa. Ke ne ke hutsafetse thata. Ke ne ka atamalana le Modimo mme o ne a nkgomotsa. Fa ke ne ke rapela Modimo letsatsi le letsatsi, kagiso ya gagwe e ne ya disa pelo ya me. Go ne go bonala sentle gore o ne a nthusa mo kutlobotlhokong e ke neng ke le mo go yone.

“Ke leboga Lefoko la gagwe Baebele go bo le ile la nthusa go tlogela letlhoo le kgalefo. Ke ile ka dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Baroma 12:21 e e reng: ‘Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.’

“Go na le nako e ka yone re tshwanetseng go ‘tlhoboga selo se se latlhegileng.’  . . . Gone jaanong ke na le mekgele e mesha e ke ipeetseng yone.”—Raquel

“Tsala nngwe e ne ya nthusa go lemoga gore ke tshwanetse go tswelela pele ka botshelo. O ne a mpontsha Moreri 3:6 mme a mpolelela gore go na le nako e ka yone re tshwanetseng go ‘tlhoboga selo se se latlhegileng.’ Go ne go se motlhofo mme e ne e le selo se ke neng ke tlhoka go se dira. Gone jaanong ke na le mekgele e mesha e ke ipeetseng yone.”

Elizabeth a re: “Fa lenyalo le thubega, o tlhoka batho ba ba tla go emang nokeng. Ke ne ke na le tsala e e neng e ntshegetsa letsatsi le letsatsi. O ne a nthusa go lela, a nkgomotsa le go dira gore ke ikutlwe ke ratiwa go na le go ikutlwa ke tlhokomologilwe. Ke tlhomamisegile gore Jehofa o ne a mo dirisa go nthusa go fola mo maikutlong.”

FA O LWALA KGOTSA O TSOFETSE

“Fa ke sena go rapela, moya wa gagwe o nnaya maatla.”—Luis

Luis yo re buileng ka ene mo ditlhogong tse di fetileng, o ne a na le bolwetse jwa pelo mme mo makgetlong a mabedi o batlile a swa. Gone jaanong o tlhoka go nna diura di le 16 ka letsatsi a le mo okosejeneng. A re: “Ke rapela Jehofa ka metlha. Mme fa ke sena go rapela, moya wa gagwe o nnaya maatla. Thapelo e nthusa go nna le bopelokgale jwa go tswelela ke tshela e re ka ke na le tumelo mo Modimong e bile ke itse gore o amega ka nna.”

Petra yo o mo dingwageng tsa bo80 a re: “Ke batla go dira dilo di le dintsi mme gone ga ke kgone. Ke utlwa botlhoko fa ke bona gore ke felelwa ke maatla. Ke ikutlwa ke lapile thata e bile ke ikaegile ka melemo gore ke kgone go tswelela ke tshela. Gantsi ke na le go ikutlwa jaaka Jesu fa a ne a kopa Rraagwe gore fa go kgonega, senwelo se mo fete. Jehofa o ne a naya Jesu maatla a go itshoka mme le nna o nthusa ka tsela e e tshwanang. Thapelo e nthusa fela thata. Ke ikutlwa ke le botoka thata fa ke sena go bua le Modimo.”—Mathaio 26:39.

Julian yo go fetileng dingwaga di le 30 a tshela ka bolwetse jwa multiple sclerosis (bolwetse jwa go omelela dithishu tsa mmele) le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Ke nna mo setulong sa maotwana go na le go nna mo setulong sa me se ke se ratang thata. Mme ke itumetse ka gonne ke thusa batho ba bangwe. Go aba go fokotsa kutlobotlhoko e bile Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re naya maatla a re a tlhokang. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, le nna ke kgona go bua jaana ke re: ‘Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.’”—Bafilipi 4:13.

FA O TLHOKAFALETSWE

Antonio a re: “La ntlha ke ne ke sa dumele fa ke utlwa gore rre o thutswe ke koloi a bo a tlhokafala. Ke ne ke sa tlhaloganye ka gonne o ne a feta fela mo tseleng. Mme go ne go sepe se nka se dirang. O ne a tsentswe mo motšhineng malatsi a le matlhano pele a tlhokafala. Ke ne ke leka gore ke se ka ka lela fa pele ga mmè mme ke ne ka thubega ka selelo fa ke le nosi. Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore goreng go mo diragaletse.

“Ka dinako tseo tse di thata, ke ne ke nna ke kopa Jehofa gore a nthuse go laola maikutlo a me le go nnaya kagiso. Mme ka iketlo, ke ne ka ritibala mo maikutlong. Ke ne ka gakologelwa gore Baebele ya re ‘rotlhe re diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonwelang pele.’ E re ka Modimo a sa bue maaka, ke tlhatswegile pelo gore ke tla bona rre gape ka nako ya tsogo ya baswi.”—Moreri 9:11; Johane 11:25; Tito 1:2.

“Le fa morwaarona a ile a tlhokafala mo kotsing ya sefofane, re sa ntse re gopola dinako tse di monate tse re nnileng le tsone le ene.”—Robert

Robert yo re buileng ka ene mo setlhogong se se simololang, le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Nna le mosadi wa me re ne ra nna le kagiso ya mogopolo e Bafilipi 4:6, 7 e buang ka yone. Re ne ra nna le yone fa re sena go rapela Jehofa. Kagiso eno ya mogopolo e ne ya re thusa gore re bolelele babegadikgang ka tsholofelo e re nang le yone ya gore baswi ba tla tsosiwa gape. Le fa morwaarona a ile a tlhokafala mo kotsing ya sefofane, re sa ntse re gopola dinako tse di monate tse re nnileng le tsone le ene. Re leka go nna re akantse ka tsone.

“Fa Basupi ba bangwe ba re bolelela gore ba re bone re ritibetse maikutlo tota fa re tlhalosa tumelo ya rona mo thelebisheneng, re ne ra ba bolelela gore seno ke ka ntlha ya dithapelo tse dintsi tsa bakaulengwe ba rona. Tota ke dumela gore Jehofa o ne a re ema nokeng a dirisa melaetsa ya bone e e kgothatsang.”

Jaaka dikai tseno di bontsha, Modimo o kgona go gomotsa batho ba ba lebaneng le mathata le dikgwetlho tse di farologaneng. A wena a ka kgona go go gomotsa? Le fa o ka lebana le mathata a a ntseng jang mo botshelong, go na le mongwe yo o kgonang go go thusa. * Ka jalo, goreng o sa kope Jehofa gore a go thuse? Ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe mo setlhogong seno.

^ ser. 23 Fa o batla go thusiwa gore o atamalane le Modimo gore a kgone go go gomotsa, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa o kwalele lekala le le gaufi le wena.