TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG June 2017

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa July 31 go ya go August 27, 2017.

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno tsa Baebele.

Jehofa O a Re Gomotsa fa re Lebane le Diteko

Ke mathata afe a malapa a Bakeresete a ka lebanang le one gompieno? Fa e le gore o lebane le mathata ano, Modimo a ka go gomotsa jang?

Rata Matlotlo a Modimo a re Neileng One

Ke matlotlo afe a re tshwanetseng go a rata, mme re ka dira seo jang?

O se Ka wa Leba Ponalo Fela

Go ne ga direga eng fa Mosupi mongwe wa ga Jehofa a ne a leka go nna a rerela monna mongwe yo o sa rateng batho e bile a nna mo mmileng?

Rarabolola Dikgotlhang Mme o Dire Kagiso

Batho ba batla kagiso ka patla le jase. Le fa go ntse jalo, fa ba nna mo kotsing ya go latlhegelwa ke maemo kgotsa sengwe se ba diga seriti, bontsi jwa bone ba simolola go dira dilo tse di senyang kagiso. O ka tila seo jang?

“A go Bakwe [Botlhale] Jwa Gago!”

Mafoko ano a ne a buiwa ke Dafide fa a ne a baka Abigaile. Ke eng fa Dafide a ile a mmaka, mme re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa gagwe?

Nna o Tlhomile Mogopolo mo Kgannyeng ya Botlhokwa

Ke kgang efe ya botlhokwa e e re amang rotlhe? Ke eng fa go le botlhokwa gore o e itse?

Tlotlomatsa Bolaodi Jwa ga Jehofa!

Go dumela gore Jehofa ke molaodi yo o siameng wa lobopo go ka ama botshelo jwa gago jang?

A o Ne o Itse?

Goreng Jesu a ne a re bagwebi ba ba neng ba rekisa diphologolo kwa tempeleng ya kwa Jerusalema ke “dinokwane”?